phediso ya matsapa a gone

Eno ke porokeramo e ntšha ya Referella mo sekerining.

 

 

 

Go fitlhelela metswedi e e farologaneng ya tshedimosetso

 

Ka Referella, badiri le baithuti ba kgona go fitlhelela dikaelo di le dintsi tse di tlotlegang tsa go dira ditshupetso.

 

E na le mekgwa e le meraro ya go dira ditshupetso e e dirisiwang ke YBB; NWU Harvard, Mokgwa wa Legoro la tsa Molao la YBB le mokgwa wa American Psychological Association (APA) (tokolola ya bo 7.) mmogo le metsweditshedimosetso e mengwe e e botlhokwa le kaelo.

 

Anneke Coetzee wa Ferdinand Postma Library o rata thata tshedimosetso e e setseng e kokoantswe A re fa e sa le Referella a simolola go dirisiwa ka Ferikgong wa ngwaga ono, ga ba a utlwa sepe fa e se ditshwaelo tse di molemo fela go tswa go badiri le baithuti.

 

“Re motlotlo tota ka porokeramo eno e ntšha. Ditheo tse dingwe le tsone di ile tsa botsa ka kgonego ya go reka Referella go tswa mo go rona.”

 

 

 

 

 

Referella: sedirisiwa se se fitlhelesegang motlhofo sa batlhatlheledi

 

Batlhatlheledi ba ka nna ba tsenya segoke se se isang motho kwa Referella mo disaeteng tsa bone tsa eFundi.

 

Go ya ka Ngaka Kristien Andrianatos wa Senthara ya Akatemi  le Tiro ya Seporofešenale ya go Dira ka Puo, kaelo eno e tshegetsa mokgwa wa go ithuta ga baithuti ka bobone.

 

Fa ba tobetsa digoke tsa go dira ditshupetso tse ba di neilweng mmogo le ditaelo tsa dikabelo tsa bone, ba ka fitlhelela tshedimosetso yotlhe e ba e tlhokang ya go dira ditshupetso. Seno se raya gore batlhatlheledi ga ba kitla ba tlhoka go nna le nako e e oketsegileng mo phaposiborutelong ba ruta ka melaometheo ya go dira ditshupetso.

 

Kgato e e latelang mo go tlhamiweng ga tsamaiso eno e e kgatlhang ke go wediwa ga sedirisiwa sa go ruta le go ithuta, seo setlhopha se ikaeletseng go se feleletsa kwa bokhutlong jwa 2020.

 

Polatefomo eno e tla kgontsha baithuti go ithuta dikgopolo tsa go dira ditshupetso le go tokafatsa dikgono tsa bone tsa go dira ditshupetso ba iketlile ba sa mekamekane le mmojule.

 

 

Setlhopha se se neng se eteletse pele go tlhamiwa ga sedirisiwa se se ntšha sa go dira ditshupetso go simolola ka fa molemeng ke

Anneke Coetzee

Ngaka Kristien Andrianatos

 Mop Tobie van Dyk

Zander Janse van Rensbrug

GO DIRA DITSHUPETSO KWA YBB -

Referella a re go dira ditshupetso tse di nepagetseng ga se gone fela go bontshang gore o motho yo o ikanyegang, gape go dira gore tiro ya gago e tlotlege. Leba bidio eno o bone gore a reng ka mokgwa wa Harvard wa go dira ditshupetso.

Tlhagiso ya ga Referella

Referella, moemedi wa gago yo o matlhagatlhaga le yo o itumetseng, o batla go go tlhofofaletsa botshelo le go go bontsha gore o ka nna mankge jang mo dilong tsotlhe tse di amanang le go dira ditshupetso.

 

Rotlhe re a itse gore go dira ditshupetso ke karolo e e botlhokwa ya didirisiwa tsa akatemi mo YBB go tlhomamisa gore tiro ya yunibesiti e dirwa ka boikanyegi. Le fa go ntse jalo, e ka ja nako e bile e ka tlhakanya tlhogo ka dinako tse dingwe, segolobogolo mo badiring le mo baithuting ba ba se nang maitemogelo.

 

Mme ka thuso ya Referella, moemedi yo o leng nngwe ya didirisiwa tsa go dira ditshupetso mo inthaneteng, malatsi ao a go dira ka natla le go fufulelwa a fetile.

 

Ka ntlha ya maiteko a a kopanetsweng ke badiri ba setlhopha sa serutwa sa YBB sa Puisokwalo ya Akatemi le ke ba Tirelo ya Tshedimosetso, go motlhofo thata jaanong go bona metswedi ya tshedimosetso e e ka ikanngwang, e mekwalo ya yone e ka khutshwafadiwang le go dirisa dinopolo ka nepagalo mo mokwalong mo lenaaneng la ditshupetso.

 

Selo se se fetotseng mokgwa wa go dira ditshupetso ke kaelo e ntšha e e tokafaditsweng ya YBB, e e dirilweng le go tlhamiwa bosha.

 

Referella – ‘mankge’ wa go dira ditshupetso

 

Mop Tobie van Dyk, mokaedi wa Sekolo se se Rutang Dipuo, a re mokgwa o mo ntšha wa go tshegetsa badiri le baithuti ga se kaelo eno fela. Ke sedirisiwa sa thuto se se go kaelang mo polatefomong ya inthanete se se dirang gore go fenyenkolola fa o dira ditshupetso go kgatlhe, go nne motlhofo thata e bile go nne monate.

Sedirisiwa se se ntšha sa go dira ditshupetso se ne sa dirwa morago ga kamogelo semmuso ya leano la tshegetso ka madi.

 

Setlhopha se se neng se eteletse tlhamo ya leano leo pele se akaretsa Tobie, Ngaka Kristien Andrianatos wa Senthara ya Akatemi  le Tiro ya Seporofešenale ya go Dira ka Puo, Anneke Coetzee wa Laeborari ya Ferdinand Postma le Zander Janse van Rensburg, e leng mmenejara wa Senthara ya go Kwala.

 

Go fokotsa matsapa a go dira ditshupetso

 

“Ga go tlhole go na le ope yo o tshwanetseng go nna le mathata a go dira ditshupetso a le nosi,” Tobie, yo o batlang gore babadi ba kopane le Referella, o bolela jalo.  Yono ke moemedi yo o tlhaga le yo o botsalano, yo tshedimosetso e e bonwang ka thuso ya gagwe e leng e e nepagetseng go tlhomamisa gore baithuti ba tlhaloganya botlhokwa jwa go dira ditshupetso  tse di se nang diphoso e bile e le tse di boammaaruri, le gore ba tlhoma mogopolo ka botlalo mo thutong ka boyone.

 

Referella, yo leina la gagwe leng gaufi thata le la Cinderella ka mokwalo, moanelwa yo o itlhametsweng, o tlhaga mo dibidiong di le mmalwa tse di kaelang badirisi kgato ka kgato mo thulaganyong ya go dira ditshupetso. Nngwe ya ditiro tsa gagwe tsa konokono ke go ruta badirisi tsela ya go tila go kopa, go tlhomamisa gore tiro e ba e dirileng ka natla ke e e dirilweng ka boikanyegi.

 

Kristien o tlhalosa gore dibidio tseno tsa go ruta gantsi di golaganngwa le dithutiso le dintlha tse dingwe tsa kaelo, gore badirisi ba tlhabiwe botlhale gore ba nne bomankge mo dilong tsotlhe tse di amanang le go dira ditshupetso.

 

E motlhofo go fenyenkolola ka yone

 

Zander o itumeletse thata ntlha ya gore le fa kaelo e le teng mo inthaneteng fela, e tla kgona go dirisiwa le ka kwa ntle ga inthanete mo bogautshwaneng.

 

Baithuti ba ka ya ka tlhamalalo kwa tshedimosetsong e e rileng e go dirwang ditshupetso ka yone mo didirisiweng tse di farologaneng, mo dikhomphiutheng, mo difounong le mo ditheboleteng. Kristien a re ba solofela gore go fitlhelela tshedimosetso ka bonako go tla dira gore baithuti ba dirise melaometheo ya go dira ditshupetso ka tlhagafalo le ka tsela e e nepagetseng.

 

Kaelo e e tlhabolotsweng ya go dira ditshupetso e dirwa ka LibGuide e go leng motlhofo go e dirisa, baithuti ba kgona go tlhomamisega fa ba kopana le dikgatiso tse dintsi gore ke efe e ba ka e tlhophang go dira ditshupetso ka yone. E ka bonwa fano.