Botlhokwa jwa go ruta dithutego tsa boleng jo bo kwa godimo tsa gerata ya bongaka bo a gatelelwa mo Leanong la Bosetšhaba la Tlhabololo, le le tlhomileng mokgele wa gore ka 2030, re bo re na le bobotlana 75% ya baakatemi ba Maaforikaborwa ba ba tla bong a ithutetse di dikirii tsa gerata ya bongaka.

Ga twe o se atlhole buka ka khabara ya yone. Mme kwa ditheong tsa thutogodimo, batho ba le bantsi ba atlhola “buka” ka palo ya baakatemi ba ba nang le di dikirii tsa gerata ya bongaka.

Ga go gakgamatse go bo bošeng jaana Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso (National Research Foundation [NRF]) o bontshitse gore re tlhoka go nna le se re se bitsang "porojeke ya bongaka” mo Aforikaborwa. Seno se ne sa rotloetsa NRF go dirisana mmogo le Lekgotla la Thutogodimo (Council on Higher Education [CHE]) go tlhatlhoba dithutego tsa gerata ya bongaka tse di rutwang kwa ditheong tsa thutogodimo tsa Aforikaborwa.

 

Ng Jannie Jacobs ke Mokaedi wa Ofisi ya Tokafatso ya Boleng

eish! e ne ya kopa Ngaka Jannie Jacobsz, mokaedi wa Ofisi ya Tokafatso ya Boleng, go re bolelela go le gontsi ka porojeke eno.

 

P: Goreng dithutego tse di ntseng jalo di tlhokega?

K: Lengwe la mabaka a magolo ke gore palo ya digerata tsa bongaka kwa diyunibesiting tsa rona, fa di bapisiwa le palo ya baagi mo Aforikaborwa, ga e ntle fa re e bapisa le palo ya digerata tsa bongaka kwa dinageng tse dingwe.

 

P: A NRF le CHE e tlile go tlhatlhoba dithutego tsotlhe tsa gerata ya bongaka kwa YBB?

K: Ee, ba tla sekaseka fela thata dithutego tsotlhe tsa gerata ya bongaka tse di akarediwang mo Lenaanethutong le Dithutego Tse di Tswakantsweng (Programme and Qualification Mix [PQM]) la yunibesiti, ba dirisa PQM ya 2018.

 

P: Go itshekatsheka goo go akaretsa eng?

K: Go itshekatsheko ke thulaganyo e e tseneletseng. E simolotse ka patlafalo ya gore ditheo tsotlhe tsa Aforikaborwa tse di rutang di dikirii tsa gerata ya bongaka di kwale pego e e tseneletseng ya go itshekatsheka, mme e patwe ke ditokomane tsa bosupi jo bo tlhokegang.

 

Kwa YBB, porojeke eno e ne ya simololwa ka di 30 Phukwi 2019. Komiti ya Tshekatsheko ya Gerata ya Bongaka e ne e eteletse pele, mme yone le magoro, Komiti ya Setlhopha sa Botsamaisi sa Yunibesiti, Senete le Komitikhuduthamaga ya Senete botlhe ba ne ba tsenya letsogo mo go kwaleng pego eno.

 

Fa pego e sena go amogelwa semmuso ke Komitikhuduthamaga ya Senete ka di 20 Mopitlwe 2020, re ne ra e romela go CHE ka di 31 Mopitlwe 2020.

 

P: Go ne go tshwanetse ga tsenngwa tshedimosetso efe mo pegong?

K: Re ne ra tshwanelwa ke go tlatsa thempoleiti e telele tota. Tshedimosetso e ba neng ba e kopa e ne e simolola ka mekgwa ya rona ya go okamela badiri mo tirong go fitlha ka dikopo tsa go ithutela gerata ya bongaka, go ikwadisa, baithuti ba ba tlogelang sekolo, baithuti ba ba wetsang dithuto tsa bone le baithuti ba ba alogang – botlhe ba dirutwa tse dikgolo.

 

 

P: Dikgwetlho tse dikgolo go di feta tsa go kwala pego ya go itlhatlhoba e ne e le dife?

K: CHE e ne e batla tshekatsheko e e sa fetelediwang le boitshekatsheko jo bo tseneletseng. Seno se raya gore re ne re tshwanetse go tsenya le tshedimosetso e re sa e ratang, ya go dumela makoa a rona.

 

P: Kgato e e latelang jaanong ke ya go baakanyetsa go etelwa ga setheo. A o ka re bolelela go le gontsi ka yone?

K: Go etelwa ga setheo go rulaganyeditswe gore go nne ka di 17 go fitlha ka di 21 Phatwe 2020 Morago ga go amogela lenaanethuto le go tshitshintsweng gore go rutwe lone go tswa kwa CHE, re tla berekana le dithulaganyo-kakaretso – ka sekai go beeletsa mafelo a bonno – le go loma tsebe ba phanele e tlileng go ba botsolotsa. Gape re tla tlhomamisa gore ditokomane tsotlhe tse di maleba di gone.

 

P: Kgwetlho e kgolo go di gaisa tsotlhe ka ga go etelwa ga setheo ke efe?

K: Re tshwanetse go lebelela gore go nne le maemo mangwe a a rileng, ka gonne ga re itse gore maloko a phanele a tlile go botsa dipotso dife le gore ba tlile go ya kwa teng-teng go le go kana kang.

 

P: Tshwaelo ya gago ya bofelo ke efe?

K: Go baakanyetsa tshekatsheko eo go tsaya nako e ntsi e bile ke tiro e e boima, mme matsapa a teng ga se a lefela.

 

Pegelokarabo e re tla e amogelang kwa bokhutlong go tswa kwa phaneleng e tla re bontsha mo re dirang sentle gone le moo re ka tokafatsang gone. Kwa bokhutlong, e tla re thusa go ruta dithutego tsa gerata ya bongaka tsa boleng jo bo kwa godimo ka moo go ka kgonegang ka gone.

 

 

‘Porojeke ya bongaka’ ya SA le gore ke eng fa e le botlhokwa mo go rona

TSEPA GO

75%

YA BAAKATEMI

BA MAAFORIKABORWA

BA NA LE DIDIKERII

TSA BONGAKA KA 2030

MOKGELE