Ke rona ba

Go naya ba bangwe tsholofelo ka pina

 

 

Banetetshi ba ka tswa ba sa ntse ba batla moento wa CoVID-19  mme moithuti wa YBB e leng Vivien Redelinghuys ene o setse a lemogile gore mmino o kgona go fodisa tlhobaelo le kgatelesego ya tlhaloganyo e batho ba ka tswang ba na le yone mo nakong eno ya totlelelo.

 

Vivien, moithuti wa ngwaga wa bobedi yo o ithutelang dikirii ya BA ya boithutaloago le ya dikamano le badiri, o ne a kgatlha botlhe ka ponyo ya leitlho morago ga gore a bonwe gotlhe mo mmedieng wa botsalano.

 

Ene le tsala nngwe ya lelapa la gaabo, e leng Anthony Hattingh, ba ne ba tsenya bidio ya bone ba opela pina ya bone e ntšha ya Hallelujah of Hope, e e tserweng mo go ya ga Jeff Buckley ya Hallelujah.

 

Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka Vivien le bente ya gagwe e e santseng e fatlhoga ya mmino wa rock, e e bidiwang Members of Society.

 

Go bona mmino wa ga Vivien go ya pele, mo sale morago mo Instagram @__viv___ kgotsa mo Facebook mo go Vivien Redelinghuys.

 

Reetsa moithuti wa YBB, Vivien Redelinghuys let sala ya lelapa la gagwe ba ba re gopotsang dilo di tla tokafala.

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260