yono o tshwanetse go newa

RURI MOTLHATLHELEDI

Ngaka Deon van Tonder ga se motlhatlheledinyana fela. Ke moeteledipele wa tlhabololo ya dikgono tsa seporofešenale, ke mmueledi wa baithuti ba ba nang le dingongorego e bile o na le kitso.

Eish! e ne e batla go itse go le gontsi ka monna yo o neilweng kabelokhuno eno mme ya kopana le Deon ka bonako fela fa a sena go ikgapela Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a Kwa Godimo a Go Ruta (Distinguished Teaching Excellence Award [DTEA]) ya YBB e e melediwang mathe.

Baithuti:

Lebaka la go bo a fentse

(Tobetsa mo maineng go buisa go feta.)

HOPE MONO

LEAH MABOE

“Ngaka van Tonder o nthutile gore ka metlha ke gagamalele gore sepe fela se ke se dirang e nne sa maemo a a kwa godimo, ka metlha o batla gore dilo di re tsamaele sentle mme ka go ntsha ga tshwene fa a re ruta, o re rotloetsa go ntsha ga tshwene le rona.

 

Mo ngwageng wa me wa ntlha, ke ne ke mmona e le motlhatlheledi yo o bosilo, mme e re ka jaanong ke tloga ke nna moporofešenale wa go ruta, nna ka bonna, ke tlhaloganya ka fa mokgwa wa gagwe wa go ruta o leng mosola ka gone le botlhokwa jwa go ruta ka mokgwa wa seporofešenale.”

 

Hope Mono, moithuti wa BEd wa ngwaga wa bofelo

“Leina le Ngaka van Tonder a retwang ka lone e ne e le 'The Boss’ e bile ke dumela gore ke se a leng sone - re ne re mo tlotla jaaka motlhatlheledi, mme gape re mo rata jaaka moporofešenale wa go ruta.

 

Go simolola ka letsatsi la ntlha mo tlelaseng mo ngwageng wa rona wa ntlha, o ne a re rotloetsa go dira ka natla gore re ntshe bojotlhe ka moo re neng re ka kgona ka gone.  Keletso ya me ka isagwe ke go dira gore a ipele ka nna e bile ke batla go dirisa se a re rutileng sone.”

 

Leah Maboe, moithuti wa BEd wa ngwaga wa bofelo

Go tsaya leeto la go ithuta

“Rotlhe re tsamaya ka ditsela di sele mo botshelong, mme kwa bokhutlong, sa botlhokwa ke gore a di re ise gae.  Nna nka bolela jalo ke sena pelaelo gore ke mo gae jaanong mo phaposing ya botlhatlheledi,” Deon o bolela jalo.

Deon yo o buang ka tiriso ya ditsela tse di farologaneng, ene ka boene o kile a tsaya tsele e sele nako nngwe pele a boela kwa a simolotseng gone, tiro ya go ruta.

Go simolola ka 1999 go fitlha ka 2000, o ne a le motlhatlhoba ditsamaiso tsa Dithekenoloji tsa Tsamaiso ya Maemo a a Kwa Godimo, le fa go direla koporasi go ne go gwetlha e bile go rotloetsa, o ne a santse a rata tiro ya go ruta. “Ka gale ke tla nna ke ntse ke rata tiro ya go ruta,” Deon o bolela jalo e bile o oketsa ka gore ga a kgone go ipona a tshela kwa ntle ga tiro eo.

Gotlhe go simologile fano

Jaaka moithuti yo o motlotlo wa nako e e fetileng wa YBB, o simolotse go nna leloko la yunibesiti fa a ne a ikwadisetsa dikirii ya Bcom ka 1984. O ne a wetsa dikirii eo, mmogo le setefikeiti sa thuto sa morago ga kalogo (postgraduate certificate in education [PGCE]), masetase ya gagwe le gerata ya bongaka mo tirong ya botsamaisi jwa thuto – tsotlhe o di dirile kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark.

Mokgele wa gagwe jaaka motlhatlheledi o simolotse kwa  sekolong se ka nako eo e neng e le sa Lettie Fouché Hoërskool kwa Vanderbijlpark ka 1989. Ka 1990 Deon o ne a tsena  Hoërskool Transvalia kwa Vanderbijlpark mme fa a sena go fetsa dingwaga di le 10 koo, a tlogela go ruta dingwaga di le pedi mme a ya go direla setheo sa poraefete, a bo a ya go dira kwa sekolong sa poraefete kwa Pretoria dikgwedi di le thataro.

“Dikgwedi tseo tse thataro e nnile tse di gaisang tsotlhe tsa tiro ya me ya go ruta,” o bolela jalo, a tlhalosa gore sekolo se ne se sena didirisiwa tsa bosheng tsa go ruta tse batlhatlheledi ka bontsi ba sa di tseyeng tsia, mme ba tshwanelwa ke go dirisa bokgoni jwa bone jo ba bonang bo ka kgona go dira.

Go gapa maemo a ntlha

Morago ga moo Deon o ne a nna leloko la Hoërskool Transvalia kwa Vanderbijlpark gape koo a ileng a dira teng go fitlha ka 2011. Morago ga moo, a nna leloko la YBB a le motlhatlheledipotlana, mme a nna a tlhatloga maemo ka iketlo.

Gompieno, ke mothusa-mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Kgwebo le Dithuto tsa Tikologo gape ke motlhatlheledi-mogolo mo Legorong la Thuto – e bile ke motlhatlheledi wa maemo a a kwa godimo, fela jaaka kabelokhuno ya gagwe ya DTEA e bontsha.

“Ke ne ke sa dumele fa Mop Linda du Plessis a bitsa leina la me, mme metsotswana e se kae ke ne ke ithaya ke re ke a lora,” Deon o tshega jalo, o oketsa ka gore o ne a sa ipone e le motho yo o neng a ka newa awate eo.

O tlhalosa gore awate eno mo go ene e emela tiro e e kopanetsweng ke setlhopha se se batlang go fitlhelela tiro ya maemo a a kwa godimo e bile o leboga badiri-ka-ene le baithuti ba gagwe go bo ba mo nonotshitse.

Deon o tlotla le baithuti ba gagwe ba babedi, Hope Mono le Leah Maboe ba dumela gore batho ba tshwanetse go tla mo go ene nako nngwe le nngwe e bile o ipha nako ya go tlotla le baithuti botlhe ba gagwe.

 

 

 

"Ga ke rutele go kgatlha ba bangwe, mme ke tlisa pharologano e e nnelang ruri mo matshelong a baithuti ba me. Ke rotloetsega go thusa motho a le mongwe ka letsatsi mme awate eno ke bosupi jwa gore boikemisetso jwa me bo nna le matswela."


– Ngaka Deon van Tonder, mofenyi wa Awate e e Tlhomologileng ya Tiro ya Maemo a a Kwa Godimo ya Go Ruta.

Mo bidiong eno, motlhatlheledi yo o fentseng awate e leng Ngaka Deon van Tonder o gakolola batlhatlheledi ba bangwe.

Mop Linda du Plessis, mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le ditiro tsa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, o naya Deon awate e e melediwang mathe.