AFORIKA:

Batho ba a
tsofala le
go tshela
lobaka

Aforika e na le batho ba dingwaga tse di kwa tlase fa e bapisiwa le dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, ka nako e le nngwe fela, kontinente eno e tlile go bona koketsego e kgolo thata ya batho ba ba tsofetseng mo dingwageng tse 30 tse di latelang.

 

O abalana bokgoni jwa gagwe le ba bangwe… .. Mop Jaco Hoffman ke moakatemi-mogolo wa patlisiso wa kwa James Martin kwa Setheong sa Oxford sa Population Ageing kwa United Kingdom e bile ke Moporofesa yo o tlotlegang kwa setheong sa Yunibesiti ya Cape Town (UCT) sa Go Tsofala mo Aforika. Gape ke mokaedimmogo, ene le Mop wa UCT e leng Sebastiana Kalula, wa South Africa’s International Longevity Centre.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Go tsofala gono ga baagi ba lefatshe, mmogo le mabaka a a bakwang ke gone, go dira gore Mop Jaco Hoffman a tsiboge.

 

Jaco ke moithuti ka botsofe le ka fa bo amang mmele ka gone gape ke moithutaloago  e bile ke moeteledipele wa lenaneo la Ageing and Generational Dynamics in Africa (AGenDA) kwa lefelong la go dira patlisiso la Optentia mo khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Batho ba a tsofala mo lefatsheng lotlhe

 

Mo dingwageng tse 100 tse di fetileng, lobaka lwa boleele jwa botshelo mo lefatsheng lotlhe le ne le oketsegile fela thata, o bolela jalo.

 

Go ntse fela jalo le mo kontinenteng ya Aforika. Go lebeletswe gore palo ya batho ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta e oketsege go tswa mo go ya dimilione di le 70 go ya go fitlha kwa go ya mo e ka nnang dimilione di le 230 mo dingwageng di le 30 tse di tlang.  Palo eno e tla bo e oketsegile ka dimilione tse di fetang 115 kwa Yuropa Bokone le kwa Yuropa Bophirima e bile gape e tla feta ya ba Amerika Bokone ka dimilione di le 100.

 

Seno se bakela kontinente dikgwetlho di le dintsi, tota le fa go na le dikgatelopele tse di botlhokwa mo kgannyeng ya tlhabololo, Maaforika a tsofala ka ditsela tse di sa tshwaneng. Dikgwetlho tse dikgolo tse Aforika e lebaneng le tsone jaaka fa re ntse re gagabela kwa bogareng jwa lekgolo la dingwaga ke lehuma le go sa tshwarweng ga batho ka tekatekano, phuduga le malwetse a a sa feleng. Dilo tseno di fetola maemo a botshelo jwa lelapa.

 

Ba tla tlhokomelwa ke mang?

 

Nngwe ya dipotso tsa botlhokwa  tsa lenaanethuto la AGenDA ke e e reng: ke bomang ba ba tla tlhokomelang kokomana ya rona e e godileng fa e tlhoka tlhokomelo e e ntseng jalo, mme w tla tlhokomelwa jang?

 

Lemororo batho ba ba tlamelang ka tlhokomelo ya lobaka lo lo leele mo malapeng mo Aforika e le basadi, tlhokomelo ya malapa e a fokotsega ka ntlha ya mabaka a a farologaneng a a itsang batlhokomedi bano go dira tiro ya bone, a a akaretsang madi, nako, kitso le mefuta e e farologaneng ya bokgoni le pholo.

 

Phatlha e e tlogetsweng ga e kgone go tswalwa motlhofo. Mo e ka nnang mo dinageng tsotlhe mo Aforika, kwantle ga Aforikaborwa fela, e le yone e nang le mathata a yone, ga go na ditsamaiso tse di botlhokwa tsa semmuso tsa go ba tlhokomela kgotsa mefuta e e farologaneng ya bokgoni, mo tirong ya puso, ya poraefete kgotsa ya lekgamu la boraro.

 

Go bona ditharabololo tsa nako e telele

 

Ka ntlha ya lebaka leno, fa batsofe ba ntse ba oketsega, lenaneo la AGenDA le ikemiseditse go dira patlisiso ka tlhokego ya ditsela tse di farologaneng tse di tshwanelang Aforika tsa tlhokomelo ya bone le tse di tsayang lobaka lo lo leele kwantle fela ga ditsela tse di dirisiwang mo setheong. Seno se akaretsa go leba gore ditsamaiso tsa tlhokomelo ya bagodi di ka tlamela baša ka ditšhono tsa go bona tiro lobaka lo lo kana kang. Karolo ya go dira seno gape e akaretsa go sekaseka seabe se thekenoloji e nang le sone mo tirong ya go tlhokomela ba bangwe.

 

”Bagodi ba tshwanetse go solegelwa molemo ke go batla ga rona jaanong jaana tlhokomelo ya lobaka lo lo leele e ba tla kgonang go e fitlhelela le e e tshwarelelang ya mo isagweng,” Jaco o bolela jalo. “Nako nngwe rotlhe re tla tshwanelwa ke go tla ka tlhokomelo eo – ya rona kgotsa ya ba bangwe.”

 

Fa go ntse go batlanwa le ditharabololo tsa tlhokomelo e bagodi ba e tlhokang mo Aforika, seabe sa bogologolo sa kwa Ghana se boammaaruri fa se re: “”Ke ne ke le teng fa o ne o medisa; o nne teng fa ke kgolega meno.”