Anika o ikaelela go fenya motshameko wa tšhese kwa India

Motshameki yo o nang le talente e leng, Anika du Plessis, o a itse gore go tshameka tšhese go amana le go dira motsamao o o siameng ka nako e e tshwanetseng.
Anika, leloko la setlhopha sa tšhese sa YBB, a re sengwe sa dilo tse di kgatlhang thata fa o tshameka tšhese ke go kopana le batho ba ba kgatlhang go tswa mo lefatsheng lotlhe.
Mo ngwageng o o fetileng, moithuti wa dingwaga di le 19 e leng Anika du Plessis o ne a nna mmampodi wa Aforika wa Tšhese mo setlhopheng sa basadi sa ba dingwaga tsa gagwe.

Tšhese e amana le go dira motsamao o o siameng ka nako e e tshwanetseng.

 

Anika du Plessis (19), moithuti wa ngwaga wa ntlha wa serutwa sa Boithutaditshedi le Thutatshelo, o itse seno sentle. O thiba ka fa, o tswala ka fa, o loga leano la go gapa sekgele sa go nna Mmampodi wa Moaforika wa Tšhese mo setlhopheng sa basadi ba dingwaga tsa gagwe.

 

Anika, yo o neng a le mmampodi kwa bofelong jwa ngwaga o o fetileng, ga se la ntlha a gapa dikgele.  Gape o ne a nna Mmapodi wa Basadi wa Kgaisano ya Boditšhabatšhaba ya Tšhese ka 2018 – e leng phitlhelelo e kgolo e e neng ya itemogelwa fela ke Maaforikaborwa a mangwe a le 13.

 

Ga jaanong jaana ke mmapodi wa tšhese mme o gabile go fenya kwa Dikgaisanong tsa Bommampodipotlana tsa Lefatshe kwa New Delhi ka Diphalane.

 

Go tswa go magogorwane go ya go mmampodi

 

Anika o simolotse bokgoni jwa tšhese a santse a le monnye.

 

O lemogile gore o rata motshameko ono fa a ne a le mosetsanyana wa Mophato 3. Lerato la one le ne le sa bontshiwe ke botlhaga jwa gagwe fela mme le ne le bontshiwa ke go nna ga gagwe motshameki yo o nang le talente. Talente eno e ne ya dira gore a tsenele dikgaisano tsa bommampodi jwa tšhese jwa porofense a le dingwaga di le 11.

 

Ke ne ka tswelela fela ka go tshameka, ke gaisana le ba bangwe , ke ipelela motsotso mongwe le mongwe wa go tshameka,” Anika o bolela jalo, mme jaanong ke leloko la setlhopha sa tšhese sa YBB.

 

Mokatisi wa setlhopha ke Ngaka Johan Steenkamp wa Sekolo se se Rutang Dipuo Tsa Bogologolo le Dithuto tsa Mokwalo mo khamphaseng ya Potchefstroom. Ga jaanong jaana ba baakanyetsa University Sports South Africa (USSA) e leng dikgaisano tsa bommampodi tsa moragonyana mo ngwageng ono.

 

Go tlhophiwa a sa lebelela go nna la matswela

 

Go tlhophiwa gore a gaisane mo Dikgaisanong tsa Bommampodi tsa Tšhese tsa Aforikaborwa e ne e le selo se Anika a neng a sa se lebelela gotlhele. Naga nngwe le nngwe e e kwadisitsweng kwa Khonfedereišeneng ya tšhese e ka romela banna ba le babedi le basadi ba le babedi fela go ya kgaisanong ya bommampodi.

 

Anika o ne a tsaya maemo a boraro ka nako ya Ditekeletso tsa Springbok tsa tikologo ya go tshwanelegela kgaisano ya 2018 mme e ne ya re fa yo mongwe wa batshameki ba bone a sa kgone go tla, go ne ga tsena ene mo legatong la motshameki yoo. ”Ke itsile malatsi a le mane fela pele ga kgaisano gore ke tlile go tshameka. Re ne ra tshwanelwa ke go feleletsa dithulaganyo ka bonako mme ke ne ke le lesego thata go tshameka.”

 

Motshameko o ne o le thata

 

Anika a re motshameko o tsere diura di le tlhano go ya go di le thataro mme o ne o se motlhofo.

 

“Re tshamekile ditikologo di le robongwe mme motshameki mongwe le mongwe o ne a na le ura le halofo ya go dira metsamao e le 40, e e salwang morago ke metsotso e le 30 ya go tshameka go ya pele. Morago ga moo, motsamao mongwe le mongwe o ne wa beelwa metsotswana e le 30 gore o dirwe. O ne o le thata tota mme ke o kgonne ka katlego.”

 

A re le fa a leba go tshameka tšhese ga gagwe jaaka ntlhakgolo mo botshelong jwa gagwe, e bile ntlha e nngwe e kgolo e le fa a ne a fenya Dikgaisano tsa Bommampodi tsa Tšhese tsa Aforika, go sa ntse go na le tiragalo nngwe e a sa e lebaleng. “E ne e le lekgetlo la ntlha la fa ke ne ke gaisanela kwa moseja.  Re ne ra ya kwa Slovakia mme ra kgatlhwa thata ke tikologo e e sisibetseng e re neng re tshamekela mo go yone. E ne ya sala e sa tloge mo mogopolong wa me.”

 

 

Go bona tshedimosetso e nngwe gape, supa mo ditshwantshong tse di mot lase.

PHETLHOLELA KWA TLASE