MOP EVA O AMOGELA TIRO YA BOOKI E A E BILEDITSWENG

PHETLHOLELA KWA TLASE

 

 

Dingwaga di le dintsi tse di fetileng, batho ba ne ba na le mogopolo o o seng boammaaruri wa gore porofešene ya booki e amana fela le go tlhapisa balwetse le go ba thusa ka seruwa sa bosigo. Mme ka kakaretso, setšhaba sa gompieno se rutegile ka ga  seabe se se botlhokwa se baoki ba nang le sone mo go tsa kalafi.

Mop Eva Manyedi a re ke lesego go nna le tiro ya booki e e tsayang dingwaga di le someamabedi.

Le fa go ntse jalo, fa wena kgotsa mongwe yo o mo ratang a feditse nako a le kwa bookelong, o ka nna wa se ka wa tlhaloganya mefuta e mentsi ya bokgoni le kitso tse baoki ba nang le tsone.

 

Mop Eva Manyedi, moporofesarammogo wa Legoro la Sekolo sa Booki sa Disaense tsa Pholo mo khamphaseng ya Mahikeng, ke sekao sa diabe tse di farologaneng tse baoki ba nang le tsone fa ba thusa balwetse le batho mo setšhabeng ka kakaretso.

 

Kwa a simolotseng gone

 

Eva, yo o belegetsweng kwa Mokopane, ke ngwana wa bobedi mo baneng ba le barataro. O weditse materiki wa gagwe kwa Sekolong se Segolo sa Gojela mme morago ga moo, ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga mmaagwe, a tlhopha tiro ya botshelo jotlhe ya booki.

 

“Fa ke ne ke dira materiki, morutabana wa me wa Seesemane o ne a batla go ntshegetsa ka madi gore ke nne modirediloago mme Mme, yo e neng e le motsadi yo o se nang molekane yo o neng a godisa bana ba le barataro, o ne a sa kgone go nthusa ka ditlhoko tse dingwe tsa me.

 

“O ne a ntlhophela tiro ya booki ka gonne ke ne ke tla kgona go bo ithutela kwantle ga go duela dituelelothuto. Fa ke sena go nna le dithutego tsa me, ke ne ka simolola go rata booki thata, segolobogolo jwa malwetse a tlhaloganyo.”

 

O ne a wetsa katiso ya gagwe ya ntlha ya booki kwa Bookelong jwa Baragwanath mme a tswelela pele go ithutela dithutego tse dingwe gape tsa booki, go akaretsa le dikirii ya kwa Unisa ya booki jo bo kwa pele jwa malwetse a tlhaloganyo le booki jwa pholo mo setšhabeng.

 

Go tswa tirong ya booki go ya tirong ya go ruta

 

Ditiro tsa gagwe tsa ntlha tsa booki e ne e le kwa Bookelong jwa Bophelong le kwa Kholetšheng ya Mmabatho ya Booki, morago ga moo a nna leloko la Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thutogodimo ya Sekeresete (PU for CHE), jaaka fa YBB e ne e bidiwa jalo pele.

 

“Ka di 1 Motsheganong 1999, fa ke ne ke simolola go direla yunibesiti ke le motlhatlheledi, ke ne ke sa tswa go ikwadisetsa dikirii ya me ya masetase ya booki,” Eva o gakologelwa jalo. O ne a wetsa gerata ya bongaka ka 2007, mme a tlhatlosediwa mo maemong a go nna motlhatlheledimogolo mo ngwageng o o latelang, morago ga moo a dirwa moporofesa-mmogo ka 2017.

 

Go abelana bokgoni jwa gagwe

 

Gape o ne a le leloko la Democratic Nursing Organisation of South Africa (DENOSA). Kwa tshimologong, o ne a le leloko la Komiti ya Diphetogo ya Baoki, pele a nna modulasetulo wa ntlha wa porofense, morago ga moo a nna motshwaramatlotlo le leloko la Komiti ya bakhuduthamaga ya Porofense.

 

Ntlhakgolo e nngwe ya tsa tiro ya gagwe ke fa a ne a tlhophelwa go nna leloko la komiti ya Tona ya tsa Pholo e e neng ya tlhama Thulaganyo ya Pholisi ya Boitekanelo jwa Tlhaloganyo le Togamaano ya teng ya 2013-2020.

 

Jaaka e kete go ne go ise go lekane, Tona ya tona ya Tlhabololo ya Loago e ne ya tlhoma Eva go nna leloko la Central Drug Authority, e leng boto ya bosetšhaba e e gakololang palamente ka tiriso e e sa Siamang ya diritibatsi mo nageng ya rona. O ne a nna leloko la boto ka 2013 mme o sa ntse a le leloko la yone.

 

Go oketsa seabe sa gagwe

 

YBB e solegetswe molemo ke kitso ya booki ya ga Eva ka ditsela tse dingwe di sele e seng fela tsa go ruta ga gagwe.

 

O nnile mookamedi wa tlhomamiso ka tsa boleng le modulasetulo wa Komiti ya Pholo le Pabalesego mo Tirong. Gape, gareng ga tse dingwe, o nnile leloko la Komiti ya Botsamaisi jwa Khamphase, Komiti e e Okeditsweng ya Botsamaisi, Komiti ya Modini le Komiti ya Dikirii e e kwa Godimo.

 

“Mo nakong eno ya tiro ya me, go kgona go thusa setheo ka tsela e e mosola, se se jaaka sa YBB, ke tiro e ke sa e tseyeng motlhofo.

“Go bo ke godisitse bana ba bararo go intumedisitse ka tsela e e tshwanang, yo mongwe wa bone o nyetswe mme o ntirile nkoko.”

PHETLHOLELA KWA TLASE