TECHNOLOGY TRANSFER AND INNOVATION

SUPPORT

OFFICE

(TTIS)

 

Johann Coetzee

Gretha Duvenage

Ketlareng Polori

FR Bezuidenhout

Cora de Groot

Doret Kruger

Hannes Malan

Boipelo Sebesho

Tinus Vorster

Hannes Malan

Maria Mopelong

Relebohile Baholo

Mari Berner

Yolande Bullock

 

 

Andre Hattingh

Ben Zaaiman

 

TTIS - go fetola dikgopolo gore e nne ditlhamosešwa

YBB e ipela ka patlisiso le tlhamosešwa ya yone, tse e leng dingwe tsa tse di gaisang tsotlhe mo Aforikaborwa. Ka 2018 re ne ra bona maduo a le matlhano a e ka tswang e le maduo a go naya tlhamosešwa dinaledi tse tlhano (gareng ga tse dingwe) mo tekanyetsong ya lefatshe ka bophara ya go tlhoma maduo ya Quacquarelli Symonds.

 

Ka 2017, setlamo sa tshekatsheko ya dipalopalo tsa dibuka tse di gatisitsweng sa Clarivate Analytics se ne sa tsenya YBB mo lenaaneng la diyunibesiti tsa ntlha tse di kwa godimo tse tlhano mo Aforikaborwa.

 

Ofisi ya TTIS e na le seabe se se botlhokwa sa go boloka maduo a YBB e nang le one a tlhamosešwa.

 

Selo sa botlhokwa ke go e sireletsa

 

YBB e amogetse dikabelokhuno tseno ka go eteletsa kwa pele mokgwa wa go sireletsa IP ya babatlisisi le ya batlhamasešwa ba yone. IP eno e akaretsa diphitlhelelo tsotlhe tsa patlisiso tse go gwebiwang ka tsone le dithekenoloji tse di ntšha tse yunibesiti le badiri ba yone ba di tlhamileng.

 

Boikaelelobogolo jwa ofisi ya TTIS ke go fetisetsa IP e e tlhamilweng ya yunibesiti go tswa mo YBB go ya kwa ditlamong tse di leng teng kgotsa kwa dikgwebong tse di sa ntseng di fatlhoga gore di e tlhame le go gweba ka yone. Gantsi seno se dirwa ka go rulaganyetsa go nna le laesense, gore go kgonege go gweba ka IP jaaka dikumo le ditirelo tse di ntšha.

 

Ofisi ya TTIS, e e eteletsweng pele ke mokaedi-mogolo wa yone e leng Ngaka Janine Chantson, yo e leng moporofešenale yo o kwadisitsweng yo o rutang thuto ya thekenoloji, le yone e tlhomamisa gore ga go gatakelwe Ditshwanelo tsa Semolao Tsa Dithoto tsa Molao wa Patlisiso le Tlhabololo tse Puso e di Tshegetsang ka Madi, Molao wa bo 51, wa ka 2008.

 

Setlhopha se ikemiseditse go thusa

 

“Setlhopha sa rona se na le baporofešenale ba ba katisitsweng le ba ba nang le maitemogelo ba ba thusang babatlisisi le batlhamasešwa ba yunibesiti ka ditirelo tse di farologaneng, ka boikaelelo jwa go tlhomamisa gore go rutwa ga thuto ya thekenoloji go a atlega,” Janine o bolela jalo.

 

“Tiro ya konokono ya TTIS e sa ntse e le kgobokanyo ya matlole a tlhabololo ya thekenoloji, a kgwebo le a tsamiso ya kgwebo, e bile ga jaanong jaana tiro ya konokono e YBB e e dirang e sa e kopanela le setlamo sepe se sengwe ya kgobokanyo ya matlole le yone e dirwa go tswa mo TTIS.”

 

Dikgang dingwe tsa go atlega ga YBB mo go tsa kgwebo di akaretsa Afriforte, Dithekenoloji tsa CFAM, Jonker Sailplanes, thekenoloji ya Pheroid, CText, dipompo tsa mogote (M-Tech), le Bogakolodi ka tsa TRADE.

GO IKGOLAGANNGWA LE MANG GO DIRA ENG KWA OFISING YA TTIS

Ngaka Janine Chantson

Mokaedi-mogolo: Wa Go Ruta Thekenoloji le Kemonokeng ya Tlhamosešwa

 

 

Pholisi,

Togamaano le Patlisiso

 

Go dira Ditiro tsa Kgwebo

 

Kgobokanyo ya matlole

 

Go gweba

Ditshwanelo tsa

Semolao Tsa Dithoto

 

PHETLHOLELA KWA TLASE

Dikgang tsa go sireletsa ditshwanelo tsa semolao tsa dithoto (intellectual property [IP]). Fa dikgopolo

le ditlhamosešwa di sa sirelediwe, mongwe le mongwe a ka nna a gatelela gore ke tsa gagwe mme

yunibesiti, babatlisisi le batlhamasešwa ga ba kitla ba solegelwa molemo ke tiro ya bone ya ka natla.

Go botlhokwa go sireletsa IP le go buelela tlhamosešwa le go tlhomamisa gore dikgopolo tse di

akanyeditsweng ka botlhale di nna le matswela.