Lefapha la Kemonokeng ya Patlisiso le tlhomamisa gore babatlisisi botlhe ba na le mefuta e e farologaneng ya bokgoni le kitso e e tlhokegang gore e nne ba ba gaisang botlhe. Mop Nnenesi Kgabi, mokaedi wa Kemonokeng ya Patlisiso, o thusa eish! go tlhaloganya lefapha.

 

Kemonokeng e dira gore babatlisisi ba ntshe ga tshwene

 

Lefapha le ema babatlisisi le baakatemi nokeng mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. Go na le mananeothuto a a farologaneng le dithutano tsa babatlisisi ba ba fatlhogang, babatlisisi ba ba botlana le ba ba nang le maitemogelo. Gape go na le mananeothuto a a tshegetsang baithuti ba masetase le ba gerata ya bongaka.

 

Gape lefapha le tlhomamisa gore babatlisisi botlhe kwa YBB ba amogela tshedimosetso ka ditšhono tsa go tshegediwa ka madi mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele.

 

“Ditirelo tsa rona tsa kemonokeng di ka sobokanngwa ka ditsamaiso di le nne. Ke tsa tlhabololo ya bokgoni jwa go dira patlisiso, go tokafatsa boleng jwa ditsamaiso tsa go dira patlisiso le dipholo tsa yone, botsamaisi jwa matlole a patlisiso, le go baya leitlho dipholo le dipego tsa patlisiso,” go bolela jalo Nnenesi.

 

Ka fa tirelo e rulagantsweng ka gone

 

Mokaedi wa Kemonokeng ya Patlisiso o ipega kwa go mothusa motlatsamokanseleri wa patlisiso le tlhamosešwa, e leng Mop Refilwe Phaswana-Mafuya.

 

Ga jaanong jaana lefapha le na le badiri ba le robongwe ba ba dirang mo ditlhopheng di le tharo: sa tshegetso ka madi, sa go baya maemo leitlho le sa go ntsha dipego le sa kemonokeng ya Patlisiso. Setlhopha sengwe le sengwe se na le mookamedi wa sone, motlhankedimogolo wa patlisiso le/kgotsa mothusi wa tsa tsamaiso.

 

Gape lefapha le dira mo dikomiting tsa setheo tse di farologaneng tse di amanang le patlisiso kgotsa mo Seneteng, jaaka mo Komiting ya Senete ya Patlisiso le Tlhamosešwa, mo Komiting e e Tlhokometseng Tshedimosetso ya Patlisiso, mo Komiting ya Taolo ya Maitshwaro a a Siameng ya Setheo ya Patlisiso le mo Komiting ya Ditlhopha tsa Pegelo ya Kakanyotheo le ya Patlisiso ka Serutwa.

 

Go atolosa patlisiso ya yone

 

Ga jaanong jaana lefapha le mo khamphaseng ya Potchefstroom mme go dirilwe dithulaganyo tsa go le atolosa gore babatlisisi ba bone ditirelo tsa kemonokeng mo dikhamphaseng tsa bone.

 

Bošeng jaana lefapha le ne la nna le ofisi kwa khamphaseng ya Mafikeng koo babatlisisi ba tla kgonang go buisana gone le lefapha la Kemonokeng ya Patlisiso ka dipotso, dikopo, go dira dipatlisiso ka kgang le fa e ka nna efe, le go kokoanya difaele tse di tlhatlhobilweng go tswa mo babatlisising, gareng ga tse dingwe.

Jaaka nngwe ya diyunibesiti tsa ntlha tse 10 mo nageng malebana le dipholo tsa patlisiso, YBB e tswelela pele go gatela pele mo tirong ya patlisiso le ya thuto ya maemo a a kwa godimo.

KEMONOKENG YA PATLISISO:

Mokaedi: Kemonokeng ya Patlisiso

Nnenesi Kgabi

 

 

Mookamedi wa kemonokeng ya patlisiso: Ditheo tsa Tshegetso ka Madi

Funanani Lavhelani

Mookamedi wa kemonokeng ya patlisiso: Go baya maemo leitlho le go ntsha pego

Teresa Smit

Mookamedi wa kemonokeng ya patlisiso: Kemonokeng ya Patlisiso ka Kakaretso

Mpe Meintjes

PHETLHOLELA KWA TLASE

KEMONOKENG YA PATLISISO:

ga go ope yo o saletseng kwa morago

PHETLHOLELA KWA TLASE