Go tlisa pharologano,

“Motho a le mongwe fela yo o tlwaelegileng o sa ntse a ka tlisa pharologano.”

Mop Welma Lubbe, mookamedi le moeteledipele wa porojeke ya Starfish, o ne a newa awate bošeng jaana ya puo e a e neetseng ka patlisiso ya maemo a a kwa godimo kwa khonferenseng ya Building Children kwa Cape Town.

 

Gape porojeke eno e ne ya tsosa kgatlhego ya baporofešenale ba tlhokomelo ya pholo kwa porojekeng ya Kapa Bophirima le ya Limpopo.

 

 

e le nngwe ka nako

'starfish'

Nopolo eno e tlhalosa sentle maloko otlhe a badiri ba YBB a a nnang le seabe mo porojekeng ya Sekolo sa Booki sa Starfish.

 

Porojeke eno e teeletswe ka mogaka mongwe, ka mosimanyana mongwe yo o neng a eme fa losing lwa lewatle a kgomaretswe ke di starfish, a ntse a latlhela dingwe tsa tsone mo lewatleng. Fa a bolelelwa gore ga go kitla go thusa sepe go boloka dingwe tsa tsone, o ne a tsaya e le nngwe mme a re: “Ka e ke e tshwereng e, go tla thusa.”

 

Porojeke eno ya dingwaga di le nne e simolotse ka Ferikgong 2018 mme boikaelelobogolo jwa yone ke go tokafatsa tlhokomelo ya masea a a sa tswang go belegwa, tlhokomelo ya masea le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano. Porojeke eno ya tirisanommogo fa gare ga YBB le Lefapha la Pholo la Porofense, e simolotse ka batsayakarolo ba le 50.

 

Go tlhomelela baporofešenale ba pholo

 

Gape boikaelelo jwa porojeke ke go tlhomelela baporofešenale ba pholo le badiri ba tlhokomelo ya pholo ka go tokafatsa bokgoni jwa badiri mo mafapheng a a farologaneng, jaaka mo ditleliniking le mo maokelong.

 

Boikaelelo jo bongwe ke go tlhoma disenthara tsa tiro ya boleng jo bo kwa godimo tsa ditiro tse di farologaneng tsa tlhokomelo ya masea a a sa tswang go belegwa le tlhokomelo ya bana mo porofenseng ya Bokone Bophirima.

 

Badiri ba tlhokomelo ya pholo ba amogela bosupi jwa bofelo ka kgolo ya ngwana yo a iseng sa belegwe, tlhatlhobo ya lesea la dibeke di le nne morago ga go belegwa, malwetse a bana, dikotla, tlhokomelo ya maemo a tshoganyetso a bana le kgolo e e tlwaelegileng. Gape ba rutwa go tlhokomela mmangwana fa a sena go belega ngwana.

 

Go thibela dintsho tsa bana

 

“Sengwe sa dilo tse dikgolo tse di bakang dintsho le malwetse a bana ke dilo tse di tshwanang le phepelotlase le go tlhoka bophepa. Dilo tseno di ka kgona go thibelwa motlhofo fa batho ba ka rutwa kitso e e tlhokegang,” go bolela jalo Mop Welma Lubbe, moeteledipele wa porojeke.

 

“Re ka se kgone go tsaya loeto mo porofenseng yotlhe go ruta bommabana. Ka jalo, ka porojeke eno, re tlhomelela baporofešenale ba tlhokomelo ya pholo le badiri gore ba kgone go tswelela pele go ruta ba bangwe.”

 

Dikgwetlho le dikatlego

 

Ga go na porojeke epe e e se nang dikgwetlho. “Re na le dikgwetlho tse di amanang le mathata a dipalangwa, tlhaelo ya badiri, le go tlhoka mafelo a a siametseng go katisetsa badiri mo go one, mme re tshwaragane le go di rarabolola,” go bolela jalo Welma.

 

Porojeke eno e kailwe e le e e atlegileng. Ditleliniki tse di tsereng karolo mo porojekeng ya Starfish ka 2018 di begile gore e nnile le thuso e kgolo fela thata e bile e tlhamile lefelo le le siameng la tiro le le nang le matswela.

 

“Maloko a badiri a re a katisitseng a ne a boela morago mme a tlhama matsholo a a farologaneng go oketsa badirelwa ka one,” go bolela jalo Welma. “Ba ne ba tlhama diphousetara le go naya batho tshedimosetso e e tshwanetseng ka mathata a a jaaka go tlhoka bophepa le ka dijo tse di nang le dikotla fa ba ne ba ba etetse kwa gae.”

 

Bonkoko le borremogolo le bone ba tsaya karolo

 

Go ne ga tlhamiwa setlhopha sa kemonokeng sa bonkoko le borremogolo, go ruta bonkoko gore masea a a sa tswang go belegwa a tlhokomelwa jang. Seno se ne sa dira gore borremogolo ba ikutlwe ba kgaphetswe kwa thoko, mme ga tlhamiwa setlhopha sa borremogolo.

 

Go nyelediwa magatwe a a ka ga tlhokomelo ya masea a a sa tswang go belegwa e bile bonkoko le borremogolo ba newa tlhokomelo e e siameng ya go berekana le maemo a tshoganyetso a tsa kalafi.

 

“Ke batla go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegiseng porojeke eno,” go bolela jalo Welma.

 

Starfish e bontsha gore re ka nna ra se ka ra kgona go fetola lefatshe lotlhe, mme re ka kgona gore bobotlana re fetole karolonyana fela ya lone. Kitso e ka boloka botshelo, le fa e ka nna jwa lesea le le lengwe ka nako. Seo ke thuso e e seng kana ka sepe mo baneng bao.

 

 

Baporofešenale ba tlhokomelo ya pholo kwa go nngwe ya dikopano tsa thutano e e neng

e tshwerwe jaaka ya porojeke ya Starfish.

Bongwe jwa maikaelelo a porojeke ya Starfish ke go tlhomelela batho ka kitso le ka mefuta e e farologaneng ya bokgoni jwa go dira ka masea le ka bana ba bannye.

 

Palo ya dintsho tsa masea a a sa tswang go belegwa e fokotsegile ka 39% mme ya bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano yone e fokotsegile ka 47%, fa gare ga 2000 le 2016 (UN, 2018:4).

 

Le fa go ntse jalo, dipalo tsa dintsho di kwa godimo kwa dikarolong tsa Aforika tse di mo borwa jwa Sahara le kwa Asia Borwa fa di bapisiwa le tsa dinaga tse di tlhabologileng, tse kwa go tsone dintsho tsa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano e neng e le 86:1 000 ka 2015 mme palo ya dintsho tsa bana ba ba sa tswang go belegwa e ne e le 28:1 000 ka 2016 (UN, 2017:5; UN, 2018:4).

 

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE