Moithuti wa PhD yo gape e leng mmampodi wa Jiu Jitsu e leng Moses Radebe ke bosupi jwa gore go a kgonega go boloka tekatekano ka katlego fa gare ga dithuto le go rata metshameko.

Go kopanya metshameko

le dithuto le go atlega mo

go tsone ka bobedi

PHETLHOLELA KWA TLASE

Moithuti yono wa kwa Mahikeng o tsaya dithuto tsa gagwe masisi. O ithutetse BSc ya fisika le ya saense ya khomphiutha le BScHons le MSc tsa go tsenya marang a nyutlelia tirisong, mme ga jaanong jaana o ikwadiseditse PhD ya saense ya marang a nyutlelia

 

O kgatlhwa thata ke marang a nyutlelia

 

Go kgatlhegela ga gagwe saense ya marang a nyutlelia go ne ga tsoga fa a ne a bona diphelelo tse marang a nyutlelia a tlhago a ka nnang le tsone mo tikologong le mo botshelong jwa batho, mmogo le dithekenoloji tsa go lemoga marang a nyutlelia a motho a tsenweng ke one le ka fa a ka alafiwang ka gone. Gape o kgatlhegela ditsela tsa go nonotsha tshireletsego ya nyutlelia, segolobogolo mo Aforikaborwa.

 

Diphitlhelelo tsa bosetšhaba tse a nang le tsone

 

Le fa go ntse jalo, ga a rate saense fela.

 

Fa e sa le Moses a nna leloko la yunibesiti, o ile a tlhagafalela thata Morganti Jiu Jitsu, mme o na le diphitlhelelo di le dintsi mo porofenseng le mo nageng yotlhe.

 

Ka 2015, Moses o ne a nna mmampodi wa porofense wa motshameko wa go lwa ka diatla go engwe ka dinao, mme ka 2016 o ne  a nna mmampodi wa bosetšhaba wa Aforikaborwa mo karolong ya Kata.

 

O gaisa botlhe  mo lefatsheng

 

Mo go one ngwaga oo o ne a gatela pele go tswa go lebanta le le hibidu go ya go le le ntsho, mme a nna mmampodi wa lefatshe lotlhe wa motshameko wa go lwa ka diatla go engwe ka dinao kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Bommampodi ba Morganti Jiu Jitsu kwa Brazil.

 

Ka 2017, o ne a boa gape a nna mmampodi wa Aforikaborwa wa Jiu Jitsu wa motshameko wa go mekamekana fa fatshe, mme ka 2018 o ne a amogela mmentlele wa gauta wa motshameko wa go mekamekana fa fatshe kwa Dikgaisanong tsa Bommampodi tsa Aforikaborwa.

 

Bošeng jaana o ne a nna le seabe mo Kgaisanong ya Bommampodi ya Jiu Jitsu ya Aforikaborwa ya go tshwanelegela Dikgaisano tsa Bommampodi tsa Lefatshe Lotlhe tsa 2019, e kwa go yone a neng a gapa mmentlele wa gauta wa Kata le wa setlhopha sa Kata.

 

Go diragatsa seabe sa gagwe mo khamphaseng

 

Mo godimo ga tsotlhe, go ne ga dirwa kitsiso ya gore Moses ke motshameki wa ngwaga wa Khamphase ya Mahikeng ka ngwaga wa 2016 le wa 2017.

 

Gape o nna le seabe mo tsamaisong ya tsa metshameko e bile ke mothusa-modulasetulo wa Lekgotla la Metshameko Yotlhe mo khamphaseng.

 

Moses a re go botlhokwa thata go boloka tekatekano le go laola nako. Baithuti ba ba batlang go atlega mo metshamekong le go dira sentle mo dithutong tsa bone ba tshwanetse go kgotlhelela mme ba se ka ba ogola dilo fa godimo fela.

 

Fa a se mo mmetsheng wa jiu jitsu kgotsa mo phaposiborutelong, Moses o rata go apaya le go tsaya dinepe.

Moses Radebe a re fa baithuti ba dumela mo bokgoning

jwa bone, ba ka atlega mo teng ga arena ya metshameko le

ka kwa ntle ga yone.