BOLENG

bo tseelwa kwa godimo mo ajendeng kwa yunibesiting ya rona e e seoposengwe

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE

Boleng ga bo bolo go nna botlhokwa kwa YBB mme bo botlhokwa le go feta jaanong fa e sa le yunibesiti e rulaganngwa boša gore e nne setheo se se leng seoposengwe, go tlhomolola botlhokwa jwa go lolamisa dilo.

 

Ono ke mongwe wa mekgele ya dikokoano di le mmalwa tsa dithutano tse di tshwarwang ke Ofisi ya Tokafatso ya Boleng ya mafapha a kemonokeng go ralala dikhamphase tsotlhe tse tharo tsa YBB.

Go setse go tshwerwe dikokoano tsa dithutano di le robedi fa e sa le ka Motsheganong 2018 mme ba ba nnileng teng kwa tsone e ne e le badiri ba kemonokeng ba ba fetang 100. Kokoano ya dithutano ya bošeng jaana yone e ne ya tshwarwa ka di 22 le ka di 23 tsa Motsheganong 2019 mme go rulagantswe gore go tshwarwe tse dingwe gape mo isagweng.

 

“Go lolamisa dilo ke nngwe ya dikgangkgolo le ditlhoko tsa mafapha,” go bolela jalo Johanna Müller, mmenejara wa tsa boleng wa ditirelo tsa kemonokeng. “Boikaelelo jwa dikokoano tseno tsa dithutano ke go thusa mafapha go lolamisa dilo go ya ka thulaganyo e ntšha ya boseoposengwe ya YBB mo dikhamphaseng tsotlhe. Selo sa konokono mo go seno sotlhe ke dithulaganyo le tlhomamisa ka tsa boleng,”

 

Di thusa lefapha lengwe le lengwe ka ditlhoko tsa lone

 

A re se se dirang gore dikokoano tseno tsa dithutano e nne tse ka mo go kgethegileng di leng mosola ke gore go dirwa tiro ka tlhamalalo mo go tsone e bile ke tsa dithulaganyo tsa tlhomamisa ka tsa boleng mo lefapheng lengwe le lengwe.

 

Johan Erasmus, mookamedi wa tsa boleng wa tokafatso ya boleng, a re badiri ba na le tšhono ya go ikatisetsa gore ba tla tlhama dithulaganyo tseno jang. “Re bontsha dikgato tse di farologaneng go simolola ka go dira dirang ditshwetso go fitlha ka go kwala terafote ya pego.”

 

Go tlhomamisa gore diphetogo ga di na kgoreletsego epe

 

Go na le dikokoano tsa dithutano tsa malatsi a le mabedi le tsa malatsi a le mane, mme bobedi jwa tsone di rulaganyeditswe go tlhomamisa gore lefelo la tiro ke le le lolamisitsweng sentle le tiro ya lone e atlegang. Gape dikokoano tseno tsa dithutano di thusa maloko a badiri a konokono gore tlhalosa mokgele o ba o tlhakanetseng.

 

“Ka kokoano nngwe le nngwe ya dithutano, boikaelelo jwa rona ke tlhama tharabololo e e tla tlamelang ka ditlhoko tsa lefapha lengwe le lengwe. Seno se thusa badiri go kwala mathata a konokono a a jaaka leno, boikaelelo, diabe, dithulaganyo le go laola kgonego ya go na le ditatlhegelo tsa madi mo mmanualeng,” go bolela jalo Johanna. Se ba thusa go dira diphetogo ntle le kgoreletsego epe fa tiro ya khamphase e nngwe e tsamaisanngwa le ya khamphase e nngwe.”

 

Ba ba eteletseng tiro pele ba tlhaloganya ditlhoko

 

Ba ba eteletseng tiro pele ke maloko a badiri ba YBB a a tlotlegang e leng Corneels Schabort le GP van Rheede van Oudtshoorn, ba bokgoni jwa bone jwa go neela dipuo le mokgwa o ba di neetseng ka one di builweng bontle ke maloko a badiri ba YBB a a neng a le teng mo dikokoano tseno tsa dithutano, Johanna o bolela jalo.

 

“Bokgoni jwa bone jaaka moakatemi le modiri yo o maketang  bo bontsha ka fa badiri ba kemonokeng le baakatemi ba ka dirang mmogo ka gone ka katlego go tlhomamisa tokafatso ya boleng.

 

A re boikemisetso jwa setlhopha sa botsamaisi bo atlegile ka tsela e e botlhokwa.

 

“Re itumela ka mo go kgethegileng ka ntlha ya tshegetso ya ga Mop Linda du Plessis, yo o nang la maikutlo a a siameng tota ka mokgwa o moša ono wa go dira dilo go tokafatsa boleng. Tshegetso ya gagwe e re thusa go tsweletsa letsholo leno pele le kwa bofelelong le tlileng go tlhomelela badiri.”

 

Mafapha a kemonokeng a a setseng a nnile le seabe mo dikokoanong tseno tsa dithutano a akaretsa Senthara ka Tiro ya Boitshediso, Tsamaiso ya Dikirii e e kwa Godimo, Kemonokeng ya Patlisiso, Senthara ya Go Ruta le Go Ithuta le Thekenoloji ya Tshedimosetso, gareng ga tse dingwe.