Jacob Nxadi o gaisanela maemo a lebanta

la gagwe la bone.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Ntate Jacob o a thusa ka gonne o ne a thuswa

Morago ga dingwaga di ka nna 35 mo khamphaseng, Jacob Nxadi kgotsa Bra Jay ga se motho fela yo o tlwaetsweng ke batho mo khamphaseng ya Vanderbijlpark – ke tokololo ya lelapa la rona.

Jacob o dira jaaka mothusi wa tsa tsamaiso kwa Mabolokelong mo lefapheng la tlhokomelo ya dikago. Moagi yono wa dingwaga di le 59 wa kwa Boipatong e e fa gaufi o sa ntse a gagamalela mekgele ya gagwe.

 

“Go monate tota go bo motho a ile a dira mo setheong se se jaaka sa YBB dingwaga di le 35 ka go latelana,” go bolela jalo Jacob, yo o nnileng tokololo ya YBB ka 1985.

 

Fa e sa le ka nako eo, o bitsa kgatelopele e YBB e nnileng le yone a re ke phitlhelelo e kgolo. “Go na le baithuti ba bangwe ba bantsi thata, ditlamelwa tse di botoka le kgatelopele ya go nna le seabe mo baaging.”

 

Ga a tswe golo go le

 

O simolotse go dira mo khamphaseng e le motlhokomela-tshingwana yo o nang le lekwalo la materiki fela.

 

Gompieno, ke moithuti wa nako e e fetileng wa YBB yo o nang le dikirii ya onase ya Botsamaisi jwa setšhaba e bile o lebogela ditšhono tse di mmulegetseng tsa go dira mo YBB. Ke gone ka moo a rotloetsang badiri-ka-ene ka metlha gore ba dirise ditšhono tse di ba bulegelang gore ba tsweletse pele dithuto tsa bone.

 

Karate e mo thusa go gatela pele

 

Gape YBB e ne ya mo tshegetsa mo go tsweletseng pele mokgele wa gagwe wa karate.

 

Bošeng jaana Jacob o ne a amogela lebanta la gagwe la maemo a bone la dan la Karate e bile ke motlhatlheledi le modulasetulo wa Tlelapa ya Khutlotharo ya Lekwa ya Matsushima. Gape ke leloko la Tlelapa ya Gauteng, e mo go yone a fetwang fela ke Shihan (motlhatlheledi wa ba ba rutang) e leng Noah Pembe, yo o nang le lebanta la maemo a botlhano.

 

Jaaka modulasetulo wa Tlelapa ya Khutlotharo ya Lekwa, Jacob o dira gore go nne le tirisanommogo fa gare ga ditlelapa di le robedi tsa Khutlotharo ya Lekwa mme o thusa go rarabolola dikgwetlho tsa go dira ga tsone. Gape ke motlhaba-botlhale mo go ba bangwe, mme ka go dirisana mmogo thata le Shihan Noah, o alosa batshameki ba karate go fitlhwa kwa lebanteng la maemo a boraro.

 

“Ke a thusa ka gonne ke ne ka thuswa,” Jacob o bolela jalo, a bua ka tsela e a rutilweng motshameko wa karate ka yone fa a ne a le moša wa dingwaga tsa bolesome le ka fa tiro ya gagwe mo yunibesiting e mo kgontshitseng ka gone go tsweletsa pele dithuto tsa gagwe.

 

Jacob o setse ka eng?

 

O setse a dira ka natla go bona lebanta la gagwe la maemo a botlhano la karate. “Kgaisano e e latelang ya maemo a mabanta a karate e tlile go tshwarwa ka 2023, mme ke tshwanetse go nna ke ipaakantse le go dira ka natla mo motshamekong wa me fa ke batla go fitlhelela maemo ano,” go bolela jalo Jacob. Gape o ithuta go le gontsi ka moo a ka kgonang ka gone mo go Shihan.

 

Le fa go ntse jalo, ka nako ya diura tsa tiro, tiro ya ga Ntate Jacob, yo a retwang ka go bidiwa ka leina leno, e tswelela ka mokgwa wa ka gale. O itsege le go ratwa thata mo khamphaseng ka ntlha ya sefatlhego sa gagwe se se botsalano le go direla ba bangwe ka boitumelo, mme o diragatsa moono wa gagwe letsatsi le letsatsi wa: “Ke a thusa, ka gonne ke ne ka thuswa.”