TIRO YA BONATLA LE KGOTLHELELO DI TLHAGISA MATSWELA A A MOLEMO

Moithuti wa onase le moitshimololedi wa kgwebo John Nchoe o simolotse a le mojenalese e rile a ikopantsha le kuranta ya khamphase ya Mafikeng.

 

Fa re tla mo kgannyeng ya gore go direga eng mo Mzansi, batho ba le bantsinyana ga ba itse kwantle ga John-Jay.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Moithuti yono wa Onase yo gape e leng rakgwebo, John Nchoe, o na le leloko la South African musician, MmaAusi, mo Moletlong wa Mmino wa Setso wa Mahika kwa Mahikeng.

BOELA MORAGO

John Letlhogonolo Nchoe yo o belegetsweng kwa Boikhutso, lekeišene le le nnye la toropo ya Lichtenburg kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima, o ne a batla go ithutela bongaka, mme go tla go fitlha mo go 2018 o na le balatedi ba le bantsi thata ka ntlha ya go kgatlhegela ga gagwe metswedi ya dikgang.

 

Mo nageng e mo go yone baalogi ba le bantsi ba sa lateleleng mekgele ya se ba se ithutetseng, John ke bosupi jwa matswela a a ka leriwang ke go kgotlhelela le go dira ka natla.

 

“Ke rata se ke se dirang, ke rata go tsaya maeto e bile ga ke na bothata ka go robala bosigo thata le go tsoga ka makuku,” go bolela jalo John yo o neilweng leina la John-Jay la moeteledipele wa pele wa puso kwa America e leng John Jay, yo e neng e le molaodi wa New York fa gare ga 1795 le 1801.

 

Kwa a simolotseng gone

 

Go kgatlhegela metswedi ya dikgang ga ga John go simolotse mo dingwageng tsa fa a ne a le moithuti wa pele ga kalogo fa a ne a nna leloko la khamphase ya kuranta kwa Mahikeng jaaka mmegadikgang.

 

Gape o ne a simolola go kgatlhegela tiro ya go tsaya dinepe mme kwa bofelong, a lemoga gore bokgoni jwa gagwe bo letse mo tirong ya go bega ka tsa boitlosobodutu. Kgatlhego eno ya gagwe e ne ya godisiwa ke ditiro tsa gagwe kwa setlamong sa kgaso sa bosetšhaba, SABC, pele a boela kwa YBB jaaka motlhankedi wa tlhaeletsano ya tsa eleketeroniki.

 

Seno se ne sa felela ka gore John a ipulele setlamo sa gagwe sa metswedi ya dikgang le sa dikamano le badiri se a se bitsang Nchoe On Communications. Mo setlamong seno, o dirisa maitemogelo a gagwe a mantsi mo go tsa dimmediantsi le mmedia wa botsalano go tlhamela ditlamo di le dintsi diteng le mananeotiro.

 

Botsalano jo bo mosola

 

Mo tirong ya gagwe, John o dirisana le mainakgwebo a a jaaka McCafe, South African Film and Television Awards, South African Traditional Music Awards, South African Music Awards,GQ Style, Georgia Clothing, Gauteng Sansui Summer Cup, le Red Bull fa re umaka a sekae fela.

 

“Ke ile ka tlhagisiwa mo mananeong a mantsi a a akaretsang mananeo a a jaaka a SABC1, SABC3, MTV, VUZU TV, Gauteng TV, le mananeo a radio a a jaaka a Motsweding FM le Mafikeng FM. Ke tlotlomalo selo seo,” o bolela jalo.

 

Le fa a tswa kgakala ka tiro ya gagwe, John ga a ise a fitlhelele mokgele wa gagwe  wa seporofešenale mme o tswelela pele go itlhomela mekgele e e kwa godimo. Mo go tsa akatemi, o tshwaragane le go wetsa dikirii ya gagwe ya Onase ya BA.

 

John yo o boikokobetso ga a gaufi le go tlogela tiro ya gagwe, mme a re: “Ke segofaditswe ka tiro eno. Ke tshiamelo, ga se tshwanelo.  Mme seo se dira gore motho a se ka a ikgogomosa.”