Matsholo a mannye a sesole a tlhoka go dirwa ka matsetseleko

Go ikaegile ka gore setshwantsho se raraane go le go kae, Jako o fetsa beke yotlhe a betla lengwe la masolenyana ano.

Go ntse jaaka e kete o utlwa molaodi yo o mabela wa sesole, a tlhometse ka dibetsa e bile a le sefatlhego se se bogale, a laela banna ba gagwe go ya ntweng. O supa kwa botlhabanelong ka tsela e e tshosang, le fa a se moleele go feta ledi la tshipi la R5.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Molaodi yo monnye yono yo o sa tlwaelegang yo o e keteng o a tshela ke nngwe ya dimmotlolo tse dintsi tse di bopilweng ke Jako Kuhne ka matsetseleko a magolo, yo e leng modiri wa ditshwantsho tse di tlhamiwang ka khomphiutha kwa Lefapheng la Dikamano le Dikgwebo le Go Maketa.

 

Fa letsatsi le phirima mme malapa a simolola go nna fa fatshe go lebelela thelebišene, Jako ene o simolola bokgoni jwa gagwe jwa go tlhama ditshwantshonyana tsa ntwa ka tsela e e matsetseleko.

 

Ka fa a di tsenyang ‘botshelo’ ka gone tsotlhe

 

O dirisa sengaparetsi se se kgethegileng go kopanya dikarolo tse dinnye thata tsa mmelenyana wa tsone, dibetsa, bommamatlhwana, diaparo, le marumo go tsitsibanya balatedi ba dilo tse di seng boammaaruri tsa saense mmele. Didirisiwa tse a di ratang thata mo tirong eno ke di-tweezer le digalase tse di godisang dilo.

 

Jako o tlhalosa gore fa a kgotsofetse ka tsela e a dirileng lesole la gagwe ka yone mme sengaparetsi se a se dirisitseng se omile sentle, o simolola go le penta. A dirisa borashe jo bo sesane ka matsetseleko a bosole, o nna kelotlhoko go dira mekgabiso e e tla dirang gore lesole la gagwe le tlotlege.

 

O konela tiro ya gagwe bontle ka go agela ditshwantsho tsa gagwe tikologo, a dirisa dilo tsa letsatsi le letsatsi tse di jaaka dijana tsa polasetiki ka mabotlolo a melemo ya kalafi. O fetola manathwananyana a dipolasetiki go dira dipale tsa tshipi go dira legora ka tsone, a bo a le tsenya terata ya kopore gore le lebege jaaka legora le le kotsi le le tlhabang. O feleletsa ka go tshela lerojana la letswai go dira santa ka lone.

 

Go tshela mo lefatsheng la ditoro

 

Fa a sa tshwaragana le go betla masole a gagwe a mannye kgotsa a sa dirise bokgoni jwa gagwe jwa go dira dilo mo teng ga ntlo ya gagwe le moratiwa wa gagwe, Roelien, Jako o rata go tshela mo mafatsheng a ditoro a a tlhamilweng ke badiri ba ba jaaka Terry Pratchet, Stephen King le ba bangwe.

 

Go lebega e kete  sengwe le sengwe se Jako a se tshwarang go se dira, o ntsha bokgoni mo go sone, a rurifatsa mafoko a ga Maya Angelou a a reng: “Bokgoni jwa go tlhama ga bo fele. Fa o tswelela go bo dirisa, bo a oketsega.”

BOELA MORAGO

Jako o ela dilo tlhoko thata, ka sekai, dibetsa tse masole ano a a sa tlwaelegang a di dirisang.