Edwin Nkosapantsi o tlile tsela e telele go tloga a ya go batla rraagwe. Gompieno o lebelela kwa morago mo boiphedisong jo bo amileng maphelo a diketekete tsa barutwana ka porojeke ya Ikateleng.

Mmaagwe Edwin o ne a setse a tlhokafetse ngwaga pele ga oo mme Edwin o ne a sa tswa go wetsa mophato o gompieno e leng Mophato 8. Edwin o ne a ikobela taelo ya ga rraagwemogolo ya go ya go batla rraagwe yo a iseng a ke a mo itse ka go palama setimela kwa Kokstad kwa Kapa Botlhaba mme a ya kwa meepong e e kwa Benoni.

 

Gompieno, monna yono wa dingwaga di le 73 o kgona go leba kwa morago kwa tirong ya boitshediso e e amileng ya bo ya tlhotlheletsa le go ruta batho ba le dimilione.

 

O ne a bona rraagwe mme ka go dira ka natla le ka boineelo, a latelela mokgele wa botshelo jwa YBB mo Lefapheng la go Maketa le go Ngoka Baithuti, koo a batlanang le baithuti gone le go okamela lenaneo la Ikateleng, la go ruta baša le go tsweletsa pele bokgoni jwa bone.

 

Mo tseleng

 

Mo nakong e e fetileng, Edwin o ne a direla bathapi ba bangwe ba ba farologaneng, mmogo le Ditirelo tsa Kgopololo tsa Modderbee, SA Land Mines kwa Brakpan, Iscor le Lekgotla la Aforika Borwa la Tlhabololo. Gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone, Edwin o ne a lootsa bokgoni jwa gagwe jwa go nna motlhatlheledi - bokgoni jo gantsi a neng a bo leba e le jo a bo bileditsweng.

 

Mo tseleng go ya koo, o ne a lebana le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe.  Fa a ne a le kwa Lekgotleng la Tlhabololo, koo tiro ya gagwe e neng e le go ruta maloko a Lekgotla kwa metseselegae ya Teransefala Bophirima, o ne a tshosediwa ka polao a le kwa Zeerust mme a tshwanelwa ke go ema boidiidi jo bo neng bo galefile ka lefoko - bangwe ba ne ba tshwere diphaephe tsa tshipi - fa a ne a leka go fetisetsa molaetsa wa puso ya nako eo mo go bone.

 

Ka 1993, Chris Windell, mokaedi kwa lefapheng la Dikamano le Badiri le ka nako eo e neng e le la Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thutogodimo ya Sekeresete, o ne a tlhoma Edwin go nna motsoma-baithuti le go nna motlhatlheledi mo lefapheng leo.

 

Go gola mmogo

 

“Fa ke leba kwa morago kwa mokgeleng wa me wa tiro ya boitshediso, ke motlotlo thata ka tsela e re godileng ka yone kwa yunibesiting. Re ne ra tsoma baithuti ba Maaforika ba le diketekete. Ba ne ba simolola ka ba le 1000 mo Khamphaseng ya Vaal go fitlha ka ba ba fetang 7000,” o bolela jalo.

 

“Ke gopola dilo di le dintsi tse di intumedisang. Ke gopola bošeng jaaka ke etetse sekolo sengwe kwa Springs mme morutabana mongwe a tabogela kwa go nna a tla go ntlamparela. Selo seo se itumedisa fela thata.”

 

Le fa go ntse jalo, o tshwenyegile ka sengwe: Baša ba rona ba ikaegile thata ka batho ba bangwe. Ba dumela ditsholofetso tse di dirwang ke boradipolotiki mme e seng tse di dirwang mo matsholong a bone. Dilo di ka bo di le botoka thata mo nageng ya rona fa ba ka bo ba dumela se bone ba se akanyang.”

 

O santse a iketleeleditse go rotloetsa baša. O dirisa mafelobeke a gagwe a le kwa baaging a ba neela dipuo tse di rotloetsang le go ba naya kaelo ya mekgele ya bokamoso.

 

Eno ke tiro e e oketsegileng mo godimo ga e tota a e dirang. Fa e sa le a tswa kwa Kapa Botlhaba dingwaga tseo tsotlhe tse di fetileng ka madi a go neng go rekisitswe pholo ka one a le mo potleng ya gagwe, o ntse a dira tiro e a e bileditsweng ya go dira le baša le go ba ruta.

BOELA MORAGO

Edwin o bona lelapa la YBB fa a ne a batla rraagwe

Ke 1957 mme Edwin Nkosapantsi o na le dingwaga di le 12. Rraagwemogolo o sa tswa go rekisa pholo ya gagwe ya bofelo, a bo a naya Edwin madi a yone, a mo raya a re: Tsamaya o ye go batla rraago.”

PHETLHOLELA KWA TLASE