Lenaneo leno la go nonotsha mesifa ya mmele le go ikatisa le theilwe mo molaomotheong wa go tsamaisa dikarolo tsa mmele ka metlha ka go dirisa maikatlapelo a a kwa godimo a mmele. Dinako tsa teng di tsaya ura mme se se dirwang ke go ragoga, go swaya mokoro, go tlola kgati, go palamelela kwa godimo ka dithapo, go pitikolola thaere e kgolo, go tsholetsa ditshipi le maitshidilo-mmele a mangwe a a farologaneng a go fokotsa boima jwa mmele go dirisiwa ditshipi tse di tsholediwang, ditshipi tse di tsholediwang ka seatla se le sengwe, direng tsa dijiminasi, ditshipi tse go itsholelediwang kwa godimo ka tsone, ditshipi tse di tsholediwang tse di nang le matshwaro, le mabokoso a go tlolelwang mo godimo ga one a itshidilo-mmele.

 

Go tswa mo sofeng go ya go Tlolela mo Lebokosong la Itshidilo-Mmele

 

Cindy, yo e leng mothusi-mogolo ka tsa tsamaiso wa lefapha la Tlhokomelo ya Dikago Gore di se Onale, o simolotse Crossfit ka 2012. Go akanya masisi ka boemo jwa gagwe jwa pholo le go se tlhagafale ke gone go neng ga mo tlhotlheletsa go itshidila mmele mme a tlhotlheletsega go ya go tlolela mo Lebokosong la Itshidilo-Mmele (Lereo CrossFit ke lekaelagongwe la Jimi) lekgetlo la ntlha. “Ke ne ka utlwa ka CrossFit mo radiong mme ka batla go itse go le gontsi ka yone. Ke ile ka rulaganyetsa go ikwadisa mo go lone letsatsi leo!”

 

Leeto la ntlha la ga Jackie la go ya go Tlolela mo Godimo ga Lebokoso la Itshidilo Mmele ka 2016 le ne le se monate jaaka la ga Cindy. Tota e bile, o ne a lapisa mmele wa gagwe thata a bo a robadiwa kwa bookelong malatsi a le mmalwa. “Fa ke leba kwa morago jaanong, ke a itse gore ke ne ka dira phoso ya bomagogorwane ya go itshidila mmele go feta tekano kwantle ga go reetsa mmele wa me.” O ne a kgotlhelela mme gompieno jaana o lemaletse CrossFit.

 

Tlhaloganyo e a Sidilwa le Yone

 

Ba re mokgwa wa botshelo wa CrossFit o ba solegetse molemo thata. Mo godimo ga go itirela ditsala tse di ntšha le go itekanela sentle mo mmeleng, boitshidilo-mmele jono bo a ba ritibatsa mo tlhaloganyong morago ga tiro e e boima ya letsatsi.

 

“CrossFit e fetotse botshelo jwa me,” go bolela jalo Jackie, yo o neng a na le mathata a go tshwenyega thata mo tlhaloganyong pele a simolola go ikatisa mmele. “Fa ke sena go fokotsa boima jwa mmele, le go tokafatsa boitekanelalo jwa me, ke ile ka lemoga gore tota boboko ke mosifa o mogolo go e gaisa yotlhe, o o botlhokwa thata mo mmeleng.”

 

Leeto le le sa tshwaneng le lepe

 

Jaaka moeteledipele wa CrossFit, Cindy o tsaya karolo gangwe le gape mo dikgaisanong go tokafatsa rekoto ya gagwe. Go ineela ga gagwe mo mokgweng ono wa botshelo go ne ga dira gore a ikgapele moputso wa go tsaya leeto la ka gangwe fela la go ya Amerika ka 2014 go ya Dikgaisanong tsa Boditšhabatšhaba tse di tumileng tsa CrossFit.

 

Se se itumedisang Jackie ke gore o fokoditse boima jwa mmele ka 30kg fa e sa le a nna leloko la CrossFit. Ka 2018, Jackie o ne a le leloko la setlhopha sa bomagogorwane se se boneng maemo a bobedi kwa Dikgaisanong tsa ACA Throwdown.

BOELA MORAGO

Ga go a lekana go tlhalosa fela gore CrossFit ke e nngwe ya ditsela tse di rategang tsa go itekanela le go fokotsa boima jwa mmele

Ka Lwetse 2016, Cindy o ne a kaiwa e le moatlelete yo o kwa godimo wa V-Town CrossFit Box.

Go,

lemalela,

CrossFit!

Go kgona yo o itekang!

Cindy o tsholetsa ditshipi.

Mo mothong yo o tlholang a ntse fela a sa itshidile mmele ka gope, go itshidila mmele go ka lebega e le namane e tona ya tiro, mme mo bathong ba ba ineetseng go dira jalo jaaka Cindy Gerber le Jackie Slabbert-Redpath ba khamphase ya Vanderbijlpark, CrossFit ke mokgwa wa botshelo mo boemong jwa go nna ikatiso e e thata.

Cindi o tsholetsa ditshipi ka mo molemeng fa Jackie a ipaakanyetsa go ikgogela kwa godimo mo gare. Ka mo mojeng Jackie o ikatisa ka koi.

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE