>

>

BUISA GO FETA

 

TSEPA

GO

 DI A NTŠHAFADIWA

DIPHOLISI

DIPHOLISI

Gore dilo di laolwe sentle, setlamo sengwe le sengwe se tlhoka dipholisi gore di kaele tsela ya tsone ya go dira ditshwetso. Le fa go ntse jalo, ga go reye gore dipholisi tseno di ka se fetolwe e bile di tlhoka go tlhabololwa ka metlha gore di tsamaisane le mekgwa e e e gaisang yotlhe ya tiro le maemo a a fetofetogang.  Eish! e ile ya bua la Amanda van der Merwe, mokaedi wa ditirelo tsa  taolo le tshedimosetso ka tsa kgwebo, ka ga diphetogo tsa bošeng tsa dipholisi tsa YBB.

Amanda van der Merwe ke mokaedi wa tsa kgwebo le wa ditirelo tsa tshedimosetso ka tsa taolo

P: YBB e ntse e tshwaregile ka go tlhabolola le go ntšhafatsa dipholisi tsa yone. Goreng go le botlhokwa gore badiri ba itse ka seno?

K: Maloko a le mantsi a badiri a nna le seabe ka tlhamalalo mo go tlhabololweng ga tsone. Mme le ba ba sa nneng le seabe mo go tsone ka tlhamalalo ba tshwanetse go itse gore a dipholisi tse di kaelang tiro ya bone di fetotswe le gore di fetotswe jang, gore ba kgone go fetola tsela e ba dirang tiro ka yone gore e tsamaisane le tsone..

 

P: Mabaka a go tlhabololwa ga tsone ke afe?

K: Morago ga thulaganyosešwa ya bošeng jaana, go ne go tlhokega gore Molao wa Lekgotla wa YBB o tlhabololwe, ka gonne ke lone motlhoma-melao wa YBB go ya ka Molao wa Thutogodimo. Nngwe ya dithulaganyo tsa diphetogo tseno go tlhomamisa gore go tlhabololwa ga Molao wa Lekgotla go dirwa kwantle ga dikgoreletsego dipe ke go amogela dipholisi tseno le go tsamaisana le tsone..

 

P: Goreng go le botlhokwa go tlhabolola dipholisi tsa rona?

K: Dipholisi tsa rona di tshwanetse go ikobela Molao wa Lekgotla o o tlhabolotsweng, le melaometheo ya pego ya King IV ka taolo ya tsa kgwebo mo Aforikaborwa.

 

P: Dipholisi di kae ka palo fa di feletse tsotlhe?

K: Re na le dipholisi di le  50 tse di amogetsweng semmuso ke Lekgotla, tse di ka lejwang ka go tobetsa fano.

 

P: Go setse go tlhabolotswe dipholisi di le kae?

K: Mo tsamaong ya 2017, go ne ga tlhabololwa di le thataro tsa tse 50 mme Lekgotla le di amogetse semmuso.  Tsone ke:

 

  • Molaotheo wa SRC
  • Pholisi ya go tlhamiwa ga melao, dipholisi le mekgwatsamaiso le go amogelwa semmuso ga tsone
  • Sekejulu sa dikgato tsa go ntsha ditetla
  • Melao ya go tlhomiwa ga ba ba nang le maikarabelo
  • Melao ya go romelwa ga maina a bontlhopheng, ditlhopho, go tlhomiwa mo maemong a tiro le go tlhomiwa ga maloko a Lekgotla
  • Melao-kakaretso ya akatemi

 

P: Tsamaiso ya go tlhabololwa ga pholisi e dira jang?

K: Lefapha la Ditirelo tsa Kgwebo le tsa Tshedimosetso ya Bolaodi la YBB le etelela pele tsamaiso ya tlhabololo ya pholisi. E simolotse ka 2017 fa setlhopha sa botsamaisi sa yunibesiti se ne se simolola go tlhabolola dipholisi tsa photefolio nngwe le nngwe ya sone e e neng e tlhoka go fetolwa. Ba ne ba dira jalo tirisanong mmogo le ditlhopha tsa bone tsa botsamaisi le bomankge ba serutwa.

 

Tsamaiso eno e dira jaana: Morago ga tlhabololo ya ntlha, pholisi nngwe le nngwe e romelwa kwa Komiting ya Ditlhabololo gore e e sekaseke e bo e e busetsa kwa setlhopheng sa botsamaisi gore e tsenngwe ditshwaelo go ya pele ka fa go tlhokegang ka gone.

 

Morago ga moo, pholisi nngwe le nngwe e romelwa kwa Komiting ya Setlhopha sa Botsamaisi sa Yunibesiti (University Management Committee [UMC]) gore e e amogele semmuso, mme morago ga moo go tla tshwarwa motlotlo o o tseneletseng ka yone. Tsamaiso eno e ama mafapha a a farologaneng a taolo, go akaretsa le dikomiti tsa Lekgotla, Senete, dikomiti tsa Senete, Foramo ya Setheo le diboto tsa legoro.

 

Fa ditshwaelo tsotlhe di sena go kopanngwa, kgato e e latelang ke ya go romela pholisi kwa Lekgotleng fa UMC kgotsa fa Senete se sena go tshitshinya jalo. (Senete se ntsha ditshitshinyo ka dipholisi tsotlhe malebana le dikgang tse di jaaka go ruta le go ithuta le go dira patlisiso).

 

Fa nako e ntse e tsamaya, ba Ditirelo tsa Semolao ba tla sekaseka le go tseleganya puo ya pholisi nngwe le nngwe. Fa Lekgotla le sena go e amogela semmuso, pholisi eno e tla fetolelwa le go phasaladiwa mo webong ya YBB.

 

P: Go lebeletswe gore tsamaiso eno e konelwe lengs?

K: Dipholisi di le 44 tse di santseng di setse di tshwanetse go tlhabololwa le go amogelwa semmuso gape kwa kopanong ya bofelo ya ngwaga ya Lekgotla ka Ngwanaitseele 2018..

 

P: A re tla tshwanelwa ke go tlhabolola dipholisi tsa rona gape mo isagweng?

K: Ee, dipholisi le melao di tlhabololwa gangwe mo dingwageng di le tharo go netefatsa gore dilo di laolwa sentle le gore leano la tlhabololo le tsibogelwa sentle le go tsenngwa tirisong.