>

BUISA GO FETA

>

Dithulaganyo 101 - SALA

e tlhokomela baithuti botlhe

Mop Manie Spamer ke mokaedi-mogolo wa Tsamaiso ya Botshelo jwa Baithuti jwa Akatemi (SALA).
Mokaedi wa SALA e leng Lourens Kruger o mo khamphaseng ya Potchefstroom.
Franco Nkoana ke mokaedi wa SALA mo khamphaseng ya Mahikeng.
Mokaedi wa SALA mo khamphaseng ya Vanderbijlpark ke Neels Vermeulen.

Supa mo ditshwantshong go buisa go feta

Mo yunibesiting e e seoposengwe, baithuti botlhe ba tshwarwa ka tekatekano, ba fitlhelela ditekanyetso tse di tshwanang e bile ba ithuta lenaanethuto le le tshwanang.

 

Tsamaiso ya Botshelo jwa Baithuti jwa Akatemi (Student Academic Lifecycle Administration, kgotsa SALA) jaaka fa e itsiwe jalo botoka,
e netefatsa tlhomamiso gore mokgwa ono wa boseoposengwe o tsenngwa tirisong.

 

 

Lefapha le le ntšha leno kwa YBB le tlhamilwe ka ntlha ya go rulaganngwa boša ga ditiro tsa mokwadisi mo dikhamphaseng tse tharo. Mop Manie Spamer ke mokaedi-mogolo wa SALA mme o ipega kwa mokwadising, e leng Mop Marlene Verhoef.

 

Dikgato tsa tsamaiso:  tse di akaretsang A-Z

 

Mafapha-potlana a SALA a akaretsa dikgato tsotlhe tsa tsamaiso ya mekgele ya baithuti kwa YBB. Di akaretsa sengwe le sengwe go simolola ka dikopo, go amogelwa mo setheong, go ikwadisa, go laola kharikhulamo, tekolo (tlhatlhobo le dipampiri), manaanenako a phaposiborutelo, dibukakaelo le dibuka tsa go ithuta go fitlha ka meletlo ya kalogo.

 

Manie a re SALA e tsere ditiro tsotlhe tsa bakwadisi ba nako e e fetileng; kwa khamphaseng, ditiro tseno di dirwa ke bakaedi ba bararo ba SALA. Bone ke Lourens Kruger mo khamphaseng ya Potchefstroom, Franco Nkoana mo khamphaseng ya Mahikeng le Neels Vermeulen mo khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Ditiro dingwe tsa SALA di dirwa go tswa kwa lefelong le le lengwe, ka sekai dikopo, ditlhatlhobo le didikerii tse di kwa godimo, go tlhomamisa gore di a tshwana mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. "Khamphase nngwe le nngwe e santse e na le lefapha le go kopiwang thuso mo go lone gore e eme baithuti nokeng."

 

Phetogo e nngwe ke ya gore badiri ba kemonokeng ba ba neng ba tsentswe kwa magorong jaanong ba wela ka fa tlase ga SALA e bile ba ipega kwa go yone. Seno se raya gore badiri ba le mmalwa ba ba ipegang kwa mokwadising ba oketsegile ka mo e ka nnang 350 mme ba laolwa ke Manie le ke setlhopha sa bakhuduthamaga ba SALA.

 

Go tsamaisanya ditsamaiso le dithulaganyo tsotlhe

 

Ditsamaiso tsa baithuti  tse di jaaka tsamaiso ya dimmaraka le tsone di wela ka fa tlase ga SALA mme ga jaanong jaana di dirilwe gore di tsamaisane mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. Manie a re go dirilwe kgatelopele e e siameng mo go seno e bile metlotlo e tshwarwa ka metlha le bana-le-seabe gore ditsamaiso tse di dirilweng gore di tsamaisane di tsenngwe tirisong.

A re boikaelelobogolo jwa SALA ke go tlhomamisa gore baithuti botlhe kwa YBB, mmogo le baithuti ba ba ithutang ba le kgakala le setheo sa thuto, ba ikobela thulaganyo le dipholisi. "Dipampiri tsotlhe tsa tlhatlhobo mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo le tsone jaanong di tlile go tshwana, mme go sa kgathalatsege gore moithuti o ithuta kwa khamphaseng efe, ba tla newa dithutego tse di tshwanang tse di nang le diteng tse di tshwanang le dipoelothuto tse di tshwanang."