>

>

BUISA GO FETA

ba matlhagatlhaga

Maloko a YBB a a lapisega fa a nna fela a sa dire sepe.

Go itshidila mmele le go thusana ga maloko a setlhopha go dira gore tiro e e simololang ka ura ya borobedi go fitlha ka ya botlhano e nne ya kgaisano e e tseneletseng. Go na le dikai tse dintsi tsa seno mo YBB.

 

Kwa khamphaseng ya Mahikeng, maloko a badiri a gatetse pele sentle mo motshamekong wa bolotlowa. Morago ga go kolopela bolo ya bofelo e e bakileng phenyo, setlhopha sa badiri sa motshameko wa bolotlowa se ne sa nna bommampodi ba kgaisano ya Southern African Universities Staff Sports Association (SAUSSA) e e neng e tshwaretswe kwa  Yunibesiting ya Fort Hare kwa Kapa Botlhaba go simolola ka 11 go fitlha ka di 16 Sedimonthole 2017.

 

Go goroga ga setlhopha seno kwa kgaisanong ya bommampodi ya 2017 go ne go akaretsa go fenya Yunibesiti ya Sefako Makgatho ka dintlha di le 58 go tse 3, Yunibesiti ya Zambia ka dintlha di le 58-9, Unisa ka dintlha di le 46-4, Yunibesiti ya Namibia ka dintlha di le 39-24 le Yunibesiti ya Walter Sisulu ka dintlha di le 48-24. Mo makgaolakgannyeng kgatlhanong le Unisa, setlhopha sa YBB se ne sa fenya ka dintlha di le 38 go tse 15.

 

"Re motlotlo go bo re le bommampodi ba kgaisano ya 2017 SAUSSA. Re lebile pele go femela sejana sa rona ka 2018. Gape re batla go rotloetsa maloko otlhe a badiri ba ba nang le kgatlhego ba YBB ba ba batlang go nna maloko a tlelapa ya badiri gore ba ikgolaganye le nna," go ne ga bolela jalo Eugenia March, motlhankedi wa dikamano le badiri wa tlelapa ya Badiri ba YBB ya Metshameko.

 

Go tshameka kgwele ya dinao

 

Mo khamphaseng ya kwa Potchefstroom, Hilton Visagie, Aubrey Fransman le Leon Danster ba ne ba swetsa ka gore tsela e e molemo go di gaisa ya go rotloetsa batho go tshela botshelo jo bo itekanetseng ke ka go tshameka kgwele ya dinao. Go ya ka Leon, yo e leng mothusi wa tsa tsamaiso wa Yuniti ya Go Tsweletsa Thuto Pele, kgopolo eno ya go tlhama setlhopha sa kgwele ya dinao ya maloko a badiri e ne ya atlega ka Phatwe 2017. “Ga jaanong jaana re na le maloko a ka nna 30 go ya go 35 a a tlhagafetseng mo setlhopheng seno mme re na le ba bantsinyana ba ba batlang go se tsenela go tswa go maloko a badiri ba kemonokeng le ba akatemi.”

 

Go na le mowa o o siameng tota wa tirisanommogo mo setlhopheng, o bolela jalo: “Kgwele ya dinao ke mengwe ya metshameko e e kgonang go tshamekwa ke mang le mang. Re setlhopha sa batshameki ba ba farologaneng mme re na le mokatisi yo o nang le bokgoni. Pele re ikatisa, re a tshegisana ka metlae mme re nna seoposengwe fela thata. Rotlhe re ithuta go tswa mo go yo mongwe, re ithuta setso sa mongwe le mongwe e bile re a thusana. Ke maitemogelo a a monate tota."

 

Go ipeela mokgele o o kwa godimo

 

Mo khamphaseng ya Vanderbijlpark, Anita Lennox le Monique du Plessis ba ntsha bosupi jwa gore botshelo ga bo lapise. Fa ba sa tshwarega ka tiro ya bone ya botlhatlheledi kgotsa ba sa dire patlisiso ka dithuto tsa ikonomi kgotsa tsa bobalamatlotlo, ba ntsha ga tshwene mo lebaleng la bolotlowa. Baakatemi ba babedi bano, ba yo mongwe wa bone a tswang kwa Sekolong sa Disaense tsa Botsamaisi mme yo mongwe kwa Sekolo sa Disaense tsa Bobalamatlotlo, ke maloko a setlhopha sa bolotlowa sa Team X-treme.

Go bonala e kete go rata motshameko thata ga bone go nna le matswela ka gonne baakatemi-ka-bone ba le mmalwa mo khamphaseng le bone ba tsenetse motshameko wa bolotlowa.

 

Ba simolotse ba le mo lliking ya borataro, mme ba dirile ka natla gore ba fitlhe kwa lliking, e e kwa godimo. "Llega ya ntlha e tletse kgaisano e e seng kana ka sepe," go bolela jalo Anita, a tlhalosa gore kwa tshimologong ba ne ba kopile gore ba tsenngwe mo lliking e e kwa tlase ka gonne ba tshameka kgwele ya dinao fela ka go bo ba e rata e bile ba na le tirisano mmogo e ntle. Setlhopha seno ga se bolo go tshameka bolotlowa mmogo go tloga ka 2015.