>

>

 BOTSELEGANYI

Go tlhaeletsana le lona ka mokgwa o lo o batlang

Mo ngwageng o o fetileng, re ne ra dira dipotso tsa patlisiso-maikutlo go batlisisa gore maloko a badiri ba rona ba YBB ba eletsa gore go tlhaeletsanwe le bone ka mokgwa ofe mo YBB.

 

Dingwe tsa dipholo di ile tsa bontsha gore ke dikgang dife tse lo di fitlhelang di le maleba tse lo ka ratang go itse ka tsone. Tsone ke (go simolola ka tse di leng maleba thata go fitlha ka tse di seng maleba go le kalo) dikitsiso ka kakaretso, go katisediwa mo teng ga setheo le go tlhabolola dikgono tsa tiro tsa badiri, ditiragalo tse di botlhokwa, dikgang tsa khamphase, molaetsa wa motlatsa-mokanseliri, dipholisi le go tsenya tirisong leano le le ntšha le gore le tlile go dirisiwa jang.

 

A re lebeng ka tsela e e tseneletseng sentle ka fa dikgang tseno di tlotlwang ka gone ka ditsela tse di farologaneng tsa tlhaeletsano mo YBB, mme segolobogolo ka Eish!

Dikitsiso tsa ka kakaretso:

 

Dikitsiso tsa ka kakaretso:

 

  • @nwu, e romelwa ka Labobedi le ka Labotlhano mongwe le mongwe ka imeile
  • Makwalodikgang a eleketeroniki a a jaaka Take note, Urgent, le From the vice-chancellor (a a romelwang fa go tlhokega).

 

Ditšhono tsa go katisiwa le go tlhabolola dikgono tsa tiro:

 

  • Staff-training@NWU, lekwalodikgang la eleketeroniki le le romelwang ke People and Culture
  • NWU-Wellness, lekwalodikgang la eleketeroniki le le romelwang ke ofisi ya YBB ya Wellness, leo ka dinako tse dingwe gape le kwalang ka dilo tse dingwe tse di diregang mo gare ga badiri, ka sekai, jaaka go dira dilo ka nako kgotsa go lebana le seterese mo tirong.
  • Eish! gape e tlotla ka dintlha-kakaretso tsa katiso le ditšhono tsa go tlhabolola dikgono tsa tiro, e bo e romela pego ya gore dilo di tsamaile jang morago ga dikokoano tsa go tlhabana botlhale.

 

Ditiragalo tsa botlhokwa le dikgang tsa khamphase:

 

  • NWU at the forefront, lekwalodikgang la eleketeroniki le le romelwang Labone mongwe le mongwe ka imeile.
  • Gape Eish! e bega ka ditiragalo tse di diregileng, ka sekai, go na le athikele ya 2017 Indaba mo tokololong eno.
  • BUAtv, bidio e e bontshang phitlhelelo ya badiri ba rona, baithuti le baithuti ba nako e e fetileng, e romelwa kwa go wena ka imeile makgetlo a le mmalwa ka ngwaga.

 

Molaetsa wa motlatsa-mokanseliri:

 

  • Eish!
  • From the vice-chancellor, lekwalodikgang la eleketeroniki le le romelwang fa motlatsa-mokanseliri a batla go bua sengwe ka nako nngwe e e rileng

 

Dipholisi:

 

  • Webosaete ya YBB
  • Eish!, ka sekai, mo tokololong ya athikele eno ya "Tsepa go"

Go tsenya tirisong leano le le ntšha le ka fa le tlileng go dirisiwa ka gone:

 

  • Eish!, ka sekai, athikele e e tlhalosang thulaganyo le ditiro tsa Tsamaiso ya Botshelo jwa Baithuti jwa Akatemi (Student Academic Lifecycle Administration [SALA]) mo tokololong eno.
  • Makwalodikgang a mangwe a eleketeroniki a bega dikgang ka metlha tsa kgang eno e e botlhokwa. Ka go tobetsa fano, o ka kgona go fitlhelela mangwe a makwalodikgang a nako e e fetileng.
  • Mo intraneteng ya badiri o tla fitlhela go na le tsebe e e begang kgang e le nngwe ka dinako tsotlhe, e e bidiwang Go rulaganngwa boša ga YBB.

Ntlha ya konokono e e tlotlang ka yone ke gore rona jaaka maloko a setlhopha sa barulaganya-dikgang, re fano go tlhaeletsana le lona ka mokgwa o lo o batlang. Tsweetswee tobetsa talama kwa sekhutlong se se kwa godimo ka fa mojeng wa tsebe eno mme o re itsise gore o ka rata go buisa ka eng mo kgatisong ya Eish! Ka gonne ke lekwalodikgang la BADIRI-KA-WENA.

 

Re tla nna re letetse tshwaelo ya gago.

 

BUISA GO FETA