>

BUISA GO FETA

>

2017 e konela ka ditiro tse di monate

Indaba

Indaba ya ngwaga le ngwaga e ne ya konela 2017 ka katlego ka ditiro tse di monate,

tse di tlhotlheletsang le tse di rotloetsang.

Ofisi ya Tokafatso ya Boleng e ne ya tshwara Indaba ya yone ya borataro ka katlego ka Sedimonthole kwa Legorong la Boenjenere kwa Potchefstroom.

 

E tla gakologelwa jaaka Indaba e e sa tshwaneng le epe e nngwe, ka gonne e ne ya naya badiri tšhono ya go reetsa bomankge ba e leng dibui tse di rotloetsang le go nna le seabe mo ditirong tse di monate mo teng ga holo ya botlhatlhelelo le ka kwa ntle ga yone.

 

Indaba e ba tshegetsa ka botlalo

 

Badiri ba YBB ba ne ba reetsa se se neng se buiwa ke badiri-ka-bone, e leng GP van Rheede van Oudtshoorn  wa lefapha la go Maketa le la go Tsoma Baithuti le se se neng se buiwa ke Corneels Schabort wa Legoro la Boenjenere.

 

Ka bobedi jwa bone ba ne ba eteletse pele mananeo a mo go one ba neng ba neela dipuo tse di nang le ditlhogo tse di jaaka "Go eletsa go engwa nokeng", "Leina la gago le kayang?” le “Go dira go feta ka fa go lebeletsweng ka gone”. Lenaneo lengwe le le kgatlhang le le dirang gore motho a akanye le ne la bontsha badiri  gore batho ba ka dira eng ka go ithuta mo diphologolong  fa ba le mo maemong mangwe a a rileng.

 

"Kgwetlho e kgolo ke go dumela gore o na le bokgoni jwa go fenya dikgoreletsi. Gakologelwa gore o na le seabe se o tshwanetseng go se diragatsa e bile o ka kgona go dira go feta ka fa go lebeletsweng ka gone," go bolela jalo GP.

 

Leina la gago le kayang?

 

Mo batsayakarolong ba le bantsi, ntlhakgolo ka nako ya Indaba eno e ne e le go ithuta gore leina la mongwe le mongwe wa bone le kayang le ka fa le ba tlhaolang ka gone.

 

Corneels o ne a gatelela gore leina lengwe le lengwe le na le bokao. Bokao jwa leina la mongwe le mongwe bo ne jwa kwalwa mo pampiring ka fa morago ga betšhe ya leina la mongwe le mongwe yo o neng a tlile mo Indaba. Badirammogo ba ne ba bolelelana dikgang tse di amang maikutlo ka ga matshelo a bone le ka fa bokao jwa maina a bone bo amanang ka gone le matshelo a bone. Molaetsa o ne o utlwala sentle: motho mongwe le mongwe o tlhomologile mme o teng mono ka ntlha ya lebaka le le rileng.

 

Go ne go tlile maloko a badiri a a fetang 130 mo Indaba. Johanna Müller, mmenejara wa tsa boleng wa ditirelo tsa kemonokeng, a re dikarabo tse ba neng ba di amogela mo badiring morago ga indaba di ne di le dintsi tota. "Botlhe ba re e ne e le kopano e e itumedisang e le tota e e neng ya ba tlogela ba itumetse e bile ba rotloetsegile."