>

>

Molaetsa o o tswang go

MOTLATSA-MOKANSELIRI

BADIRI BA BA RATEGANG,

Ke itumelela go buisana le baithuti mo dikhamphaseng tsotlhe tsa rona tse tharo.

Bošeng jaana ke ile ka kopana le baithuti ba kgabisa le go apesa dikoloi tse dikgolo mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke go dira ga bone tiro eno ka thulaganyo, go ineela ga baithuti mo tirong eno le go tlhagafalela ga bone go direla baagi ka tiro eno e ba e ithaopetseng.

 

Ka tsela e e tshwanang, kwa Khamphaseng ya Mafikeng, koo ke ileng ka etela gone go feta gangwe mo ngwageng ono, ke nnile le tšhono ya go kopana le baithuti ba ngwaga wa ntlha, batsadi ba bone le baeteledipele ba baithuti. Kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, ke ile ka itumelela go kopana le badiri mmogo le baithuti, go akaretsa le baithuti ba ngwaga wa ntlha.

 

Mo ngwageng ono, ke tlile go eta kwantle ga go rulaganyetsa loeto loo pele, mme ke tla bong ke tsamaya-tsamaya mo dikhamphaseng tsotlhe, ke etela badiri fa ba ntse ba le mo tirong. Go dira jalo go tla emisetsa dikopano tsa ka nako ya dijo tsa mo mosong tse re neng re na le tsone mo nakong e e fetileng.

 

Boikaelelo jwa go dira jalo ga se fela go tla go kopana le badiri-ka-nna, mme gape ke go bona gore ba dira eng le gore ke iponele ka bonna ka fa YBB e fetogang ka gone, ka fa e dirang ka gone le ka fa e golang ka gone.

 

Jaaka fa lo tla tlhaloganya, ga go kitla go kgonega go kopana ka tlhamalalo le mongwe le mongwe, mme ke tla buisana le mothusi wa ga Warren Makgowe, mokaedi wa dikamano le bana le seabe, le setlhopha sa gagwe gore ke kgone go fitlhelela badiri-ka-nna ba le bantsi ka moo ke ka kgonang ka gone fa nako e ntse e tsamaya.

 

O gololesegile go nthomelela imeile kgotsa molaetsa ka founu fa o batla go kopana le nna. Gape nna pholisi ya me ke gore ke batla batho ba tle kwa go nna ka kgololesego fela mo ofising ya me, fa ke na le nako. Leletsang ofisi ya me mogala mo nomoreng ya 018 285 3002. Go sa ntse go ntse jalo, ke batla go lo rotloetsa gore lo buisaneng le dimmenejara tsa mafapha a lona ka mathata a lo nang le one. Fa lo sa bue, dimmenejara ga di kitla di lemoga mathata a a gwetlhang a lo nang le one.

 

Re sa ntse re le foo, re rulaganya sengwe se segolo sa dikgwedi di le mmalwa tse di tlang. Re tla bua ka sone moragonyana.