Duane Aslett o ne a tlhomiwa go nna motlhankedi wa ditogamaano mo kantorong ya motlatsa-mokanseliri, e leng Mop Dan Kgwadi. O tsene mo ditlhakong tsa ga Robert Kettles yo o rotseng tiro ngwaga o o fetileng.

MOTLHANKEDI YO MOSHA WA DITOGAMAANO

ke bosupi jwa gore dilo tse di molemo di tla di menagane seraro

Di diregile ka mokgwa o o latelang: Tatelano ya ntlha e e molemo go di gaisa tsotlhe ya ditiragalo tse di itumedisang tseno e ne e le go goroga ga lesea la gagwe la mosimane, Dallas Joshua Aslett ka di 22 Lwetse 2020. Morago ga moo, ka di 1 Sedimonthole, Duane o ne a simolola tiro e ntšha ya go nna motlhankedi wa ditogamaano mo kantorong ya motlatsa-mokanseliri, mme a fudugela kwa bonnong jwa Heide go ya go nna mookamedi wa bonno joo.

 

Ka nako ya go tsholwa ga ga Dallas, lesea le le ntšha, batsadi ba ba itumetseng e leng Duane le Tammy – motlhatlheledi kwa Sekolong sa Mmino – ba ne ba sa ntse ba nna kwa bonnong jwa banna jwa Veritas e Duane a sa leng a a le mookamedi wa yone go simolola ka 2011.

 

Go leka go tlhaloganya maikutlo a batho le dithulaganyo

 

Duane o dumela gore maitemogelo a gagwe jaaka mookamedi wa bonno jwa Veritas mme jaanong a okametse jwa Heide a mo dira gore a tshwanele maemo a go nna motlhankedi wa ditogamaano, ka gonne o tlhaloganya se se lebeletsweng ke baithuti, e bile o tlhaloganya dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone.

 

Mo godimo ga go tlhaloganya baithuti, maitemogelo a gagwe a pele a kwa Khamphaseng ya Mahikeng mme moragonyana kwa Khamphaseng ya Potchefstroom, a mo thusitse go tlhaloganya botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa badiri le dithulaganyo tse di dirang gore YBB e gatele pele.

 

Tiro ya gagwe e simolotse kwa Khamphaseng ya Mahikeng ka 2004 fa a ne a nna leloko la khamphase jaaka motlhatlheledi wa molao wa tsa kgwebo. Mo dingwageng tseo, gape o ne a le leloko la Senete, o ne a le modulasetulo wa Komiti ya Baithuti ya Dikgatokgalemo gape a le mongwe wa baemedi ba khamphase ba ba neng ba dira terafote ya pholisi ya YBB ya puogae.

 

Go ne ga nna le phetogonyana e nnye fa a ne a fudugela kwa Potchefstroom ka 2007, koo a neng a simolola go nna motlhatlheledi wa molao wa tsa bokebekwa gone wa lenaneothuto le le neng le sa tswa go tlhongwa bosha la bobalamatlotlo jwa diforensiki.

 

Duane o dumela gore maitemogelo a gagwe a a nang le one ka badiri le baithuti kwa go tse pedi tsa dikhamphase tsa rona a tla nna mosola fela thata mo maemong a gagwe a mantšha.

 

Gape dikgono tse a di bapetseng pele a nna leloko la YBB di tla mo thusa motlhofo go rarabolola mathata. Go direla mo go ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforikaborwa, Bathati ba Bosetšhaba ba Botšhotšhisi ba Aforikaborwa le tiro ya diforensiki tsa kgwebo ya PricewaterhouseCoopers e mmaakanyeditse dikgwetlho tse a ka lebanang le tsone mo kantorong ya ditogamaano.

 

Tiro e e thata ya go mekamekana le dikgwetlho

 

Duane, yo o tseneng mo dikgatong tsa motlhankedi wa ditogamaano wa pele e leng Robert Kettles, o tshwanelegela tiro eno sentle.

 

“Mokgele wa me wa ntlha e tla nna wa go etelela YBB pele go ralala dikgwetlho tse di lerilweng ke leroborobo la Covid-19, ka gonne go na le kgonego ya gore le fapose leano la YBB le go re thibela go fitlhelela mekgele ya rona,” o bolela jalo.

 

E re ka tiro e a e dirileng e mmaakanyeditse tiro eno, go lebega Duane a siametse go dira tiro e e thata ka manontlhotlho a magolo le go dira gore YBB e diragatse ditogamaano tsa yone.

Tobetsa mo ditalameng go buisa go feta

Lesea le le ntšha, tiro e ntšha, ntlo e ntšha. Tseno ke dikgang tse di molemo tse di menaganeng seraro tse di neng tsa itemogelwa ke Ngaka Duane Aslett ka 2020.