o newa awate e e mo tlhomelelang

MANKGE WA PUO

DIAWATE

Go rata dipuo thata ga ga Johan Blaauw go dirile gore a nne mongwe wa bao Lekgotla la Puo la Seaforikanse le ba tlhophetseng go ka newa awate e e melediwang mathe ya  Koker Award.

Johan, mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo jwa YBB, o neilwe kabelokhuno eno ka di 20 Ngwanaitseele 2020 ka ntlha ya go tlhomelela batho ga gagwe ka puo ya Seaforikanse.

 

Mme se a se ratang thata ga se fela go dirisiwa ga Seaforikanse jaaka puo ya akatemi, o rata thata le go rotloetsa boemo jwa akatemi jwa dipuo tsa Seaforika.

 

Go naya ba bangwe tshiamelo eno

 

“Ke tshiamelo tota gore baithuti ba Seaforikanse ba wetse dikirii ka Seaforikanse kwa YBB, mme ga re ka ke ra tima ba bangwe tshiamelo eno. Dibui tsa dipuo tse dingwe tsa Seaforika le tsone di tshwanetse gore di kgone go ipelela mosola wa go tlhomelelwa ka puogae ya bone.

“Re dira gore seno se kgonege ka go rotloetsa tiriso ya Setswana le Sesotho, e leng dipuo tse di buiwang thata mo dikgaolong tse dikhamphase tsa rona di leng mo go tsone, gore e nne dipuo tse go rutwang ka tsone fela jaaka go ntse ka Seaforikanse le Seesemane. Seno se dumalana le pholisi ya YBB ya bopuontsi,” o bolela jalo.

 

Johan, modira ka puo yo o nang le dikgono tse di farologaneng fa e sa le ka 1979, o nnile le seabe se segolo thata mo go tlhameng pholisi ya dipuo ya YBB le go dirisiwa ga yone. Gape o thusitse thata mo go tlhameng tirelo e e sa tshwaneng le epe kwa yunibesiting ya go toloka fa go rutwa – thulaganyo e go dumelwang gore ga go epe e kgolo jaaka yone mo lefatsheng.

 

 

Toro e a eletsang go bona e diragadiwa

 

“Kwa bofelong, re batla gore baithuti ba rona ba nne le bokgoni jwa ditengthuto tsa go ruta le go ithuta, ba di tlhaloganye ka botlalo le go di tlhalosetsa ba bangwe – mme ba tla kgona go dira jalo ka dipuo tsa rona tse di farologaneng,” o bolela jalo.

 

“Toro ya rona ke go tlhama yunibesiti e mo go yone botlhe ba tla ikutlwang ba amogelesegile ka dipuo tsa bone le go kgona go dirisa dipuo tsa bone go ruta, go ithuta le go di bua le ba bangwe ntle le bothata.”