YBB e kokoanya le go baakanya tshedimosetso ya poraefete ya baithuti le badiri ba le diketekete, mme o ka tlhomamisega gore tshedimosetso eno e tshwarwa ka kelotlhoko e kgolo.

 

Ga go pelaelo gore o bona tholoboikarabelo e e tsenngwang ka go itirisa kwa tlase ga imeile nngwe le nngwe e o e romelang go tswa kwa GroupWise. Tholoboikarabelo eno e golagantswe le polelo ya polokodiphiri ya yunibesiti, e e tlhabolotsweng bošeng jaana. A o itse ka fa polelo eno e amang ditshwanelo tsa gago ka gone malebana le tshedimosetso ya poraefete?

Eric Swanepoel ke wa Lefapha la Direkoto, Bobolokelo-Tshedimosetso le Dimusiamo.

P: Polelo ya polokodiphiri ke eng mme goreng YBB e e tlhoka?

K: Polelo ya polokodiphiri ke tokomane ya semolao e e tlhokegang e e tlhalosang gore ke ka ntlha yang fa yunibesiti e kokoanya tshedimosetso ya gago ya poraefete le gore e e dirisa jang le gore ditshwanelo tsa gago malebana le seno ke dife.

 

Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa go nna le polelo e e ntseng jalo ga se fela go ngaparela dipatlafalo tsa semolao. Re batla gore gape e supe boikemisetso jo bo nonofileng jwa yunibesiti jwa go sireletsa tshedimosetso ya poraefete ya bana-le-seabe ba rona.

 

P: Goreng go ne go tlhokega gore polelo ya polokodiphiri ya YBB e tlhabololwe?

K: Polelo ya polokodiphiri e ne ya kwalwa tumalanong le melawana e e tlhalosiwang go Molao wa Tshireletso ya Tshedimosetso ya Poraefete (Protection of Personal Information Act [POPIA]) o o neng wa simolola go dira ka di 1 Phukwi 2020.

 

Re tshwanetse go tlhabolola polelo eno nako le nako gore e tsamaisane le diphetogo tsa bošeng tsa thekenoloji le ditlhabololo tse di maleba tsa molao o o tlhomilweng.

 

P: "Tshedimosetso ya poraefete” e kaya eng?

K: Mo polelong ya polokodiphiri re tlamela ka lenaane la mefuta e e farologaneng ya tshedimosetso e e maleba. Tshedimosetso eno e simolola ka deitha ka ga lotso, bong le boemo jwa lenyalo, go fitlha ka tshedimosetso ya thutatshelo ka batho le dikgopolo kgotsa maikutlo a motho.

 

P: Yunibesiti e dirisa jang tshedimosetso ya me ya poraefete?

K: YBB e e dirisetsa fela maikaelelo a a kgethegileng a semolao a a amanang le tiro e e dirwang ke yunibesiti. Ka mafoko a mangwe, re tla e dirisetsa fela boikaelelo jo e kokoanyeditsweng jone le jo go dumalanweng ka jone, kgotsa – fa go tlhokega – maikaelelo a semolao kgotsa a go dira patlisiso.

 

P: A YBB e letleletswe go naya batsenela-tumalano ba boraro tshedimosetso ya me ya poraefete?

K: Ee, yunibesiti e ka nna ya dira jalo ka fa tlase ga maemo mangwe a a letlelesegang, ka sekai, fa e batlega gore e dirisediwe tiro nngwe ya semolao kgotsa dithulaganyo tsa teng. (Maemo a mangwe a yunibesiti e ka senolang tshedimosetso ya gago ya poraefete mo go one a tlhalosiwa mo polelong ya polokodiphiri.)

 

O ka tlhomamisega gore fa tshedimosetso e abelanwa le batsenela-tumalano bape ba boraro, yunibesiti e dumalana le dipatlafalo tsotlhe tsa poraefete jaaka go tlhalosiwa go POPIA.

 

P: Ke dikgang dife tse dingwe tse di botlhokwa tse go dirwang ka tsone mo polelong ya polokodiphiri?

K: Polelo ya polokodiphiri e tlhalosa ka fa re sireletsang tshedimosetso ya gago ya poraefete ka gone le go thibela gore e se ka ya bonwa le go dirisiwa ke ba ba sa letlelelwang. Gape e tlhalosa ditshwanelo tsa gago tsa semolao ka tshedimosetso ya poraefete. Ka sekai, o ka nna wa re botsa gore re tshwere tshedimosetso efe o bo o re kopa gore re e phimole fa e sa tlhole e tlhokelwa boikaelelo jwa ntlha jo e neng e kokoanyeditswe jone.

 

Tobetsa fano go buisa polelo ya polokodiphiri yotlhe le go bona gore ditshwanelo tsa gago ke dife ka ga tshedimosetso ya gago ya poraefete.

TSHEDIMOSETSO YA GAGO YA PORAEFETE

TSEPA GO

eish! e ne ya buisana le Eric Swanepoel wa Lefapha la Direkoto la YBB, la Bobolokelo-Tshedimosetso le la Dimusiamo ka ga boikaelelo le ditlamorago tsa go tlhabololwa ga polelo ya polokodiphiri e Komiti ya Botsamaisi ya Yunibesiti e e amogetseng semmuso ka 2 Sedimonthole 2020.

@NWU

Itemogele gore o botsa jang ka ga tshedimosetso ya gago ya sebele e e tshwerweng ke YBB