Ka fa baithuti ba nnang le maitemogelo ka gone a

GO RUTA LE

GO ITHUTA

@NWU

Moithuti wa tsa thuto e leng Golishwe o tobetsa konopo ya "romela” a bo a ikaegela kwa morago mo setulong sa gagwe. O sa tswa go wetsa lenaane la dipotso tsa patlisiso-maikutlo ka mmojule wa bofelo go tlhalosa maitemogelo a gagwe a go ruta le go ithuta kwa YBB.

 

Boemo jo bo ikakanyeditsweng jono bo sobokanya thulaganyo e e neng ya nna le dikarabo tse di fetang 65 000 tsa fa baithuti ba ne ba tlatsa lenaane la dipotso tsa patlisiso-maikutlo ka ga maitemogelo a bone a go ruta le go ithuta leo ba neng ba le romelelwa ka nako ya semesetara sa bobedi mo tsamaong ya 2020.

Robyn Bunt o ikarabela ka go okamela manaane a dipotso tsa patlisiso-maikutlo a ngwaga le ngwaga a baithuti a go ruta le go ithuta.

Tobetsa mo setshwantshong go buisa go feta

Dipholo-kakaretso tsa manaane a mabedi ano a dipotso tsa patlisiso-maikutlo di bontsha gore baithuti ba batla ba sa kgotsofala go le kalo ka go ruta le go ithuta ga 2020 fa go bapisiwa le ga ngwaga o o fetileng.

 

“Dipholo tseno di a tlhaloganyesega, ka ntlha ya gore leroborobo le dirile gore baithuti ba ba ithutang motlhatlheledi a le fa pele ga bone ba fetole thulaganyo gore e nne ya go ithuta ba le kgakala le setheo sa thuto,” go bolela jalo Robyn Bunt, motlhami yo mmotlana wa akatemi kwa Senthareng ya Go Ruta le Go Ithuta, yo o ikarabelang ka porojeke eno.

 

Manaane ano a dipotso tsa patlisiso-maikutlo a ka ga eng?

 

Manaane ano a ngwaga le ngwaga a dipotso tsa patlisiso-maikutlo a sekaseka boleng jwa go ruta le go ithuta mo mmojuleng le go bona gore baithuti ba nnile le maitemogelo afe.

 

“Lefapha la Thutogodimo le Katiso le batla gore ditheo di nne le manaane a dipotso tsa patlisiso-maikutlo ka maitemogelo a baithuti ka ga go ruta le go ithuta,” go tlhalosa jalo Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta.

 

A re diyunibesiti di romela dipego tsa tsone ka manaane ano a dipotso tsa patlisiso-maikutlo jaaka mabaka a go kopa tshegetso ya madi go tswa kwa lefapheng.

 

Mo manaaneng ano a dipotso tsa patlisiso-maikutlo go botswa dipotso tsa mefuta ya ditlhopha tse tharo: go ruta le go ithuta, ditšhono tsa tekolo, le tshekatsheko ya bukakaelo ya go ithuta le mmojule. Sa ntlha, a re lebeng dipholo tsa setlhopha sa go ruta le go ithuta.

 

Go akgolela batlhatlheledi tshegetso ya bone

 

Dikarolo tse di boneng maduo a a kwa godimo go a feta otlhe a kgotsofalo mo setlhopheng seno e ne e le tiriso ya batlhatlheledi ya eFundi le didirisiwa tse dingwe tse di farologaneng tse ba neng ba di dirisetsa go tshegetsa go ithuta ba baithuti.

 

Maduo a a kwa godimo a kgotsofalo fano ke a maiteko a a oketsegileng a a neng a dirwa ke batlhatlheledi ka nako ya leroborobo la Covid-19 go oketsa selekanyo sa bone sa go tshegetsa le go thusa baithuti go tlwaela phetogo ya go tlogela go ithuta motlhatlheledi a le fa pele ga bone mme ba ithute ba le kgakala le setheo sa thuto. “Batlhatlheledi ba le bantsi ba ne ba dirisa dibidio le dikanale tsa tlhaeletsano tse di jaaka WhatsApp,” Robyn o tlhalosa jalo

 

Karolo e e nnileng le maduo a mannye e ne e le maano a a farologaneng a go ruta le go ithuta. “Seno se tlhaloganyesega sentle,” go bolela jalo Robyn, “ka gonne batlhatlheledi ba ne ba tshwanelwa ke go ngaparela melaometheo e e ba kaelang ya go ruta baithuti ba le kgakala le bone.”

 

Go ya ka melaometheo eno, diteng mmogo le ditiro di tshwanetse go dirwa ka eFundi, thekenoloji e e kwa tlase ya didirisiwa tsa mmobaele (tse di dirisang didirisiwa tse di motlhofo tse di sa raraanang), tse boikaelelo jwa tsone e leng go dirisa deitha e e seng ntsi le go tsiboga ga tsone ka iketlo (e re ka e se gantsi baithuti ba kgonang go tsiboga ka bonako).

 

Ditšhono tsa tekolo di siame, re a leboga

 

Mo setlhopheng sa bobedi, baithuti ba a dumela gore ba ne ba neilwe ditšhono tse di lekaneng tse di tswelelang pele tsa go sekaseka boleng jwa go ithuta ga bone ka go lekolwa ga tiro ya bone ka metlha.

 

Robyn o dumela gore seno se ka tswa se bakilwe ke tekolo e e tswelelang pele e e neng e dirisiwa ke YBB go tshegetsa baithuti ka nako ya leroborobo.

 

O oketsa ka go re karolo nngwe e ne ya newa maduo a a kwa tlase go feta mo dingwageng tse di fetileng. “Baithuti ba tlhalogantse pegelokarabo ya ditekolo e le e e seng mosola go le kalo e bile ga ya ka ya tokafatsa go tlhaloganya ga bone. Le fa go ntse jalo, maikutlo a bone a ne a tokafala mo semesetareng sa bobedi.

 

Go amogelwa ga dibukakaelo tsa go ithuta le dimmojule

 

Fa re leba dipholo mo setlhopheng sa boraro, go bonala baithuti ba ne ba kgotsofaletse thata dibukakaelo tsa go ithuta le thulaganyo ya diteng tsa mmojule wa bone ka nako ya semesetara sa bobedi go gaisa ka sa ntlha.

 

Ba ne ba tlhalosa gore diteng tsa mmojule di ne di rulagantswe sentle le gore ba ne ba na le leanotekolo.

 

“Go bonala e kete batlhatlheledi ba tlwaetse tlwaelesego e ntšhwa ya go direla mo inthaneteng le go tlhomamisa gore baithuti ba kgona go fitlhelela motlhofo tshedimosetso yotlhe e ba e tlhokang,” go bolela jalo Robyn.

 

Go dira gore dipholo e nne tse di mosola

 

Dipego tse di sobokantsweng tsa lenaane la dipotso tsa patlisiso-maikutlo di romelelwa setlhopha sa botsamaisi sa legoro mme dipego ka bongwe ka bongwe tsone di romelelwa batlhatlheledi ka Nextcloud.

 

Robyn a re boikaelelo jwa 2021 ke go leba deitha ka kelotlhoko le go naya magoro dipego gore ba di dirise jaaka didirisiwa tsa go tlisa dikgatotharabololo, fa go tlhokega.

 

O bonela pele gore batlhatlheledi ba ba oketsegileng ba tlile go nna le seabe mo thulaganyong eno mo isagweng. “Fa e sa le manaane a dipotso tsa patlisiso-maikutlo a tsenngwa mo inthaneteng ka 2018, go tsere nako go bona tshegetso ya batlhatlheledi ba bantsi, mme e re ka jaanong thulaganyo eno e tlhofofaditswe, re lebeletse gore ba nne le seabe le go feta.”