Tharabololo ya go kgotlhaganela fa hekeng – sediriso se le sengwe ka nako

 

Tjop-tjop. Ono ke mokgwa o o bonako o sediriso sa founo ya makgonatsotlhe – se ka tshwanelo se bidiwang “TjopTjop” – se kgonang go rarabolola mathata a go kgotlhaganela fa dihekeng tsa sekolo ka one go go bakiwang ke molao wa gore pholo ya barutwana ba ba boelang dikolong kgato e tlhatlhobiwe pele.

 

Sedirisiwa seno sa dijethale sa go tlhatlhoba pholo se se tlhamilweng ke baenjenere ba YBB se kokoanya tshedimosetso ya gore barutwana ke bomang, dithempereitšha tsa bone di ntse jang, le gore a ba tsentse dimmaseke. Tshedimosetso eno e ka kgona go bonwa ka yone nako eo mo phothaleng ya webo.

 

Leba bidio go bona ka fa tlhamo e e manontlhotlho eno e dirilweng ka gone.

Sediriso se se sa tswang go tlhamiwa sa founo ya makgonatsotlhe sa TjopTjop se tla tlhofofatsa le go akofisa go tlhatlhobelwa Covid-19 le go kokoanya tshedimosetso kwa sekolong.

Sediriso se, se se gapileng diawate ke e nngwe ya dipoposešwa tse baitseanape ba dirutwa tse di farologaneng tsa Boenjenere ba di bopileng go arabela mathata a a bolayang a a tlisiwang ke leroborobo la Covid-19 le totlelelo e e nnileng teng.

 

Go ya ka modini-mogolo wa legoro, e leng Mop Liezl van Dyk, seno se tsamaisana le maikemisetso a bone a go fetola lefatshe gore e nne lefelo le le botoka.

 

“Re ikemiseditse go batla ditharabololo tsa dikgwetlho tsa ga jaanong jaana le tsa mo isagweng tse di tshosetsang botshelo tse diintaseteri le baagi ba rona ba lebaneng le tsone, ka go dira patlisiso ya maemo a a kwa godimo. Go tsenngwa ga ditharabololo tseo tirisong go ka solegela batho molemo fela thata,” Liezl o bolela jalo.

 

 

Mop Liezl van Dyk

“Legoro la Boenjenere le dira jaaka boremelelo jwa katiso ya maemo a a kwa godimo ya baenjenere ba ba fetofetogang le maemo le ba ba nang le bokgoni jwa tlhamoseša.

 

“Re tsaya intaseteri ya rona e le botlhokwa, badiri ba tsa akatemi mmogo le baagi, ba ba re thusitseng go tlhama ditharabololo tse di maleba, tse di tshwarelelang le tsa mefuta e e farologaneng. Re tla kgona go thusa ka tirisanommogo le bokgoni jwa bomankge.

 

- Mop Liezl van Dyk, modini-mogolo wa Legoro la Boenjenere

 

 

 

 

Go tlhama dithusa go hema le disireletsa-sefatlhego

 

Aforikaborwa e tlhoka ditlamelwa tsa kalafi ka bonako le diaparo tsa go itshireletsa (personal protection equipment [PPE]) go sireletsa badiri ba tlhokomelo ya kalafi le setšhaba sotlhe, go ya ka Lefapha la Boitekanelo.

 

Dilo tse di tlhokwang ka bontsi di akaretsa dimmaseke, didirisiwa tsa go dira diteko, dibolaya-megare tsa go itshasa diatla, dithusa go hema tse di bogale le dithusa go hema tse di seng bogale, malao a bookelo le dilakane.

 

Ka matshwenyego ano a re nang le one mo mogopolong, setlhopha ba baenjenere ba YBB le badirisani mmogo nabo ba setse ba tlhamile dikumo tsa go namola lefapha la tsa tlhokomelo ya kalafi le go sireletsa badiri ba tlhokomelo ya kalafi ba ba leng mo kotsing ya go ka tsenwa ke mogare fa ba ntse ba leka go mekamekana le mathata a leroborobo leno.

 

Tobetsa fano go buisa go ya pele ka tlhamo ya dithusa go hema le disireletsa-sefatlhego.

 

 

 

 

Go rarabolola kanamo ya tlala – diphuthelwana tsa dijo di le dimilione di le pedi ka nako

 

Baagi ba le dimilione ba ne ba sa kgone go nna le lotseno lwa madi ka nako ya totlelelo, mme seno se ne sa tlogela botlhe bao ba ikaegileng ka bone ba sa itse gore ba tlile go bona kae dijo.

 

Bošeng jaana go ne ga tlhomiwa komiti ya namolo gore e thuse malapa a ka nna 13 000 mo lefelong la Potchefstroom. Tsela nngwe ya go namola malapa ano ke go a naya bopi jwa papa jo bo ka fetolwang go nna dijo tse di nang le dikotla ka go bo futswela ka metsi kgotsa ka maswi.

 

Fano ke fa bokgoni jwa YBB bo tsenang gone. Morago ga masomesome a dingwaga tsa patlisiso le tlhamo ya thekenoloji ya go tamusa dilo, metšhini e e raraaneng ya go tamusa dilo e tokafaditse tsela ya go apaya ditswaiso (tse di jaaka bopi jwa papa) mo teng ga motšhini o o tamusang dilo ka kgatelelo e e kwa godimo thata le ka mogote, go tlhagisa kumo e e apeilweng, e e omileng ka metsotswana e se kae fela.

 

Tlhamosešwa ya legoro e ne ya felela ka gore go tlhomiwe setlamo se se tsenyang dipoelo, sa CFAM Technologies, ka 2002. Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng, CFAM, ka thuso ya baithaopi le bagwebi, e tlhagisitse diphuthelwana di le dimilione di le pedi tsa bopi jwa papa.

 

Go tswelela pele ka go dira kgatelopele go ya pele ka tlhamosešwa ya bone, CFAM le yone e ile ya tlhama autobank ya dijo – khontheina e e kgonang go busediwa tirong gape e e tladitsweng ka bopi jwa papa e e bewang mo lefelong le e kgonang go fitlhelelwa ke botlhe gone mo lefelong la baagi.

 

Batho ba romelelwa dikhupone tse di nang le dinomoro tsa pini mo diseleng tsa bone, mme fa ba tobetsa pini eo mo khiipheteng ya dijethale ya autobank, kgetsana ya bopi jwa papa e tswa ka phaephe.

 

Tobetsa fano go buisa gore dijo tse di bolokang botshelo tseno di newa batho jang.

TjopTjop, ke khiti ya go atlhola boitekanelo ya dijitale e e tlileng ka ditlhaloganyo le popo ya Legoro la Boenjenere mme le fentse awate ya boditšhabatšhaba go tswa go Kgwetlho ya Poposešwa ya Covid-19 ya Forama ya UN ya Aforika ya Poposešwa le Tsadiso 2020.

 

DITHARABOLOLO TSA BOENJENERE

tsa go tlisa lefatshe le le botoka la Covid-19