Maduo ano a bošeng a ne a tlhomiwa ke Senthara ya Go Naya Diyunibesiti mo Lefatsheng Lotlhe Maduo (Center for World University Rankings [CWUR]), e e phasaladitseng lenaane la yone la diyunibesiti tse di di gogang kwa pele ka 2020 go fitlha ka 2021 ka di 8 Seetebosigo.

 

Fa re tla mono gae, re umaka diyunibesiti di le supa tse di kwa godimo tsa Aforikaborwa, tse tiro ya rona ya patlisiso mo go tsone e fitlheletseng 877. Seno se re naya maduo-kakaretso a 70,8, e leng phitlhelelo e e gakgamatsang e le tota.

 

Go tlhoma boleng jwa yone maduo

 

Ngwaga le ngwaga, CWUR e phasalatsa maduo a magolo go a feta otlhe a tsa akatemi a diyunibesiti tsa lefatshe ka bophara. Mokgwa wa bone wa go di tlhoma maduo o tlhomologile fela thata, ka gonne ba gatelela thata tikologo e go ithutelwang mo go yone le mo tirong ya patlisiso.

 

Dipilara di le nne tsa konokono tsa mokgwa wa go di tlhoma maduo ke boleng jwa thuto, go thapiwa ga baithuti ba nako e e fetileng, boleng jwa magoro le tiro ya patlisiso.

 

Ga se lekgetlo la ntlha

 

 Times Higher Education (THE) e ne ya naya YBB maduo a a kwa godimo. E ile ya balelwa mo gare ga diyunibesiti di le tlhano tse di kwa godimo tsa Aforikaborwa tsa Diikonomi Tse di Santseng di Fatlhoga Go Tlhoma Diyunibesiti Maduo tsa THE e e neng YA gololwa ka Tlhakole.

 

Seno se diragetse fa diyunibesiti tsa naga ya rona tsa dithuto tsa semolao di sena go balelwa mo gare ga tse tlhano tse di kwa godimo le fa tsa dithuto tsa ikonomi di sena go balelwa mo gare ga tse supa tse di kwa godimo tsa Go Naya Diyunibesiti mo Lefatsheng Lotlhe Maduo tsa THE.

YBB e balelwa mo go 5% e e kwa godimo ya diyunibesiti di le 20 000 lefatshe ka bophara

Go balelwa mo gare ga 4,7% e e kwa godimo ya diyunibesiti di le 20 000 lefatshe ka bophara, le go balelwa mo gare ga diyunibesiti di le 922 tse di kwa godimo mo dinageng di le 61, ke bosupi jo bongwe gape jwa gore YBB e nnile le diphitlhelelo tse dingwe gape tse di kwa godimo ka tatelano mo maduong a diyunibesiti lefatshe ka bophara.

Seno se diragetse fa diyunibesiti tsa naga ya rona tsa dithuto tsa semolao di sena go balelwa mo gare ga tse tlhano tse di kwa godimo le fa tsa dithuto tsa ikonomi di sena go balelwa mo gare ga tse supa tse di kwa godimo tsa tsa THE.

Seno se diragetse fa diyunibesiti tsa naga ya rona tsa dithuto tsa semolao di sena go balelwa mo gare ga tse tlhano tse di kwa godimo le fa tsa dithuto tsa ikonomi di sena go balelwa mo gare ga tse supa tse di kwa godimo tsa Go Naya Diyunibesiti mo Lefatsheng Lotlhe Maduo tsa THE.