Ke ba rona

 

Fa e sa le leroborobo la Covid-19 le baka tshenyo mo lefatsheng lotlhe, re ntse re koelelwa ka tshedimosetso e e seng kana ka sepe ka mogare wa korona o o bakang bolwetse.

 

Go sa kgathalesege go koelelwa ga rona ka tshedimosetso e ntsintsi eno, ba le bantsi ba rona ga re ise re itse gore moitaletsi yono o dira maretshwa a mofuta ofe mo mebeleng ya rona.

Bidio eno –e e leng nngwe ya diteng tsa thuto tse o tshwanetseng go di leba pele o dira teko ya katiso ya Covid-19 mo eFundi – e tlhalosa seno ka tsela e e rutang thata le e e ntshang bodutu go sekae.

 

E simolola ka go re bontsha gore mogare ono o simolola loeto lwa one jang ka marothodi a a tsenang mo nkong kgotsa mo matlhong a gago morago ga moo o bo o “tsenelela kwa teng-teng mo mmeleng wa gago o iphitlhile mo teng ga diedi tsa mmele le go tsamaisiwa ke tsone".

 

Karolo e gongwe e tshosang thata ya bidio eno, ke e mo go yone re ithutang ka fa mogare ono o "tlhatlhamololang” karolo e e bokoa ka gone: ya masole a rona a mmele.

 

Mme ka lesego, gape re ithuta gore gantsi masole a rona a mmele a boa gape a nonofa, a bo a bolaya disele tse di tshwaetsegileng le go kgaosetsa megare mo tseleng ya yone.

Go itse mmaba wa rona

Go itse mmaba wa gago go go thusa go mo lwantsha ka katlego le go feta. Bogela bidio eno gore o nonotshe go ya pele kitso e o itlhomeletseng ka yone.

 

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260