Selo fa batho ba sa se itse, ba se boifa lebekebeke mme gape se ka ba rotloetsa go ribolola ditšhono tse di ntšha le go kgona bosakgonegeng bongwe.  Mo lefapheng la rona la Thekenoloji ya Tshedimosetso (Information Technology [IT]), re ithutile go le gontsi ka se re neng re sa se itse.

 

Lefapha la rona la IT le le tlogang le feleletsa leano la lone la tsa dijethale gore le kgone go lepalepana le Phetogo ya Lekgetlo la Bone ya Diintaseteri, totlelelo le patelesego ya go ithuta ka tiriso ya inthanete, le pateleditswe ke maemo ano go akofisa dithulaganyo tsa lone tsa dijethale.

 

 

Boeta Pretorius ke mokaedi wa Thekenoloji ya tshedimosetso.

eish! e ne ya kopa mokaedi wa IT Boeta Pretorius go re bolelela ka tlhamosešwa le go kgotlhelela ga bone go go ba thusitseng go dira tiro ka mokgwa o e seng wa ka tlwaelo mo dikgweding di le pedi tse di fetileng.

 

P: Dikgwetlho tse dikgolo go di gaisa tsotlhe tse IT e nnileng le tsone fa e baakanyetsa go ithuta ka inthanete e nnile dife?

K: E ne e le bosaitsiweng! Re ne re faraferwe ke dipotso. eFundi e ne e tlile go imelwa go le go kae? Sebaka se se neng se tla lekana mo didisiking e ne e tla nna se se kana kang go laisetsa dibidio tsotlhe mo go sone? Ke baithuti ba le bakae ba ba neng ba tla tshwanelwa ke go dirisa didiriso tsa laboratori tsa khomphiutha? A dikonteraka tsa rona tsa dilaesense di tla duelela tlhokego eno.

 

Le rona re ne re ipotsa gore ke tse kae tse di neng di tla tshegetsa baithuti ba rona ba ba  ithutelang kgakala le setheo. A ba na le kgokagano ya inthanete? Deitha? Dilepothopo? Bothata jwa rona jo bogolo ke gore deitha ya baithuti, go akaretsa le dinomoro tsa founo, diaterese le go nna le didirisiwa tse di tlhokegang tsa mmobaele, tsotlhe di ne di feletswe ke nako.

 

Go bonala potso e e neng e le botlhokwa e ne e le ya gore a tshireletsego ya inthanete e ne e tla kgonana le dikgwetlho tse di ntšha.

 

Kgwetlho e nngwe e kgolo e ne e le diwebosaete tse di tlhometsweng reiti ya lefela go tswa go ditlamo tse dikgolo di le nne tsa tlhaeletsano. Re ne ra tshwara ditherisano tsa bosetšhaba mmogo le ditherisano mo teng ga ditheo tsa rona, mme ditlamo di ne di ise di siamele go dira seno. Re ne ra swabisiwa ke gore sengwe sa ditlamo se ne sa tlhomela diwebosaete tsa rona tse tharo reiti ya lefela mme mo go e nngwe, moithuti ka mongwe o ne a duedisiwa 500 megabyte.

 

P: Lo fentse dikgwetlho tseno jang?

K: Mo nakong e e fetileng, re dirile ditlhopho tse di molemo ka katiso ya badiri, thekenoloji, IT, tlhamo ya dipolane tsa kago le ditirisanommogo mo teng ga yunibesiti, go akaretsa le Senthara ya Go Ruta le Go Ithuta (Centre for Teaching and Learning [CTL]).  Tota e bile, re feditse nakonyana re dirisana gaufi thata le CTL, re kaelwa ke dikaelo tsa Go Ruta le Go Ithuta ka Leano la Thekenoloji.

 

Tirisanommogo le ditlamo tse di leng kwa ntle ga yunibesiti le yone e itshupile e le mosola fela thata. Ka sekai, dingwe tsa tsone ke tse re di dirang le diyunibesiti tsa boditšhabatšhaba tse di dirisang thekenoloji e e tshwanang le ya rona, Mokgatlho wa Bakaedi ba IT ya Yunibesiti, Universities South Africa (USAf) le Lefapha la Thutogodimo le Katiso.

 

P: A eFundi e kgonne go rwala palo e kgolo ya baithuti ba ba neng ba dira ka yone?

K: Ke na le dešeboto ya leruri mo sekerining sa me gore ke nne ke beile leitlho tsela e eFundi e dirang ka yone, mme e ntse e dira sentle.

 

Palo e kgolo go di feta ya baithuti ba ba dirang mo Efundi ka nako e le nngwe fela e kile ya nna 15, 000 mme peresente e kgolo ya palo ya bone e ne e tsena mo polatefomong eno ya go ithuta letsatsi le letsatsi. Se se kgatlhang ke gore le ka mafelobeke, go na le palo e e fa gare ga 5 000 le 7 500 ya baithuti ba ba tsenang mo go yone ka nako e le nngwe. Palogare ya go tsiboga ga yone mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng e ne e le metsotswana e le 1,2.

 

 

P: Tiriso ya eFundi e godile jang fa e sa le re simolola go ithuta ka tiriso ya inthanete?

K: Palo ya baithuti ba ba dirisang eFundi letsatsi le letsatsi e menagane sebedi. Go dirisiwa mo e ka nnang 45 terabytes mo go eFundi ka kgwedi mme batlhatlheledi ba tsentse tiro e e jang mo e ka nnang diterabaete di le tharo mo mafaratlhatlheng fa e sa le totlelelo e sena go simolola.

 

P: Lo tshwarwa dikopano di ka nna kae ka inthanete ka letsatsi mme seno se ama jang  tsamaiso ya rona?

K: Mo dikgweding di le thataro tse di fetileng tsa 2019, go nnile le dikopano-khonferense di le 4 943 tsa go gokagana ka bidio tse di neng di tshwarwa ka sedirisiwa sa vidyo , fa di bapisiwa le dikgokagano di le 5 470 tse di ileng tsa tshwarwa ka bidio mo malatsing a ntlha a le 16 a totlelelo. Ga di akaretse dikgokagano tse di neng tsa dirwa ka mananeo a mangwe a a jaaka a Microsoft Teams, Google Hangouts, Zoom le Big Blue Button. Le fa re sena deitha mo dikgokaganong tseno, ke ka bolela ka tshosologo fela gore dikopano tse di tshwarwang ka inthanete di le makgolokgolo di dirwa letsatsi le letsatsi.

 

P: Tiro eno ya ka natla e solegetse IT molemo jang?

K: Go kgona ga lefapha la IT go tsibogela "mokgwa o mo ntšha” le go dira ditirelo tsa lone le ritibetse go dirile gore re ikanye lefapha leo fela thata. Jaanong re bona melemo ya dingwaga-ngwaga tsa go dirisa melaometheo e e siameng fa re dira dithulaganyo le ditlhamo. Gape go tlile go nna motlhofo mo isagweng jaanong go tlhoma mogopolo mo diphetogong tsa kgwebo tsa dijethale le go tsaya karolo ka botlalo mo Phetogong ya Lekgetlo la Bone ya Diintaseteri.

 

P: O ithutile eng ka boitemogelo jono?

K: Ke ithutile gore batho ba mosola go feta sengwe le sengwe, go bo go latela boikanyegi jwa bone le tirisanommogo. Gape ke a lemoga gore go akanyetsa dilo ka kakaretso le melaometheo e e siameng ya go dira ditlhamo ka metlha e tla go tswela mosola le gore go direla setheo se se laolwang sentle jaaka seno ke tshiamelo.

 

P: Lefoko la gago la bofelo ke lefe?

K: Covid-19 e akofisitse tiro ya dijethale ya YBB mme ga re kitla re boela morago mo go yone. Re ithutile gore diphetogo tsa dijethale di tla ama mekgwa ya kgwebo, setso, ditlelaente, mekgwa ya go dira tiro le thekenoloji. JAANONG ke nako ya go potlaka e seng go iketla.

 

 

IT: Go Lebana le Bosaitsiweng Bongwe ka Bopelokgale

TSEPA GO