Dikakgelo tsa

morulaganyi

Mafoko a mararo ano a ka fetola matshelo

Tobetsa go buisa go feta

Badiri ba ba rategang,,

 

Mokwadi wa Mo-Canada yo gape e leng sebui se se di gogang kwa pele e leng  Robin Sharma a re boeteledipele ga bo amane ka gope le sereto kgotsa maemo mo tirong, mme bo amana le DIPHELELO TSE DI SIAMENG, TLHOTLHELETSO le THOTLOETSO.

 

Fa o buisa athikele ka baithuti ba nako e e fetileng ba ba gapileng diawate, ga go sepe se o akanyang ka sone kwantle ga gore mo nakong e e fetileng, go tshwanetse ga bo go na le batlhatlheledi ba ba ileng ba tlhotlheletsa baithuti ba ba tlhomang sekao se se molemo bano ba nako e e fetileng le go bopa tsela e gompieno jaana ba lebang botshelo ka yone.

 

Mo nakong e e tlang, fa o ema fa pele ga barutwana o ba tlhatlhelela, kgotsa fa morago ga khaontara o ba thusa go bona basari, gakologelwa gore tiro ya gago ya ka natla e ka kgona go rotloetsa le go fetola matshelo a bone.

 

Tlhotlheletso ya maloko a rona a badiri ga e ame baithuti ba YBB fela mme gape e ama maloko a setšhaba. Seno se direga fa batho lba dira tiro ya boatlhodi ka sekai, kgotsa fa ba eteletse pele mekgatlho ya bosetšhaba ya ikonomi le fa ba kwala dibuka.

 

Re amogela badiri-ka-rona ba basha ba ba tlhomilweng bošeng jaana e bile re solofela gore le bone ba tla nna le tlhotlheletso e e molemo mo baithuting ba rona le gore gape ba tla abelana ka bokgoni jwa bone ka kwa ntle ga yunibesiti, le mo setšhabeng.

 

Gakologelwa gore go sa kgathalatsege gore seabe sa gago ke sefe mo YBB, o ka kgona go nna le DIPHELELO TSE DI SIAMENG, TLHOTLHELETSO le THOTLOETSO mo bathong ba ba go dikologileng. A re se senyeng ka tšhono e e molemo eno.

 

Buisang ka boitumelo!

 

 

 

 

>

>