Mankge wa tsa ikonomi

o tlile go etelela mokgatlho pele

Moakatemi go tswa kwa YBB o tlhophilwe gore a etelele pele Mokgatlho wa Ikonomi wa Aforikaborwa (Economic Society of South Africa [ESSA]). Mop Waldo Krugell, mothusa-mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Disaense tsa Ikonomi, ke moakatemi wa ntlha wa YBB go tlhophiwa go nna poresidente wa ESSA.

Waldo o ne a tlhophiwa go letela boporesidente jwa gagwe kwa khonferenseng ya ESSA  ka kgwedi ya Phatwe mme lobaka lwa tiro ya gagwe lwa dingwaga di le pedi lo tla simolola semmuso ngwaga o o tlang, ka kgwedi ya Lwetse 2018.  E re ka a le leloko le le nang le maitemogelo la ESSA , o na le dingwaga tse di fetang lesome a le leloko la lekgotla la yone e bile a re o lebile pele go thusa baakatemi ka tiro ya gagwe.

 

"Ke tlotla e kgolo e bile ke tshiamelo go tlhophiwa ke bankane ba me. Go a intumedisa go itse gore ba a ntshepa gore ke tla kgona go thusa ka tsa ikonomi."

 

Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo go di feta tsotlhe mo maemong a tiro eno e tla nna go rulaganyetsa go tshwarwa ga khonferense ya ESSA e e  tsenang gangwe mo dingwageng tse pedi ya 2019

 

"Go tla bo go itumedisa tota go kopanya batho ba ba akanyang ka tsela e e tshwanang. Khonferense eno ke foramo e e botlhokwa ya go tshwara motlotlo e seng wa baakatemi fela mme gape wa maloko a a nang le kgatlhego mo setšhabeng."

 

Mokgele ke go atolosa dilo

Waldo o rata dilo tse di amanang le ikonomi thata mme o eteletsa kwa pele dilo tse di tla solegelang baithuti molemo.

Leno ke lone lebaka la go bo a batla go atolosa khonferense gore a tshegetse mokgele ono wa tlhabololo ka go akaretsa baithuti ba morago ga kalogo ba ba tswang mo maemong a a farologaneng a botshelo.

 

O na le dingwaga di le dintsi thata a ineetse mo tirong ya go ruta. O kile a nna motlhatlheledi le mmatlisisi kwa YBB fa e sa le ka 1999 mme ka nako eo o ne a katisa le go rotloetsa baithuti ba le bantsi gore ba wetse dithuto tsa bone tsa morago ga kalogo.

 

Tiro ya gagwe ya go dira patlisiso e ikgarile thata mo tirong ya go tlisa tlhabololo mo Aforika le mo Aforikaborwa.

 

Waldo ga se ene fela moakatemi yo o itumeletseng thata go tlhophiwa ga gagwe go nna poresidente, jaaka fa seno se supelwa ke mongwe wa badiri-ka-ene. "Ke kgatlhegela thata go bona ka fa a tlileng go lolamisa dilo ka gone mo setšhabeng le mo mafapheng a a farologaneng a ikonomi mo lobakeng lono lwa tiro ya gagwe," go bolela jalo Mop Raymond Parsons wa Sekolo sa Kgwebo le Botsamaisi, yo o neng a newa awate ya go fetsa lobaka lo lo leele thata e le leloko kwa khonferenseng ya bošeng jaana ya ESSA.

 

Supa mo setshwantshong go

buisa go feta

 

Mop Waldo Krugell ga se mmatlisisi fela yo o ineetseng mo tirong ya gagwe mme gape ke moakatemi yo o tlotlegang, gape ke motabogi yo o tlhoafetseng yo o weditseng Comrades Marathon ya ngwaga ono.

Dintlha go ya pele ka ESSA

 

ESSA e tlhomilwe ka 1925 mme bontsi jwa maloko a yone ke baakatemi ba ba tswang mo diyunibesithing mo nageng yotlhe ya rona ba ba dirang mo mafapheng mangwe a a kgethegileng a ikonomi. Boikaelelo jwa yone ke go rotloetsa gore go nne le motlotlo wa patlisiso ka dilo tsa ikonomi, segolobogolo tse di amang Aforikaborwa, ka go neelwa ga dipuo, ka go gatisa makwalopaka le go tshwara khonferense ya gangwe mo dingwageng tse pedi.

 

Gape ESSA e ile ya gatisa lekwalopaka le le di gogang kwa pele, la South African Journal of Economics, le le anamisiwang mo kgaolong yotlhe ya Borwa jwa Aforika.

 

Mokgatlho ono o na le maloko a a fetang 60 le makala a le robongwe. (Motswedi wa Tshedimosetso: Wikipedia)

>

>

BUISA GO FETA