>

>

Badiri ba ba rategang,

Molaetsa o o tswang go

motlatsa-mokanseliri

Bošeng jaana ke nnile le tshiamelo ya go nna teng kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa diawate o kwa go one re neng ra akgola baithuti ba le bantsinyana ba nako e e fetileng. Bangwe ba bone ba setse ba rotse tiro, bangwe ba mo bogareng jwa mekgele ya bone ya botshelo mme ba bangwe ba sa ntse ba le bannye. Le fa go ntse jalo, botlhe ba fitlheletse go le gontsi mo ditirong tsa bone le go nna batlhomasekao mo go ba bangwe.

 

Mo puong e ke neng ke e neela, ke ile ka umaka gore re latelela sekao sa batlhomasekao ka gonne go atlega ga bone go a re rotloetsa le go re tlhagafatsa. Re a ba tlhoka.

 

Mme le fa re anaanela thata baithuti ba nako e e fetileng ba ba tlhomologileng ba ba jaaka Mop yo o tumileng mo dinageng di sele wa akatemi jaaka Mop Rudi van Eldik, modirelasetšhaba yo o tlhomologileng Ngaka Sejako Senatle, mokatisi yo o tumileng wa bolotloa Ngaka Elsje Jordaan le Moh wa Aforikaborwa, Demi-Leigh Nel-Peters, gape re tshwanetse go batla batlhomasekao mo mafelong a rona a tiro.

 

Katlego ya rona ya mo isagweng ga e kitla e agiwa ka ditokomane tsa ditogamaano mme ka boeteledipele jo bo rotloetsang le sekao sa batho. Ee, mme gone re tshwanetse go nna le thulaganyo. Re rulagantse isagwe e e bonalang sentle, e e amanang le thulaganyo ya setheo.

 

Ke nako ya go semelela jaanong re nne batlhomasekao ba re tlhokang go nna bone go dira gore leano la rona le dire. Jaanong re tlhoka baeteledipele gore ba tsenye tirisong thulaganyo ya rona e e tla tlisang katlego le go se tlhokomologe maikarabelo a rona ka gonne a le thata.

 

Re sa ntse re bua ka dikgwetlho: lebogang Monyatsi, moithuti wa nako e e fetileng wa YBB, o ne a ipelafatsa Aforikaborwa le YBB fa a ne a rwesiwa tlhoro ya go nna mohumagatsana wa ntlha mo kgaisanong ya bommabontle ba Miss World Wheelchair, e e neng e tshwaretswe kwa Warsaw, kwa Poland.

 

lebogang  o belegetswe le go godisetswa kwa Vryburg, kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima, o alogile kwa khamphaseng ya YBB ya Mahikeng fa a sena go ithutela Batšhelara ya Disaense tsa Loago tsa thuto ya boithutatlhaloganyo ka 2014.

 

Ke solofela gore lebogang , bafenyi ba rona ba diawate le dipolelo tse di leng mo tokololong eno ya Eish!, e leng makasini wa rona wa badiri o o fentseng diawate, di tla lo rotloetsa le go dira gore tikologo e re leng mo go yone e nne ya maemo a a kwa godimo le e e atlegileng.