Ga twe kwantle ga kitso ya hisitori, tlholego, lefelo le setso, batho ba tla tshwana le ditlhare tse di se nang medi.

 

Le fa rotlhe re dumalana le polelo eno, e boammaaruri thata mo go Mop Elize van Eeden le Ngaka Pieter Warnich ba YBB.  Batlhatlheledi-bagolo ba babedi bano ba ba tlotlegang thata le babatlisisi ba hisitori le ba tikologo ba thankgotse bukathuto e ntšha kwa Khonferenseng ya ntlha ya bošeng ya Boditšhabatšhaba e e Amanang le Hisitori le Thuto kwa dinageng tse di ka fa Borwa jwa Aforika

 

Bukathuto ya setlhogo se se reng, Teaching and Learning History and Geography in the South African Classroom, e lejwa ke bontsi jaaka e e sa tshwaneng le epe ka ntlha ya go re e tsaya go ruta le go ithuta hisitori le thutafatshe e le dirutwa tse di golaganeng.

 

Elize le Pieter ke batseleganyi, e bile bomankge ba le mmalwa ba babatlisisi ba hisitori le ba thutafatshe ba ba thusitse gore ba nne le kitso e e kgethegileng.

 

Boikaelelo jo bo amanang le thuto jwa bukathuto eno ke go gakologelwa sentle le go dirisa diphitlhelelo tsa patlisiso le mekgwa ya dingwaga di le 20 go fitlha go di le 25 tse di fetileng.

 

"Go ne go tsepilwe mogopolo thata mo go kopanyeng dilo tseno gore e nne dikaelo tsa go ruta le go ithuta le ditshwaelo tse di newang baithuti ba thuto ba ba rutang hisitori kgotsa thutafatshe, kgotsa dirutwa ka bobedi, tse ka bobedi di leng ka fa tlase ga serutwa sa tikologo," Elize o tlhalosa jalo.

Go solofetswe gore bukathuto e tlile go dirisiwa ke baithuti ba ngwaga wa bobedi go fitlha go ba ngwaga wa bone le ke Baithuti ba Onase ba dikhoso tsa BEd, le ke baithuti ba mananeothuto a PGCE, ACT, ADT le ADE le barutabana ba ba rutang tikologo.

 

Sa bobedi se go tsepilweng mogopolo mo go sone ke go kgontsha baithuti  go ruta kharikhulamo ya tikologo ya Lefapha la Thuto.

 

 

e leba seša hisitori ya go ruta le go ithuta le thutafatshe

   Bukathuto

>

>

BUISA GO FETA