>

>

Buisa go feta

 

Fa mopalamapitse

le pitse ya gagwe ba na le tirisanommogo, matswela e nna a a siameng

 

 

 

 

 

 

 

Letsatsi le ntsha nko kwa Foreisetata, marang a lona a gasamela kgakala thata. Phešwana e e tsiditsana e e monatšhana e phaila lekantsa la moriri o o tlhagang ka fa tlase ga tlhoro e a e rweleng. Gretha Botha o tswala matlho go sekae a bo a hemela kwa teng phešwana e e foreše ya mo mosong, a ipha nako ya go tlhatlhanya.

 

Lobelo lo simologile. Bontle jo bo mo dikologileng bo fetela kwa morago ka lobelo fa pitse e ntse e patakela ditlhakwana di kuisitse lerole.  Fa Ras-el-Bandar Nerina ya gagwe e ntse e patakela, e feta bojannyana jo bosetlha le ditlhare tsa mebitlwa tse di omeletseng mo boalong jwa naga jo bo bolailweng ke mariga. Pitse le mopalami wa yone ba seoposengwe.

 

Go larile 20km kwa pele, e leng koo ba yang gone –  ba letetswe ke mabala a dipontsho ka fa ntle ga Fauresmith. Bobedi jono bo dirile mmogo malatsi a le mararo sekgala sa 201km, le go lebana le kgwetlho ya go kgotlhelela. Mme ba kgakala le go fitlha.

 

Fa ba lebile go ya bokhutlong

 

Gretha le Nerina ba oketsa lebelo. Ba ya ba lebile bokhutlong jwa lebelo la boitshoko la Fauresmith. O akanya ka morwawe, James le Heinrich, ba ba mo letileng koo. Dingwaga tsa bone ke 14 le 13, mme le bone ba rata dipitse fela jaaka mmaabone. "Go monate go bona ka fa ba ratang dipitse ka gone," o bolela jalo.

 

Go rata dipitse ga gagwe go simolotse a sa ntse a le ngwana mme lerato leo le ne la tsosoloswa gape ka 2009 fa a ne a fudugela kwa Potchefstroom. Ka 2013, o ne a thapetswe go nna mmenejara wa dikonteraka le wa ditshwanelo tsa semolao tsa dithoto kwa Lefapheng la Kemonokeng la Go Ruta Thekenoloji le Tlhamosešwa la YBB.

 

O simolola go fufulelwa, mme o nna a tlhomile matlho kwa mokgeleng. "O tshwanetse go bo o itekanetse sentle mo mmeleng  ka gonne go itekanela ga gago go ama tsela e pitse e tlileng go gaisana ka yone. Go sutisa mmele wa gagwe go sekae fela le gone go ka ama pitse fela thata." O ipoloka a itekanetse ka go ya lefelong la boikatiso le go swaya baesekele dikilometara di le dintsi le go thuma thata mo letamong la go thuma. "Selo sa botlhokwa thata ke go nonofa mo mogopolong le go nna o tlhomile matlho kwa mokgeleng wa gago."

 

Go botlhokwa go gaisa dikabelokhuno

Monongwaga, Gretha o tsere karolo mo kgaisanong eno lekgetlo la bone. "Ka 2016 re ne re le mo gare ga ba ntlha ba le 10 mme monongwaga re dule maemo a bo 13. Fa o simolola go rata kgaisano eno le go tsenela mabelo a maleele a a batlang boitshoko, ga o kgone go e tlogela."

 

Gretha o ile a emela naga ya gaabo makgetlo a mabedi, mme mo go ene, go palama pitse go botlhokwa go feta dikabelokhuno. "Go nna le kutlwano e e ka sekang ya kgaoga fa gare ga gago le pitse ya gago. Ke diphologolo tse di amegang bonolo fela, mme gape di botlhale tota. Go a gakgamatsa gore phologolo ya 450kg e go letla go e palama ka fa mokwatleng. Nngwe le nngwe ya tsone e na le mokgwa wa yone o o sa tshwaneng le wa e nngwe mme ka dinako tse dingwe di ka itshwara jaaka bana ba ba se nang tsebe."

 

Kutlwano e e gakgamatsang

Bontle jwa kutlwano fa gare ga motho le pitse bo a gakgamatsa. "Go na le dikarolonyana tsa yone tse o ka se kgoneng go di tlhalosa. Go na le kgololesego le boikutlo jo bo gakgamatsang jwa fa wena le pitse ya gago lo simolola go akanya le go tsamaya lo le seoposengwe – tirisanommogo, go tlotlana. Lo nna le motsamao o o se nang matsapa."

 

Ka nako ya lebelo la Fauresmith, dipitse di tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape ke ngaka ya diphologolo.  Mo e ka nnang morago ga 25km nngwe le nngwe, dingaka tsa diphologolo di tlhatlhoba dipitse go bona gore a di ikutlwa sentle le gore a di nonofile go ka tswelela.

 

Fa a sena go feta lefelo la bofelo la go tlhatlhobiwa ga tsone, maiteko a bofelo a ga Gretha ke go wetsa lebelo.  O dumela gore go le fetsa ke go le fenya.

 

Fa Gretha a bona letshwao la mola wa go fela ga lebelo, pelo ya gagwe e ubela ka bonako. O utlwa pina e e dirisiwang mo lebelong leno ya Chariots of Fire, e e tshamekelwang mopalami mongwe le mongwe wa pitse yo o tsenang ka mabala a dipontsho. O bona setlhopha sa basetsana ba gagwe: lekau la gagwe e leng Deon Duvenhage, mokatisi wa pitse Thinus Sonnekus, ngaka ya diphologolo Jesse Jones, le Ames le Heinrich.

 

Monyenyo o simolola go tlhaga ka iketlo mo sefatlhegong. Fa a kgabaganya mola wa go fela ga lebelo, o nyenya la motlhagare.