YBB e akgola setlhopha se se gaisitseng botlhe sa baithuti ba nako e e fetileng kwa moletlong wa diawate wa di 6 Diphalane kwa Sandton.  Moletlo wa diawate tsa ngwaga ono o ne o akaretsa Awate e e melediwang mathe ya Phitlhelelo e Kgolo mo Botshelong ya YBB, gape e ne e le tsa go akgola baithuti ba nako e e fetileng ba YBB ba ba ntshitseng ga tshwene mo tirong ya bone kwa dinageng di sele ka 2017.

ba bangwe botlhe sa baithuti ba nako e e fetileng

gaisang

YBB e akgola setlhopha sa ba ba

Mohumagatsana wa Aforikaborwa ke Moemedi wa YBB

 

Mohumagatsana wa Aforikaborwa Demi-Leigh Nel-Peters o neilwe Awate ya Go Nna Moemedi wa YBB ya ngwaga ono ka ntlha ya go emela yunibesiti ya Aforikaborwa kwa dinageng di sele.

 

O tsamaya mo dikgatong tsa baamogedi ba Awate ya Go Nna Moemedi ba ngwaga o o fetileng ba ba akaretsang Caster Semenya, Sunette Viljoen, Willem Coertzen, Elroy Gelant, Terseus Liebenberg le Jean Verster.

Supa mo godimo ga maina go buisa go feta.

Tobetsa leina la mongwe le mongwe yo o e neilweng go buisa go ya pele ka bone.

Mme bafenyi ke...

  • Mop Tjaart van der Walt

    Mop Tjaart van der Walt, moreketoro wa nako e e fetileng wa PU ya CHE le moeteledipele wa maemo a a kwa godimo, o neilwe Awate ya Phitlhelelo e Kgolo mo Botshelong

  • Ngaka Frits Kok

    Ngaka Frits Kok, mokopanya-ditso le leloko la Puo ya Seaforikanse le Setlamo sa Ditso (ATKV), o neilwe Awate ya Setso le Diatshe

  • Rre Tamsanqa Manzi

    Rre Tamsanqa Manzi, mogwebi yo o atlegileng le motlhamaditiro, o neilwe Awate ya Go Tsaya Karolo ga Maloko a Setšhaba

  • Mop Koos van Rooy

    Mop Koos van Rooy, moithutabomodimo, morongwa le moranodi wa Baebele, o neilwe Awate ya Go Tsaya Karolo ga Maloko a Setšhaba

  • Mop Kobus Pienaar

    Mop Kobus Pienaar, mokwadi yo gape a tlotlwang thata mo go tsa thuto, o neilwe Awate ya tsa Thuto

  • Ngaka Sejako Senatle SC

    Ngaka Sejako Senatle SC, mmueledi wa batho yo gape e leng ramolao yo o matlhagatlhaga, o neilwe Awate ya Tirelosetšhaba

  • Mop Rudi van Eldik

    Mop Rudi van Eldik, mmatlisisi yo o tlotlwang thata yo gape e leng monetetshi, o neilwe Awate ya Patlisiso

  • Ngaka Elsje Jordaan

    Ngaka Elsje Jordaan, mankge yo o itsegeng thata wa mokatisi mo metshamekong le wa ntlha go dirisa dipolatefomo tsa dijethale go sekaseka ka fa metshameko e tshamekwang ka gone, o neilwe Awate ya Metshameko

  • Moh Daniëlla van Heerden

    Moh Daniëlla van Heerden, mmegadikgang yo o ikgapetseng diawate tse dintsi, o neilwe Awate ya Moithuti wa Nako e e Fetileng yo Mmotlana.

>

>

BUISA GO FETA