Kabinete ya gagwe ya dijana tse a di gapileng e setse e imelwa ke boima jwa dikabelokhuno tse di re fitlhelang boša jwa gagwe. Jay-Dee Conradie o na le methalethale ya ditalente, e seng fela tsa diatshe mme le tsa disaense.
Moithuti yono wa ngwaga wa bone, yo o nnang kwa kagong ya bonno ya banna ya Patria mo khamphaseng ya Potchefstroom,
Moithuti yono wa ngwaga wa bone, yo o nnang kwa kagong ya bonno ya banna ya Patria mo khamphaseng ya Potchefstroom, o ne a setse a bontshitse bokgoni jwa gagwe kwa sekolong se segolo. Ka sekai, fa a le mo mophatong wa bo 12, o ne a bona maduo a a kwa godimo go feta a baithuti botlhe mo Foreisetata mo thutong ya terama.
Morago ga moo, jaaka moithuti kwa Potchefstroom, o fentse kgaisano ya Pukki Talent Festival makgetlo a mabedi mme gape o dirile sentle thata kwa Moletlong wa Bosetšhaba wa Diatshe kwa Aardklop.
Ka 2018, bente ya gagwe ya Glimpse e ne ya fenya awate ya setlhopha se se di gaisang tsotlhe se se santseng se fatlhoga kwa Aardklop mme Jay-Dee o ne a kaiwa e le moithuti yo o ba gaisitseng botlhe wa modiragatsi ka ntlha ya terama e a e kwadileng mme a diragatsa mo go ya, My Planeet. tirô e ntlê thata e e ikgapetse awate ya Aardklop ka ntlha ya go bo e le tlhagiso e e di gaisitseng tsotlhe ya moithuti mmogo le tlhagiso e e di gaisitseng tsotlhe ka kakaretso.
E bile, re sa ntse re le moo, fa a sa tshwarega ka go diragatsa, ka go kwala terama le ka go tlhama mmino, o ithutela dikirii ya gagwe ya BSc ya saense ya ditshedinnye le boithutatirommele.
Go boloka tekatekano fa gare ga dithuto le diatshe
"Ke ne ke batla go ithuta terama mme batsadi ba me ba ne ba gagamatsa letsogo ba mpolelela gore ke batle porofešene e ke tla kgonang go itshedisa ka yone,” go bolela jalo monni yono wa kwa Kroonstad.
"Batho ba le bantsi ba gakgamadiwa ke gore ke ithutela BSc mme ka fa letlhakoreng le lengwe ke ntse ke rata diatshe, mme ke akanya gore pelo ya me e sekametse thata kwa diatsheng go feta BSc, le fa gone gotlhe go tsamaya sentle ka dithuto tsa me.
Gape o na le lerato le legolo la ditlhare tsa bonsai le go taka ditshwantsho ("le fa gone ke se na bokgoni jo bo kalo jwa botaki") e bile o itumela thata fa a bogetse tiragatso ya Singing in the Rain kwa Monte Casino kgotsa #Huishou e mo go yone go diragatsang Nadia Vakvekens le Cintaine Schutte.
Go diragatsa mo terameng go tshwana le go hema
Batho ba ba mo tlhotlheletsang go diragatsa ba akaretsa Maaforika Borwa a a diragatsang mo seraleng le mo sekerining e leng bagaka ba ba jaaka Lizz Meiring, Sandra Prinsloo, Frank Opperman le Marius Weyers.
Modiragatsi mongwe le mongwe o rata thata serala mme ga ke kitla ke nna le bothata jwa go diragatsa mo soap opera e e jaaka 7de Laan,” o bolela jalo ka tlhagafalo.
"Ke na le talente ya tlhago ya diatshe Ke okosijene ya me. Ke tla swa fa ke ka idiwa tšhono ya go tlhaga mo seraleng. Jaaka fa Lizz Meiring a buile: 'Re bana ba ba batlang go tshwara dikonsarata.”
Ka 2019, Jay-Dee Conradie o nnile motshameki sa ntlha ka go tshameka a le ngaka mo filiming e khutshwane ya Hope.
Jay-Dee Conradie o itaya meropa ya bente ya bone ya Glimpse.
Jay-Dee
o ntsha ga tshwene mo diraleng tsotlhe