Nngwe ya ditiro tse di setseng di tsamaisana le motlha o moša wa tlhabologo e e gakgamatsang ya thekenoloji ke thekenoloji ya thuto. eish! e ne ya etela bathekenoloji ba thuto ba YBB go ya go ba botsa gore ba dira eng le gore ba ka thusa jang baakatemi le badiri ba bangwe.

 

IKGOLAGANYE LE RONA

 

Batlhatlheledi ba ka nna ba ikgolaganya le batho bano fa ba tlhoka thuso:

 

  • Thamie Ndlovu, Mahikeng,
    (018 389 2441)
  • Elne van Niekerk, Vanderbijlpark
    (016 910 3317)
  • Kobus le Roux, Potchefstroom
    (018 299 2001)

 

Go seng jalo, batlhatlheledi le baithuti ba ka leletsa mogala kwa dinomoreng tseno tsa go kopa thuso gore ba newe thuso go ya pele ka tsa thekenoloji le ka dithekenoloji tsa go ruta le go ithuta.

 

  • Mahikeng: 018 389 2312
  • Potchefstroom: 018 285 2295
  • Vanderbijlpark: 016 910 3038

 

Kobus le Roux, mothekenoloji-mogolo wa thuto le mookamedi wa setlhopha sa Thuto ya Dijethale le Tikologo e go Ithutelwang mo go Yone  (Digital Teaching and Learning Environment [DTLE]), o tlhalosa gore YBB e ne e na le diyuniti tse di thusang badiri go tsenyeletsa thekenoloji mo maano-thutong a bone le eleng pele yunibesiti e rulaganngwa boša  bošeng jaana.

"Ka nako ya go rulaganngwa boša ga yone, dirutwa tseno di ne tsa dirwa gore di tsamaisane le tsela ya segompieno ya go akanya ya go tshegetsa thekenoloji ya thuto. The DTLE, e maloko a yone e leng bathekenoloji ba thuto ba YBB, ga jaanong jaana e nna kwa Senthareng ya Go Ruta le Go Ithuta.”

Ba ikemiseditse go tlhomelela ba bangwe

Bathekenoloji ba thuto ba ikemiseditse go tshegetsa badiri ba baakatemi le baithuti, le go ba thusa go tsenyeletsa thekenoloji mo tirong ya bone ya go ruta le go ithuta.

YBB e na le bathekenoloji ba le supa ba thuto ba ba batlang dikgakololo le go thusa ka go tlhama lenaanethuto le mmojule mo inthaneteng. Mo godimo ga moo, bathusi ba le batlhano ba lefapha la thuso le la didirisiwa ba thusa badiri le baithuti go dirisa dithekenoloji tsa go ruta le go ithuta tse di tshegediwang ke YBB.

Maemo a go dirisa thekenoloji mo thutong a tsepa mogopolo mo go gakololaneng le badiri le go ba bontsha gore thekenoloji e dira jang, go tshegetsa badirisi ba yone ka go letsa mogala wa go bona thuso mahala le go dira ka Didirisiwa le IT go sekaseka ditlamelwa tsa go ruta le go ithuta.

Ka fa letsatsi la mothekenoloji wa thuto le ntseng ka gone

E re ka tirokgolo ya mothekenoloji wa thuto e le go gakololana le batlhatlheledi, ba fetsa nako e ntse ba le mo dikopanong le mo dikokoanong tsa go gakololana le ba bangwe, Kobus o bolela jalo.

"Go na le thotloetso e kgolo go tswa kwa yunibesiting ya go dira gore bontsi jwa ditiro tsa go ithuta di dirwe ka inthanete mme re tshwanetse go sekaseka gore dimmojule tsa go ruta le go ithuta di na le ditlhoko dife tsa thekenoloji.

E re ka batlhatlheledi ba tshwanetse go kgona go dirisa inthanete ka botlalo, go nna le kitso ka thekenoloji ya thuto ke porofešene e ba tshwanetseng go tlhabolola bokgoni jwa bone mo go yone mo go yone. Bathekenoloji ba thuto ba ba thusa ka go ba naya mananeotiro le katiso ka manaane a go rutwa ka inthanete le a mangwe a a tshwanang le ao.

"eFundi ke karolo e kgolo ya rona ya go dirisa thekenoloji ya thuto, mme re batla go tshegetsa badiri go diriss dithekenoloji tse dingwe tse di farologaneng tsa go ruta le go ithuta – fa go rutwa ka tlhamalalo le ka nako ya fa go rutwa ka tiriso ya inthanete.

Karolofefo ya khomphiutha le motlakase o o fetlhwang ke mogote wa letsatsi

Mo godimo ga go tshegetsa tiro ya go rutwa ka inthanete, bathekenoloji ba thuto gape ba dirisana le bana-le-seabe ba bangwe jaaka ba IT le ba Didirisiwa.

"Ga re itirele ditshwetso re le rosi ka tsa thekenoloji mme re dirisana mmogo le badiri ka rona go bona pele gore ditlhopho le ditshwetso tse re di dirang di tla nna le diphelelo tse di ntseng jang pele re dira diphetogo dipe.

"Ka sekai, re tshwaraganetse porojeke ya go tlhama sekao sa lefelo le eseng la semmuso le go ka ithutelwang mo go lone mo ditshingwaneng tse di leng fa gare ga dikago E8 le laeborari mo khamphaseng ya Potchefstroom.

Go rulaganyediwa dikao tse di tshwanang le seno le kwa dikhamphaseng tse dingwe. Go tlhamiwa ga dilo tseno go tla tlhama mafelo a baithuti ba ka kgonang go nna mo go one le go dira mo mafelong a a sa dirisiweng thata kgotsa a a bulegileng mo khamphaseng. Kwa bofelong, mafelo ano gape a tla tsenngwa diphanele tsa motlakase o o fetlhwang ke mogote wa letsatsi tse di tla tsenyang didirisiwa maatla a motlakase gore go tšhajiwe difouno, dithebolete le dilepothopo.

 

 

Mo sekerining sa khomphiutha, o ka kgona go bona sekai sa karolofefo ya khomphiutha e e dirisediwang go thusa batlhatlheledi le baithuti. Fano, bathekenoloji ba thuto e leng Fundiswa Ngomani, Naldo Oberholzer le Letshego Mabale ba tlotla ka dikarolo dingwe mo saeteng ya eFundi.

BATHEKENOLOJI BA THUTO BA RE FETISETSA MO

Jaaka fa lefatshe le ipaakanyetsa phetogo ya bone ya diintaseteri, e e nang le diphetogo tse di bofefo tsa kgatelopele ya thekenoloji mo maemong otlhe, bomankge ba dumela gore go na le bontsi jwa ditiro tse di ntšha tse di tlileng go nna teng mme ditiro tsa ga jaanong di tla tshwanelwa ke go fetoga.

Kobus le Roux ke mothekenoloji-mogolo wa thuto.

Phetogong ya bo 4 ya Diintaseteri