Mop Raymond Parsons wa Sekolo sa Kgwebo sa YBB o ne a newa tlotla eno ka di 24 Tlhakole kwa Worcester.

 

O ne a akgolwa jalo mmogo le banni ba ba itsegeng ba pele, go akaretsa le mofenyi wa Sejana sa Nobel sa dikgatiso tsa puisokwalo e leng Danny Titus, mogaka wa setso le wa ditshwanelo tsa batho e leng Ngaka Tanny Titus, mogaka wa tsa mmino wa Seaforikanse e leng David Kramer, mokwadi le ramaboko e leng Diana Ferrus le Moatlhodi yo o tlhokafetseng e leng Thembile Skweyiya.

 

Go simolotse ka potso

 

Go tlotlwa ke batho ba kwa Worcester go na le bokao jo bo kgethegileng mo go Raymond ka gonne o kaya gore toropo eno e bopile botshelo jwa gagwe le tiro ya gagwe ya boitshediso.

 

"Fa ke ne ke le mosimanya wa dingwaga di ka nna 10 kwa Kapa Bophirima, rre - yo e neng e le rakgwebo yo o atlegileng e bile e le molemirui - o ne a tsamaya le nna go etela lekeišene lengwe gaufi le rona.

Ke ne ka leba mo tikologong yotlhe mme ka mmotsa ka re: ‘Goreng batho ba mono ba humanegile jaana?’ A araba a re: 'Ga ke itse, o tshwanetse go nna raikonomi gore o kgone go tlhalosa boemo jono.’ Go bonala ke ile ka araba ka re, 'Fa e le gore go ntse jalo, ke batla go nna raikonomi.'”

 

Ke ka fa mokgele wa botshelo jwa gagwe o simolotseng ka gone. O feditse bontsi jwa nako a tsena sekolo kwa Worcester, mme a wetsa Sekolo se Segolo kwa Worcester Boys High koo a neng a newa moputso wa Maskew Miller teng ka ntlha ya diphitlhelelo tsa gagwe mo dithutong. “Ke ne ka rotloediwa ke moputso ono le ke barutabana ba me ba ba tlhomologileng go tsweletsa dithuto tsa me pele.” Morago ga moo a ya go ithutela ikonomi kwa yunibesiting ya Cape Town, ya Oxford le ya kwa Copenhagen.

 

"Ke ithutile go le gontsi fa ke ne ke nna kwa Worcester. Sa ntlha, ke ile ka ithuta bokgoni jwa go bua dipuo tse pedi ka botlalo — bokgoni jo ke dumelang gore kgabagare bo ne jwa dira gore ke feleletse ke le kwa YBB ya Potchefstroom.”

 

Hisitori e go thusa go bona ditharabololo

 

Thuto e nngwe e e mosola e a e ithutileng fa a le kwa sekolong e ne e le botlhokwa jwa go dira diphetogo le go rotloetsa puisano mo gare ga maloko a ditso tse di farologaneng.

 

“Morutabana wa hisitori ke ene a neng a jala peo ya bokgoni jwa go dira jalo mo go nna.  Ke ne ka lemoga ka bonako gore fa ke sa tlhaloganye hisitori ya naga ya rona sentle ga ke kitla ke kgona go bona ditharabololo tse di gaisang tsotlhe tsa isagwe. Go ithuta hisitori kwa sekolong go dirile gore ke simolole loeto lwa botshelo jo bo bopileng botshelo jwa me le tiro ya me ya boitshediso, e leng loeto lo lo iseng lo fele.”

 

Raymond a re jaaka moagi wa mo Gauteng ga a etele Worcester gantsi go le kalo. Ka jalo moletlo wa diawate e ne e le tšhono e kgolo e seng fela ya go boela gape mo toropong eno le kwa bathong ba yone, mme gape ya go ba lebogela seabe se ba nnileng le sone mo botshelong jwa gagwe.

 

*Go abiwa ga diawate e ne e le karolo ya keteko-moletlo o o tsayang beke yotlhe ya baagi ba Breede Valley ya go nna gone ga toropo ya Worcester fa e sa le e theiwa ke Lord Charles Somerset. Ke moletlo o o tsayang beke yotlhe go simolola ka di 24 Tlhakole go fitlha ka di 1 Mopitlwe.

 

 

Mop Raymond Parsons o kwadile dibuka di le thataro tse di buang ka ikonomi ya Aforikaborwa, setlhogo sa ya bošeng jaana sa re Good Capitalism, Bad Capitalism: The Role of Business in South Africa, o e kwadile a e tshwaraganetse le Ali Parry, mmatlisisi-mogolo kwa lefelong la patlisiso ka tsa Kgwebo la YBB.

 

Lefelo le le neng la rotloetsa mosimane fa a sa ntse a gola gore a nne raikonomi wa maemo a a kwa godimo le mo neile awate ya maemo a a kwa godimo thata e e abiwang sewelo fela ke mmasepala – kgololesego ya toropo.

Mop Raymond Parsons o amogela kgololesego ya Worcester ka la 24 Tlhakole 2020.  Le ene go na le moamogedi yo mongwe wa tlotlo e, ke moopedi wa Seaforikanse David Kramer.

Raikonomi wa YBB o tlotlwa ka

‘Kgololesego ya kwa Worcester’

 

Mongwe wa baakatemi ba ba tumileng wa YBB e leng Mop Raymond Parsons ke raikonomi yo o tlotlegang yo o dirang ditshwaelo gangwe le gape mo thelebišeneng le mo radiong ka maemo a a sa tlhomamang a ikonomi le pholisi ya teng mo Aforikaborwa.