Motshameko wa mabole wa basadi, o gantsi o tshamekwang ke banna fela, o simolola go ratwa thata mo khamphaseng kwa Mahikeng mme ngwaga le ngwaga, o tsenelwa ke ba le bantsinyana ba ba o tlhagafaletseng gore ba o fitlhise kwa mankalengkaleng.
Setlhopha sa mabole sa basadi se ne sa boa sa gapa gape sekgele sa Bommampodi ba Bosetšhaba sa University Sports South Africa (USSA) ka nako ya kgaisano ya USSA e e neng e tshwaretswe kwa Secunda go simolola ka di 2 go ya go di 4 Sedimonthole 2019.
Bommamabole ba le robedi ba ba tswang kwa YBB ba ne ba tsaya karolo mo kgaisanong mme ba tla ba gapile dimmentlele di le tlhano tsa gauta, di le pedi tsa selefera le e le nngwe ya boronse. Botlhe ka borobedi jwa bone ba ne ba tlhophiwa gore e nne maloko a setlhopha sa bosetšhaba sa USSA se se tla emelang naga ya rona kwa Lesotho moragonyana mo tsamaong ya ngwaga.
Setlhopha sa motshameko wa mabole sa basadi ba maemo a a kwa godimo mo motshamekong ono sa YBB se tletse ka ba ba leng mo setlhopheng sa Porofense ya Bokone Bophirima se se tlhagisitseng mmamotshameko wa ngwaga wa 2019 wa porofense.
Go kampana ka mabole
Gape setlhopha seno se na le mokatisi wa ntlha wa mosadi yo o fentseng Kgaisano ya Bommampodi ya Mabole ya USSA e bile ke mosadi wa ntlha go sireletsa sekgele seo ka 2019. Mokatisi Onalenna Tsae, yo gape a katisang setlhopha sa khamphase sa mabole sa banna, ke mokatisi wa bosetšhaba wa mabole wa USSA.
Onalenna o kailwe e le mokatisi wa motshameko wa mabole yo o ba gaisang botlhe yo o tlhomileng rekoto ya USSA dingwaga di le tharo ka go tlhomagana, go simolola ka 2017 go fitlha ka 2019, e bile o nnile mokatisi yo o ba gaisitseng botlhe kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima ka 2018 le ka 2019.
A re go nna mokatisi wa motshameko wa mabole go mmatlile gore a kgotlhelele le go nna le boineelo gore a nne mokatisi wa motshameko wa mabole o o santseng o tshamekwa thata ke banna.
"Ke ne ka lebana le dikgwetlho tsa go sa amogelweng ke porofense ka gonne ke le mosadi, mme gape ke le mokatisi yo monnye mo go bone botlhe,” Onalenna o bolela jalo.
Yo mongwe wa mabole a a lomang
Lemogang Moote, leloko la setlhopha sa mabole sa basadi sa YBB, le ene o nyaditse bong ka go tsenela motshameko ono: ke modulasetulo wa setlhopha sa mabole sa YBB gape ke modulasetulo wa North West Open Boxing Organisation (NWOBO) Athletes Commission.
O ne a kaiwa e le mosadi wa ngwaga wa metshameko kwa Diawateng tsa Metshameko tsa Khamphase ya Mahikeng mme a gapa mmentlele wa gauta kwa Diawateng tsa Porofense ya Bokone Bophirima tsa batlabosheng ba ngwaga oo. Gape o ne a fenya kgaisano ya bommampodi ya USSA ka 2017, 2018 le ka 2019, mme o nnile motshameki wa ngwaga wa Porofense ya Bokone Bophirima mo motshamekong wa mabole ka 2018 le ka 2019. Lemogang o fentse metshameko e le robongwe mme o latlhegetswe ke e le metlhano.
Mo godimo ga go fenya mo teng ga mosako, bommamabole ba YBB ba re boikaelelobogolo jwa bone ke go tlosa megopolo e e sa siamang e e santseng e le teng ka metshameko ya mabole. O se ka wa tshamekela basadi, le bone ba tsenela motshameko wa mabole.
Bontsi jwa bommamabole ba YBB ba ne ba tsenetse kgaisano ya mabole ya 2019 ya USSA.
Bommamabole ba YBB ba itaya ka lebole le le bogale mo teng ga mosako le ka kwa ntle ga one, ba gapa diawate le go tlosa dikgopolo tse di seng boammaaruri tsa gore motshameko wa mabole ke wa banna fela.
BOMMAMABOLE
ba a itaola mo mosakong
Supa mo ditshwantshong go buisa go feta.