TSEPA GO

go nna le seabe mo baaging

Kwa YBB, go nna le seabe mo baaging go kopantswe le tiro ya konokono ya go ruta le go ithuta le go dira patlisiso. Seno se raya gore badiri ba tshwanetse go ruta ka go nna le seabe mo baaging le go dira patlisiso ka go nna le seabe mo baaging, go bolela jalo Mop Marilyn Setlalentoa, mothusa motlatsa-mokanseliri yo o ikarabelang ka go nna le seabe mo baaging le ka ditiro tsa Khamphase ya Mafikeng kwa YBB

eish! e ne ya mmotsa gore ke bomang ba ba solegelwang molemo ka go nna le seabe mo baaging, batsayakarolo ba konokono ke bomang le gore diphelelo tsa ditiro tsa rona di botlhokwa go le go kana kang.

 

P: Ke bomang ba ba solegelwang molemo ke go nna le seabe mo baaging kwa YBB?

K: Baithuti ba rona, badiri le baagi botlhe ba solegelwa molemo.

 

Baithuti ba tsaya karolo ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, letsholo la dirutwa le ba naya ditšhono tsa go ithuta go direla ba bangwe. Sa bobedi, fa ba tsaya karolo jaaka baithaopi mo diporojekeng tse di farologaneng tsa go direla ba bangwe tse di rulagantsweng mo baaging e bile di eteletswe pele ke makgotla a dikhamphase a baithuti, ba ithuta go sikara maikarabelo, go nna baagi ba ba amegang ka ba bangwe.

 

Malebana le badiri ba rona, ditiro tsa rona tsa go nna le seabe mo baaging di akaretsa go dira patlisiso ka baagi, go e dira le bone le go e dira mo gare ba bone, mme seno se kgontsha baakatemi ba rona go dira patlisiso e e rarabololang mathata a mmatota mo botshelong, ba tla ba ntse ba ithuta mo baaging ba rona. Patlisiso ya bone gape e felela ka gore ba tlhagise dikgatiso ka patlisiso ya bone kgotsa go dira ditiro dingwe tsa tlhamosešwa.

 

Fa re ntse re tsepa mogopolo mo go nneng le seabe le bone re sa kgaotse le go tlhabolola seabe seo, baagi ba solegelwa molemo fa bomankge ba rona ba abelana kitso le bone le go batla ditharabololo tsa mathata a ba nang le one.

Jaaka fa o bona, se se gatelelwang fano ke go solegelwa molemo ga bone botlhe.

 

P: Ke bomang ba e leng bana-le-seabe ba konokono mo dikhamphaseng tsa rona.

K: Mo magorong, bathusa-badini ba ba ikarabelang ka go nna le seabe mo baaging ba rulaganya ditiro tsa teng. Mme malebana le baithuti, makgotla a dikhamphase tsa rona a baithuti a tlhomile maloko a komiti gore a nne le seabe mo baaging.

 

P: A re na le setlhopha se se okamelang tiro?

K: Ee, re na le yuniti e e bidiwang Diphelelo tse di Itsetsepelang mo Baaging, mme Bibi Bouwman ke moeteledipele wa yone.

 

Kwantle ga ga Bibi, yuniti e na le maloko a mangwe gape a mabedi. Ngaka Miranda Mgijima ke mmenejara wa go ruta le go ithuta ka go nna le seabe mo baaging, mme Ngaka Hendri Coetzee ke mmenejara wa go dira patlisiso ka go nna le seabe mo baaging. Boemo jwa boraro, jwa mmenejara wa dikamano le bana le seabe, jone ga bo a tladiwa.

 

Ofisi ya yuniti e kwa Potchefstroom, mme e okametse go le gonnye fela tiro ya go nna le seabe mo baaging mo magorong otlhe a dikhamphase di le tharo.

 

Nngwe ya ditiro tsa yone ke go golaganya baagi le ditlhoko tsa baagi le dikgono tse di leng teng kwa yunibesiting tsa go ba thusa. Gape ba tlotla le ditheo tse di kwa ntle tse di jaaka di NGO le ditlamo tse di batlang ditšhono tsa go diragatsa boikarabelo jwa tsone tsa kgwebo mo loagong. Gantsi ditlamo tseno di dirisa yuniti ya Diphelelo tse di Itsetsepelang mo Baaging ya dipatlisiso ka diphelelo tse di nnang teng mo baaging.

 

Mo godimo ga moo, yuniti e dirisana thata le makgotla a dikhamphase a baithuti ka go tlhama thulaganyo ya go katisiwa ga baithuti ba ba tsayang karolo mo ditirong tsa go nna le seabe mo baaging.

 

P: O itse jang gore a ditiro tsa rona di a ungwa?

K: Go botlhokwa thata gore go nna le seabe ga rona mo baaging go nne le diphelelo tsa mmatota tse di kgonang go itsetsepela.

 

Kwa bokhutlong, go tshwanetse ga nna le diphetogo tse dikgolo mo baaging tse di tlisitsweng ke porojeke epe fela e e kgethegileng.  Fa YBB e ikgogela morago kwa bofelong, diphetogo tse di molemo tseno di tshwanetse go tswelela pele.

Motho a ka bapisa go nna le seabe mo baaging le setlhare. Medi ya setlhare ke magoro le dirutwa kwa yunibesiting, mme kutu yone ke yunibesiti ka mafapha a yone a kemonokeng le didirisiwa. Dikala ke bana le seabe mo baaging, mme matlhare ke batho ka bongwe mo baaging.

 

Fa dikarolo tsotlhe tsa setlhare seno di dirisana mmogo, di tlhagisa maungo, a a tshwantshetsang diphelelo tse ditiro tsa rona di nnang le tsone mo baaging.

 

Re kopa badiri botlhe ba YBB go tswelela pele ka go diragatsa bokgoni jwa bone, kitso le maitemogelo gore go nne le diphelelo tse di siameng mo baaging.

 

P: Go bona tshedimosetso go ya pele ka go nna le seabe mo baaging, ikgolaganye le maloko ano a badiri mo magorong:

K: Lefapha la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho: Mop Aaron Tshidzumba; wa Lefapha la Boenjenere: Hannes du Toit; Molao: Adv Renè Koraan; Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi: Mop Ntebo Moroke; Thutabomodimo: Mop Vhumani Magezi; Disaense tsa Pholo: Mop Andrew Robinson; wa Thuto: Ngaka Elize Kung; Disaense tsa Tlhago le Temothuo: Mop Rodney Medupe.

 

Gape o ka ikgolaganya le Bibi Bouwman kwa lefapheng la Diphelelo tse di Itsetsepelang mo Baaging.

Mop Marilyn Setlalentoa ke mothusa motlatsa-mokanseliri yo o ikarabelang ka go nna le seabe mo baaging le ka ditiro tsa Khamphase ya Mafikeng kwa YBB. Maitemogelo a gagwe jaaka modirediloago a dira gore a nne yo o tshwanelang sentle go dira ditiro tsa gagwe tsa go nna le seabe mo baaging.