PHETLHOLELA KWA TLASE

E E JANG DIMILIONEMILIONE TSA DIRANTA

TLHABOLOLO

ya khamphase kwa Vanderbijlpark

Ba ba neng ba le teng fa go ne go kgaolwa lelente la go bulwa ga heke e ntšha e ne e le, go tswa ka fa molemeng, Herman Steyn, Lelani van Zyl, Motlokwe Thobejane, Prof Linda du Plessis le Clement Manoko. Eagi, e leng popae ya YBB, le yone e ne e le teng mo moletlong ono.

Malao a mangwe a le 250 le manno a mangwe gape a le 1 150 a phapositlhatlhelelo ke mengwe ya mesola ya go dirisiwa ga R200 milione go dira diporojeke tsa tlhabololo ya dikago mo khamphaseng ya Vanderbijlpark.

Ditshwantsho tseno di bontsha kago e ntšha ya tsamaiso (fa godimo) le kago e ntšha ya Disaense tsa Pholo ya Tlhago le Loago (fa tlase).

PHETLHOLELA KWA TLASE

Go santse go agiwa dikago di le mmalwa tse di ntšha, tse e tlileng go nna boremelelo jo bo ntšha jwa ditiro tsa tsamaiso, kago ya bonno mo khamphaseng le kago ya dithuto tsa akatemi tsa Disaense tsa Pholo ya Tlhago le Loago, le  dikago tse dingwe di le mmalwa tsa botlhatlheledi.

 

Go aga isagwe

 

Kago ya ga jaanong jaana ya ofisi ya tsamaiso e tla tlhabololwa gore e nne holo e kgolo ya ditiro tse di farologaneng le go nna lefelo la go tshwara dikokoano di le mmalwa ka nako e le nngwe fela. Mo isagweng, holo eno e tla dirisediwa ditiragalo tse di jaaka meletlo ya kalogo le ditiragalo tsa go amogelwa ga baithuti ba ngwaga wa ntlha.

 

Ka ntlha ya ditlhabololo tse di ntšha tsa kago ya bonno le sekolo se se ntšha kwa mmileng wa Hendrik van Eck Boulevard, khamphase e ne ya tshwanelwa ke go fudusetsa heke e go tsewang ka yone kwa lefelong le lengwe gone mo mmileng oo.

 

Go lebeletswe gore kago ya tsamaiso e tla nna gaufi le heke e ntšha, e e neng ya bulwa semmuso ka di 7 Phatwe.

 

Ditlhabololo tsa dikago di duelelwa ka thuso ya madi a tlhabololo go tswa kwa Lefapheng la Thutogodimo le Katiso mme di tla wediwa kwa bokhutlong jwa 2021.

 

Go aga dikago tsa maemo a a kwa godimo

 

“Ke itumelela fela thata kgato eno ya ditlhabololo mo khamphaseng,” go bolela jalo Mop Linda du Plessis,

mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le ditiro tsa khamphase mo Vanderbijlpark.

 

“Ka go dirisa madi mo dikagong tsa rona, YBB e tswelela pele go leka go nna le dikago tsa maemo a a kwa godimo gore e tlamele ke ditlhoko tse dikgolo tse di leng teng tsa go nna le lefelo le le siameng la go ruta le go ithuta, go dira patlisiso ya boleng jo bo kwa godimo le go tlhofofatsa mokgwa wa go aba kitso le go golagana le diintaseteri tse dingwe,” Linda o bolela jalo.