Nako le nako fa setlhopha sa monna le mosadi wa gagwe e leng Kobus le Caroline Filmalter ba tsena ka mokorwana mo metsing, ba a netefatsa gore ke bafuduwamokoro ba maemo a a kwa godimo, go sa kgathalesege gore a mongwe wa bone o fuduwa mokoro a le nosi (K1) kgotsa ba o fuduwa e le setlhopha sa batho ba babedi (K2).

PHETLHOLELA KWA TLASE

Fa ba le mmogo, ba tlhakanya maitemogelo a dingwaga di le 11 mo metsing. Kobus, yo o dirang mo Lefapheng la Dikago le Tlhokomelo ya Tsone mo khamphaseng kwa Vanderbijlpark, o feditse dingwaga di le robedi a tsenela kgaisano eno, mme Caroline o ne a kopanela le ene mo kgaisanong eno ka 2016.

 

Banyalani bano ba simolotse go tsenela kgaisano eno mmogo jaaka bagaisani ba ba nang le maitemogelo mo go yone ka 2017, mme ba ne ba dira go tlala seatla moo ba neng ba emela Aforikaborwa kwa dikgaisanong tsa bommampodi ba lefatshe lotlhe, mme ba fenya setlhopha se ba neng ba gaisana mo go sone.

 

Lenaane la dikgaisano tsa lefelo la bone

 

Bošeng jaana, ba ne ba tsenela kgaisano ya Bommampodi ba Mmarathone wa Gauteng. Mo setlhopheng sa ba dingwaga tsa gagwe, Kobus o ne a tsaya maemo a bobedi, a wetsa lebelo la 23km la matamo a le matlhano ka ura le metsotso e le 46. Caroline o ne a gapa maemo a ntlha mo go ba dingwaga tsa gagwe, mme ene a wetsa lebelo la 17.5km ka ura, le metsotso e le 42.

 

Lebelo leno e ne e le la ntlha la paka ya mabelo a ngwaga ono mme le ne le naya bafuduwamokoro tšhono ya go ikatisa le gore ba ipaakanyetse mabelo a magolo a a tlang, go akaretsa le la Liebenbergsvlei Canoe Marathon le le le thata la Fish River Canoe Marathon le le tlileng go tshwarwa ka Lwetse.  Monongwaga, Caroline o tlile go tsaya karolo mo lebelong la gagwe la ntlha la K2 le Kobus.

 

Ba ikatisetsa dikgaisano tsa mo metsing

 

Fa banyalani bano ba bodiwa gore ba rulaganyetsa eng mo pakeng eno ya 2019, Kobus a re ba ipaakanyetsa kgaisano e e latelang ya bommampodi ba lefatshe ka 2020 kwa Norway.

 

Ba dumela gore ba e siametse jaanong ka gonne ba simolotse go ikatisa morago ga kgaisano ya bommampodi ya 2017, fa Caroline a ne a e tsenela lekgetlo la ntlha. “Fa re ka kgona go fenya ba setlhopha sa rona mme ra tswa maemo a botlhano ka kakaretso, a o ka akanya fela gore re ka kgona go fitlhelela eng morago ga ngwaga re ntse re ikatisa ka botlalo?” Kobus o botsa jalo.

 

Banyalani bano ba ikatisa gabedi ka letsatsi, malatsi a le marataro ka beke mme ke maloko a Tlelapa ya YBB ya Bafudwamokoro wa Watuni.

 

 

PHETLHOLELA KWA TLASE

bafenyi mo kgaisanong ya go fuduwa mokoro

KOBUS LE CAROLINE

PHETLHOLELA KWA TLASE