Lefapha la Batho le Setso

Lefapha la Batho le Setso

Mokaedikhuduthamaga:

Ngaka Mala Singh

 

Mokaedi wa Botsamaisi jwa Ditalente le Tlhabololo ya Setlamo: Prue Mohoto

 

Ditirelo tsa ditlelaente

Mokaedi: Leah Lakay (wa nakwana)

 

Mokaedi wa Nakwana wa Lefapha la Dikamano le Badiri le Pholo: Pulahela Mahoko (wa nakwana)

Lefapha la Tsamaiso

le Dituelo

Mokaedi: Navin Lalsab

 

E ka tswa e le go thusa mafapha go tlatsa diphatlhatiro, kgotsa go thusa badiri ka ditirelo tsa tshidilomaikutlo ka mathata a tlhaloganyo le a loago, lefapha la Batho le Setso le ikemisetse go thusa ka mekgwatiro ya maemo a a kwa godimo ya lefapha la tsa badiri.

 

Go sa le gale mo ngwageng ono, lefapha le ne la tlhoma Tšhata e ntšha ya Ditirelo e e seng pholisi fela mme e gape e leng tsholofetso e e bolelelang ditlelaente tsa yone maikemisetso a lefapha. E tlhalosa boikaelelo, maikemisetso le maitlhomo a lefapha sentle le gore e batla go direla batho tirelo ya boemo bofe.

 

Boikaelelo jwa lone ke go direla ba bangwe

 

Ga jaanong jaana Leah Lakay ke mokaedi wa nakwana wa Ditirelo tsa Ditlelaente, e leng “lefapha la konokono” le le amanang le ditirelo tsotlhe tsa lefapha la tsa badiri.

 

Ditirelo tseno di akaretsa go tlhomiwa mo maemong a tiro, botsamaisi jwa go lekwa pele ga bokgoni jwa tiro, ditsamaiso tsa go khutlisiwa ga ditiro, botsamaisi jwa go dirwa ga tiro le mesola ya teng (ka sekai, bogole mo go tsa kalafi). Gape ba leka go tlhomamisa gore dipholo tsa go lekwa ga boleng jwa tiro le dithotloetso di tsenngwa tirisong.

 

Ditiro tseno di dirwa go tswa kwa dikhamphaseng tsotlhe tse tharo, tse kwa go tsone badiri ba abelwang go dira mo mafapheng le mo magorong a kemonokeng.

 

 

Pholo ke khumo

 

Lefapha la Dikamano le Badiri le Pholo le eteletswe pele ke mokaedi wa nakwana e leng Pulahela Mahoko.

 

Karolo eno e na le Lenaane la Thuso ya Badiri le le thusang badiri le ba malapa a bone ka ditirelo tsa tshidilomaikutlo ka mathata a tlhaloganyo le a loago. Ditirelo tseno di tsepa mogopolo mo go tlhaoleng, go thibela le go rarabolola matshwenyego a botho a a jaaka manokonoko a se se diragaletseng motho, loso le mathata a tsa ditšhelete, e leng mathata a a ka amang go nna le matswela ga modiri mo tirong.

 

Lefapha la Dikamano le Badiri le Pholo le lone le rulaganya mananeo a mo teng ga lefapha, a go buisana le motho a le mongwe go lebanwe difatlhego kgotsa go buisana le setlhopha go rarabolola dikgotlhang. Mathata a lefapha le dirang ka one a akaretsa dikgotlhang, dikgang tsa mo teng ga lefapha tsa dikgatokgalemo, CCMA le dikgetse tsa Kgotlatshekelo ya Badiri. Ka fa tlase ga tiro eno, gape go tshwarwa ditherisano tsa ngwaga le ngwaga tsa go fetolwa ga ditshenyegelo tsa botshelo mo setheong.

 

YBB e na le talente

 

Lefapha la Botsamaisi jwa Ditalente le Tlhabololo ya Setlamo, le le eteletsweng pele ke Prue Mohoto, le tsepile mogopolo mo go direng dithotloetso, botsamaisi jwa tiro, tekatekano mo tirong, bogole le tshekatsheko ya boleng jwa tiro.

 

Lefapha leno gape le ikarabela ka go katisa badiri mo teng ga setheo le ka kwa ntle ga setheo le ka lenaneo la go tlwaetsa badiri ba baša mafulo mo tirong.

 

Dithotloetso gore go nne le diphitlhelelo

 

Ditirelo tsotlhe tse di nang le tuelo le tse di nang le ditshiamelo tse di bonwang ke badiri di okametswe ke mokaedi Navin Lalsab le setlhopha sa gagwe kwa lefapheng la Tsamaiso le Dituelo.

 

Seno se akaretsa tsamaiso ya go tlhomiwa mo maemong a tiro, go khutlisiwa ga ditirelo, tshedimosetso ka botshelo jwa modiri le go tsenya dithotloetso tirisong.

 

Tshedimosetso ke selo sa botlhokwa

 

Lefapha la Ditsamaiso ka Tshedimosetso ka ga Badiri le tlamela ka dipego tsa tshedimosetso e e tlhabolotsweng le go katisa badiri go dirisa Oracle.

 

Jaaka fa o bona, lefapha la Batho le Setso le fetofetoga go ya ka maemo, le dirisa dilo ka thulaganyo le ka mokgwa wa seporofešenale, mme mo godimo ga tsotlhe, le ikemiseditse go direla ba bangwe.

LEFAPHA LA BATHO LE
SETSO

 LE IKEMISEDITSE GO THUSA

DITHULAGANYO TSA TSHEDIMOSETSO YA METSWEDITHUSO YA BATHO

GO ITHUTA & TLHABOLOLO

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE