JABULILE YO MMOTLANA

  O AMA SETŠHABA KA TSELA E E SIAMENG

Fa a ne a le dingwaga di le 31 fela, motlhatlheledi wa kgwebo ya boditšhabatšhaba e leng Ngaka Jabulile Makhalima o tlhomela botlhe sekao se se siameng mo dithutong tsa ikonomi.

Jabulile o itsaya senepe le motshwaramananeo wa TV e leng Khanyi Dhlomo (ka fa molemeng) kwa moletlong wa diawate tsa Power of 40 wa makasini wa Destiny.

The princess at the ball

Moakatemi yono kwa khamphaseng ya YBB kwa Vanderbijlpark ga a tla ka dikgopolo tse di ntšha fela mo serutweng seno, mme gape o rotloetsa kokomana e e tlang ya basadi ba ba botlana mo Aforikaborwa.

 

Boikemisetso jwa ga Jabulile le go kgotlhelela ga gagwe go ne ga dira gore a gole jaaka mmatlisisi yo mmotlana mo dithutong tsa gagwe tsa ikonomi mme seno se dirile gore a iponele boemo jo bo mo tshwanelang le jo bo tumileng jwa maemo a a kwa godimo mo lenaaneng la Power of 40 la makasining wa Destiny ka 2017.

 

Mo letsholong la ngwaga le ngwaga la Power of 40 basadi ba ba nang le bokgoni le ba ba gagamalelang mekgele e e kwa godimo – botlhe ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 40 –  ba ne ba tlhophiwa mo ditlhopheng tse di farologaneng jaaka batlhomasekao le baemedi ba ba nonotshang basadi.

 

Basadi ba ba mo lenaaneng ba tswa mo ditirong tsa mefuta e e farologaneng e bile lenaane la 2017 le ne le na le batho ba tshwana le Caster Semenya (Mofenyi wa mmentlele wa gauta wa diolimpiki), Samba Yonga (motlhami-mmogo wa Musiamo wa Hisitori ya Basadi kwa Zambia), Ngaka Shakira Choonara (motlhankedi wa babueledi ba kgaolo wa Terasete ya AIDS mo dinageng tse di ka fa Borwa jwa Aforika), Nicki van’t Riet (ramolao wa ditshwanelo tsa baagi) le Nthabeleng Likotsi (modulasetulo-khuduthamaga le motlhami wa Women in Business Network).

 

Fa a tlhophiwa

 

Jabulile ke moalogi wa PhD yo mmotlana wa YBB mo dithutong tsa ikonomi, o ithutetse gerata ya bongaka ka 2016 a le dingwaga di le 30. Leno ke lone lebaka la go bo a ile a tlhophiwa gore a tsenngwe mo lenaaneng la Power of 40, mme seno "e ne e le tlotla e kgolo le maitemogelo a a itumedisang fela thata mo go ene".

 

"E re ka e le lekgarebe le le botlana go tswa kwa lekeišeneng la Vereeniging, go ne go ise go nne le ope teng yo o kileng a fitlhelela se a se fitlheletseng," go bolela jalo Jabulile, a oketsa ka gore sa ntlha, o ne a sa itebe e le motlhomasekao. "Fa letsholo le ntse le tswelela, ke ne ka amogela melaetsa e mentsintsi ya kemonokeng le dikeleletso tse di molemo mme ka lemoga gore se ke se dirang se ama ka tsela e e siameng botlhe ba ba ntikologileng. Ke ne ka sala ke sena mafoko fa ke sena go lemoga seo."

 

A re batlhomasekao ba basadi ba botlhokwa mo go direng gore basetsana ba ba botlana ba nne le seriti mme, ka letsholo la  Power of 40, o rotloetsega go tlhotlheletsa basadi ba ba botlana go kgotlhelela le go ipeela mekgele e e kwa godimo.

 

Fa a bodiwa gore batlhomasekao ba gagwe ke bomang, Jabulile o ne a umaka moeteledipele wa gagwe wa thuto le modiri-ka-ene wa nako e e fetileng, e leng Ngaka Brendah Sekatane. “Brendah o fitlheletse go le gontsi mo botshelong jwa gagwe – o kgonne go gwetlha maemo le go fitlhelela mokgele wa go nna mankge yo o nang le kitso mo lefelong le go dirang banna ba le bantsi thata mo go lone,” Jabulile o tlhalosa jalo.

 

>

BUISA GO FETA

>