>

BUISA GO FETA

>

diphologolo bo

kitlanya baagi

Bookelo jwa -

Bookelo jwa Tlhokomelo ya Diphologolo jwa Dale Beighle jwa YBB mo khamphaseng ya Mahikeng bo kitlanya baagi ka ditirelo tsa jone tse di kgethegileng tsa kalafi le ka matsholo a a dirwang mo gare ga baagi.

Ditirelo tse bookelo bo di direlang baagi mo Mahikeng di akaretsa go enta diruiwa tsa mo gae le mananeo a go di fagola, X-ray le mafelo a diteko tsa madi le melemo ya kalafi ya diphologolo tsa kwa dipolasing le go sekaseka gore a di siametse go fagolwa, go bolela jalo Mop Mulunda Mwanza.

 

Mulunda ke moeteledipele wa Senthara ya Dale Beighle  ya Dipatlisiso ka Pholo ya Diphologolo kwa YBB e go tlhomilweng bookelo jwa tlhokomelo ya diphologolo mo go yone. (Senthara eno ke lefelo la thuto le baithuti ba dikirii le ba dipoloma ba ithutang bokgoni jo bo mosola mo go lone jwa go nna dingaka tsa diphologolo).

 

Mo godimo ga ditirelo tse di farologaneng ka tsa kalafi tse di direlwang beng ba diphologolo, bao bontsi jwa bone e leng ba ba humanegileng, bookelo jwa diphologolo bo nna seoposengwe le badirisani mmogo ba ba jaaka SPCA ya lefelo le bo leng mo go lone mo go tlameleng ka ditirelo tse di botlhokwa tsa kalafi tsa tlhwatlhwatlase tse di jaaka meento le go tlosa dibokwana mo diphologolong mo mafelong a a mo Mahikeng.

 

Bookelo bo na le badiri ba le 10 ba e leng dingaka tsa diphologolo le bategeniki ba le 15 ba pholo ya diphologolo.

 

Mulunda a re bategeniki ba pholo ya diphologolo le setlhopha sa dingaka tsa diphologolo botlhe ba a tshwanelega e bile ba ikemiseditse go dira gore tlhatlhoba ya diphologolo tsotlhe e nne e e se nang matsapa ka gope.

 

"Selekanyo sa kitso le maitemogelo a setlhopha seno, mmogo le didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo le mafelo a go direlwang mo go one, di go tlhomamisetsa gore o tla direlwa tirelo ya boleng jo bo kwa godimo le go newa tlhokomelo," o oketsa jalo.

 

Go thusa baagi ba ba leng kwa mafelong a a kwa ntle, tliliniki e na le emelense e e nang le didirisiwa tsa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo, tse di thusang dingaka tsa diphologolo go dira dikaro tse di potlana mo diphologolong tse di lwalang tse di tlhokang kalafi ya maemo a tshoganyetso.

 

 

 

 

Baithuti ba tlhwaetse Rre Thato Morwane tsebe, motegeniki yo mogolo wa pholo ya diphologolo

kwa Senthareng ya Pholo ya Diphologolo mo khamphaseng ya rona ya Mahikeng.