>

BUISA GO FETA

>

ba ntsha ga tshwene

Ga go motlhofo go boloka tekatekano fa gare ga go nna moithuti le go fitlhelela go le gontsi mo metshamekong.

 

Mme gone go ka kgonega. Moakgedi wa bolo ya tshipi ya diatleletiki wa YBB e leng Alan Cumming (21), motsayakarolo wa judo* Chante-Louise Labuschagne (20) le mmamabole Onalenna Tsae (25) ba bontshitse gore go ka kgonega go dira sentle mo dithutong tsa akatemi le go ntsha ga tshwene mo metshamekong.

Alan o ikaeletse go nna mmampodi wa go akgela bolo ya tshipi ya diatleletiki kgakala kwa Dikgaisanong tsa Kgwereanoditšhaba tsa 2018, tse di tlileng go tshwarelwa kwa Australia’s Gold Coast go simolola ka di 4 go fitlha ka di 15 tsa Moranang. Moithuti wa ngwaga wa bofelo wa BEd kwa Vanderbijlpark, e leng Alan o nonofile sentle mme sekgala sa 69,14 m se a neng a kgona go akgela bolo ya tshipi ya diatleletiki kgakala ka sone mo ngwageng o o fetileng se ne sa dira gore a tshwanelegele dikgaisano tsa kwa Australia.

Jaaka maloko a setlhopha sa diatleletiki sa YBB, ene le setlhopha sa gagwe kwa Vanderbijlpark ba katisiwa ke Basie Koen kwa Sasolburg Technical High School Hammer Throw Academy. Go ya ka Alan, yo o simolotseng go tsaya karolo mo motshamekong ono a le mo Mophatong 9, motho o tshwanetse go dira ka natla tota, go ikatisa gantsi thata kwa jiming le go akgela bolo eo gantsi thata gore a atlege mo motshamekong ono. Ga jaanong jaana o akgela bolo ya tshipi ya bokete jwa 7,26kg. Alan o lebile pele kwa Dikgaisanong tsa Kgwereanoditšhaba mme a re sephiri sa go atlega ke go se iteege tsebe. "Ke tshwanetse go tokafatsa tatlhelo nngwe le nngwe e ke e dirang," o konela jalo.

 

BA IPAAKANYEDITSE DIKGAISANO

TSA KGWEREANO- DITŠHABA

 

 

Moakgedi wa bolo ya tshipi ya diatleletiki Alan Cumming o ipaakanyeditse go ya Dikgaisanong tsa XXI tsa Kgwereanoditšhaba.

 

 

 

 

 

Buisa go feta

Chante-Louise yo o nang le maitemogelo a dingwaga di le 13 a ithuta judo, o fitlheletse go le gontsi mo motshamekong ono. Moithuti yono wa ngwaga wa bobedi wa BEd kwa Potchefstroom o simolotse judo a le dingwaga di le supa fela. Malomaagwe e leng Anton Labuschagne, yo gape e leng mokatisi wa gagwe, ke ene a mo ratisitseng motshameko ono. O tswa kwa toropong nngwe e nnye kwa Foreisetata. Motshameko wa gagwe o mo tsamaisitse dinaga di le 13 mme o ikgapetse dimmentlele tse dintsi. Chante-Louise  a re phitlhelelo ya gagwe e kgolo go di gaisa tsotlhe e ne e le go fitlha kwa makgaolakgannyeng gararo mo Dikgaisanong tsa bo Mmampodi-Potlana di le nne tsa Aforika. "Ke amogetse dimmentlele di le pedi tsa boronse le e le nngwe ya selefera, mme mokgele wa me o o latelang ke go tla gae ka mmentlele wa gauta go tswa kwa Dikgaisanong tsa bo Mmampodi-Potlana tsa Aforika tsa ngwaga ono," o bolela jalo. Mo dingwageng di le tlhano tse di latelang, o ipona a tla bo a fitlhile kwa mankalengkaleng mo metshameko ya gagwe e bile o tla bo a le mokatisi wa dikgantshwane tse di santseng di fatlhoga tsa metshameko.

**Judo ke motshameko wa ntwa e e seng ya dibetsa e e tserweng mo ju-jitsu e boikaelelo jwa yone e leng go katisa mmele le tlhaloganyo.

MAMPODI YO O LATELANG WA AFORIKA?

 

 

 

Anton Labuschagne, malomaagwe motsayakarolo mo motshamekong wa judo e leng Chante-Louise Labuschagne, gape ke mokatisi wa gagwe.

 

 

 

 

 

Buisa go feta

Motshameko wa mabole e santse e le motshameko wa banna ka bontsi mme Onalenna –  wa khamphase ya rona ya Mahikeng – o na le mokgele wa go nna mmamabole wa seporofešenale, morotloetsi wa motshameko wa mabole le molaola motshameko wa mabole. Dipalopalo di bontsha gore moithuti yono wa masetase o simolotse mokgele wa go nna mmamabole ka 2011 mo motshamekong o a neng a tswa maleka mo go one kwa Yunibesiting ya Witwatersrand. Ka 2014 o ne a simolola go tsaya karolo mo dikgaisanong di le dintsinyana tsa University Sports South Africa (USSA), le mo dikgaisanong tsa porofense le tsa bosetšhaba.

Mo ngwageng o o fetileng, o ne a newa mmentlele wa selefera wa go nna Moithaopi wa Ngwaga wa Metshameko kwa Diawateng tsa Metshameko tsa 2017 kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima. Onalenna a re o tsaya malebela mo molaoleng motshameko wa boditšhabatšhaba wa mabole wa mosadi yo gape e leng moatlhodi mo motshamekong ono, e leng Sylvia Makaila, e bile o batla go latelela sekao sa gagwe.

 

 

ONALENNA

O BATLA GO NNA MOPORO-

FEŠENALE

 

 

Onalenna Tsae o batla go nna mmamabole wa seporofešenale, morotloetsi wa motshameko wa mabole le molaodi wa one.

 

 

 

 

 

Buisa go feta

YBB e lebile pele go keteka dikatlego tse di latelang tse di ntšha tsa ga Onalenna, Alan le Chante-Louise.