>

BUISA GO FETA

>

Daleen ke setswerere sa bokgoni jwa go tlhama

Daleen Claasens yo o nang le talente ya go bopa ka letsopa gape o rata go taka ditshwantsho.

Fa Daleen Claasens a ne a lalediwa ke tsala ya gagwe go ya kwa tlelaseng ya go bopa dilo tsa letsopa, o ne a sa itse gore o ne a tlile go rata tiro eno fela thata.

Daleen o betla ka letsopa mo boemong jwa go dirisa "leotwana le le dikologang".

Talente ya gagwe ya go bopa dilo tsa letsopa e ne ya tsoga a le mo setudiong sa mmopi yo o itsegeng wa dilo tsa letsopa e leng Digby Hoets, mme gompieno jaana o kgabisitse ka dilo tse dintle tsa seramiki mo ofising ya gagwe  mo Kagong 7 mo khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

"Ke ne ka lemoga gore ke ne ke bulegetswe ke tšhono e e gakgamatsang fa ke goroga kwa tlelaseng ya ga Digby.  Re ne ra dira mo setudiong sa mabonomantle mme ra ithuta go le gontsi mo monneng yono yo o nang le kitso e e gakgamatsang ya diatshe," o gakologelwa jalo. Digby Hoets o ntse a ruta thuto ya go bopa ka letsopa fa e sa le ka 1973 mme a ka bidiwa mankge yo o bopang ka letsopa.  Kgaitsadie, Leslie-Ann Hoets, o na le setudio kwa Sedgefield, kwa Kapa Bophirima mme mogolowe, Garth Hoets, o dira kwa Hilton, kwa KwaZulu-Natal.

 

Lerato la gagwe ga le fele

 

Fa tiro ya ga Daleen e ne e dira gore a feleletse a le kwa Khutlotharong ya Lekwa –  kwa a direlang gone jaaka mothusimogolo wa ga Mop Susan Coetzee-Van Rooy, modinimogolo wa nakwana wa Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho – o ne a tshwanelwa ke go tlogela tiro e a e ratang ya go bopa dilo tsa letsopa dingwaga di le tharo.  Le fa go ntse jalo,  ga a ise a ke a felelwe ke lerato leno, mme moragonyana o ne a kopana gape le Digby yo o neng a mo dumelela go dira mo setudiong sa gagwe gangwe ka kgwedi gore a apeye dilwana tse a di bopileng ka letsopa.  Fa Daleen a ntse a bopa dilo ka mmopa mo boemong jwa go dirisa "leotwana le le dikologang", gape o ne a kgona go ya ka letsopa kwa gae gore a fitlhe a tswelele pele ka tiro e a e ratang thata ya go bopa.

 

Bokgoni jwa gagwe jwa go bopa ga bo a lekanyediwa

 

Ditalente tsa ga Daleen ga di amane fela le tiro ya go bopa ka letsopa; gape o roka diapesa-bolao tse dikima, o roka le go dira diaparo, o rokile le mosese wa lenyalo la ga morwadie.  Bokgoni jwa gagwe jwa go tlhama bo akaretsa go kgabisa dikuku le go di tsenya mmala.

 

O sa ntse a kgona go bona nako ya go dira dilo tsa go itlosa bodutu. "Ke tshwanetse go dumela gore mme gape ke motho yo o sa kgoneng go kgaogana le buka," o bolela jalo a tshega.

 

Go rata ga gagwe go bopa dilo tsa letsopa go ne ga fetela mo go morwadie, e leng Nina, yo o neng a tsena Pro-Arte Alphen Park High School kwa Pretoria.  Le fa go ntse jalo, bokgoni jwa ga Nina bo bontsi thata mo diatsheng, segolobogolo mo go opeleng le go tshameka diterama. "Gompieno jaana ke mmueledi kwa Melbourne, kwa Australia," go bolela jalo Daleen. "Re mo etela bobotlana gangwe ka ngwaga mme ga jaanong jaana re dira tiro ya go loga mmogo ka inthanete."

 

O medile metswe

 

Le fa a simolotse go dira mo khamphaseng go simolola ka 2009, Daleen o medile metswe mo YBB.  Ke moithuti wa nako e e fetileng wa khamphase ya YBB kwa Potchefstroom koo a simolotseng e le moithuti wa Dipuo tsa BA ka 1979.  Rraagwe, e leng Moswi Mop Josef Henning, e ne e le mankge wa disaense tsa sepolotiki tsa YBB mme mmaagwe –  yo le ene a alogileng mo YBB - ke morutabana yo o rotseng tiro morago ga dingwaga di le dintsi a direla Jiminesiamo ya Potchefstroom.

 

Daleen o saletswe ke go dirang? Go betla ka logong! Monna wa ga Daleen, e leng Willem, o na le didirisiwa tsotlhe le metšhini e e tlhokegang, e bile a ka kgona go mo ruta. Mme ga se gone gotlhe; gape a ka rata go dira ka selefera gore a dire dibenyane.

 

Ga go ope yo o ka kgonang go bolelela isagwe pele, mme motho o a itse gore ya ga Daleen yone e tlile go tlala ka bokgoni jwa go tlhama.

 

 

Ditalente tsa ga Daleen Claasens ga se tsa diatshe fela –  gape o na le bokgoni jwa go kgabisa ditafole.

Fano o kwa modirong wa YBB o a neng a neilwe tiro ya go kgabisa ditafole kwa go one.