>

BUISA GO FETA

>

Dibuka di tlhalosa go kopanngwa ka katlego ga YBB

Bošeng jaana go ne ga gatisiwa hisitori e e kgatlhang ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ga bo ga kwalwa le ka seabe sa batho ba yone ba ba tlhomologileng.

Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri,
o akgola Mop Piet Prinsloo le Cornia Pretorius.

Bakwadi ba tsone ke Cornia Pretorius le Mop Piet Prinsloo, yo dibuka tsa gagwe tse di farologanang thata le tsa ba bangwe mme e le tse di tsamaisanang sentle le tsone di abang tshedimosetso e e botlhokwa e bile e le tse di gapang mogopolo ka ga gore YBB e tlhamilwe jang.

 

Cornia o ne a kwala buka ya setlhogo se se reng Forging Unity: Kgang ya dingwaga tsa ntlha di le some tsa  Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le Mop Piet go ne ga kwala jalo North-West University (NWU): Kgang ya go kopanngwa ga tsone le go nna seoposengwe ga tsone,  2004 – 2014. Dibuka tseno ka bobedi di ne tsa gololwa ka kgwedi ya Sedimonthole kwa legaeng la ga motlatsa-mokanseliri kwa Potchefstroom.

 

Di ne di kwadilwe jaaka porojeke e e neng ya laelwa ke ofisi ya motlatsa-mokanseliri wa YBB, Mop Dan Kgwadi.

 

Bakwadi ba kwadile diteng tsa tsone ba sa thusiwa ke ope. Dibuka tseno di akaretsa lobaka lo lo tshwanang lwa nako, mme di bua ka dilo tse di sa tshwaneng.

 

Hisitori ya ditokomane tsa moreketoro wa pele

 

Piet ke moreketoro wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya YBB gape ke moporofesa wa hisitoriPiet ke moreketoro wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya YBB gape ke moporofesa wa hisitori.

 

Buka ya gagwe ke tokomane ya semmuso ya hisitori ya YBB. E bua ka tsela e YBB e neng ya rulaganngwa ka yone fa go ne go fetolwa

 maemo a thutogodimo le ka fa yunibesiti eno e neng e sa tshwane le tse dingwe ka gone.

 

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB): Kgang ya go kopanngwa le go nna seoposengwe ga yone, 2004 – 2014 e ne ya gatisiwa e le khopi ya eleketeroniki. E tshwanetse go buisiwa e bapisitswe le buka ya ga Cornia.

 

Buka ya ga Piet e ka bonwa mahala ka go tobetsa fano.

 

Pego ka dipalopalo tse di botlhokwa

 

Thotloetso ya go Nna Seoposengwe: Kgang ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ya dingwaga tsa ntlha di le lesome ke hisitori e e rategang kgotsa ya bobegadikgang ya batho ba YBB le ka fa ba neng ba galefisiwa ka gone ke thulaganyo ya go kopanngwa mmogo ga YBB.

 

Cornia ke motlhatlheledi kwa YBB e bile o kile a bo a le mmegadikgang wa Sunday Times, Mail & Guardian le Beeld. Gape buka ya gagwe e bua ka ditiragalo tse dikgolo tse di neng tsa dira gore Motlatsa-Mokanseliri wa pele, e leng Ngaka Theuns Eloff a feleletse a tsamaile.

 

Go na le kgatiso ya eleketeroniki ya buka eno le e e seng ya eleketeroniki. Ya eleketeroniki e ka bonwa mo http://hdl.handle.net/10394/26089. Ikgolaganye le ofisi ya motlatsa-mokanseliri mo nomoreng ya 018 285 3002 go bona e e gatisitsweng, mme e ja R250 (e akareditse le VAT).

 

O ka bona tšhono ya go bona buka ya ga Mop Piet mahala fa o ka tobetsa fa.

Buka ya ga Cornia e ka bonwa e gatisitswe le ka seeleketeroniki. Tobetsa fa go e bona.